Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo ke Sa Keteke Halowine

Lebaka La go Bo ke Sa Keteke Halowine

Lebaka La go Bo ke Sa Keteke Halowine

NGOGOLA, fa baagisani ba ga Michael wa dingwaga di le 14 wa kwa Canada ba ne ba tshwaregile ka go baakanyetsa Halowine—letsatsi le mo dinageng dingwe e leng letsatsi le le tumileng la boikhutso le le ketekiwang ngwaga le ngwaga le le tsamaisanang thata le dilo tsa bodimona—ene o ne a akantse ka go dira sengwe se sele. Mo tlhamong e a neng a e kwalela sekolo sa gagwe, Michael o ne a kwala jaana:

‘Jono ke bosigo jwa pele ga go ketekiwa Halowine. Fa ke leba kwa ntle ka fensetere ya me, ke bona bojang jwa baagisani bo kgabisitswe ka matlapa a mabitla le ka marapo le ka maphutshe a a gabilweng ka fa gare a bo a dirwa gore a tshwane le sefatlhego sa motho ka fa ntle go bo go tsenngwa kerese ka fa teng e e tukang a beilwe mo difensetereng. Batsadi ba baakanya diaparo tsa bana ba bone; bana ba lora ka gore ke dimonamone di le kae tse ba tla di fiwang ka moso.

‘Lelapa la gaetsho lone le farologane le a mangwe. Bojang jwa rona ga bo a kgabisiwa, e bile difensetere tsa rona ga di a tshubiwa ka mabone ano. Batho ba mpotsa gore ke eng fa ke sa keteke Halowine. Totatota, Basupi ba ga Jehofa ga ba e keteke ka ntlha ya kwa e simologileng teng. *

‘Se se gakgamatsang, ke gore ke rata nako ya Halowine. O ka botsa gore “Ka ntlha yang?” Ka gonne e dira gore ke akanye. E dira gore ke akanye ka lebaka la go bo ke tlhopha go sa dire dilo dingwe. Mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go itlhatlhobela ka boene gore a go botlhokwa go akanyetsa tshimologo ya tlwaelo nngwe. Ke akanya gore go botlhokwa go akanyetsa kgang ya tshimologo ya sengwe. Ka sekai, batho ba le bantsi ba ne ba ka galefa fa ba ka bona baagisani ba bone ba apere jaaka Banasi. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya tshimologo ya diaparo tsa Banasi le se di se emelang—e leng dilo tse di kgopisang batho ba le bantsi. Ke fitlhetse dilo tse di amanang le diabolo, meya e e bosula, le baloi, di nkgopisa e bile ga ke batle go golaganngwa le tsone. Go molemo go akanya ka ditshwetso tse re di dirang le ka mabaka a go bo re di dira le gore re dire ditshwetso tse di theilweng mo molaong go na le gore re dire ditshwetso tse di theilweng mo go se se tumileng. Ke ka moo ke ratang nako eno ya ngwaga. Ke motlotlo go nna yo o sa tshwaneng le ba bangwe e bile ke motlotlo go emela se ke se dumelang.’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tsogang!, ya October 8, 2001, ditsebe 19-22.