Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thelebishene—A ke Legodu la Nako?

Thelebishene—A ke Legodu la Nako?

Thelebishene—A ke Legodu la Nako?

FA MONGWE a ka go naya diranta di le milione gore o tlogele go lebelela thelebishene, a o ne o ka tlogela go e lebelela? Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng patlisiso e e neng ya dirwa mo Baamerikeng e bontshitse gore motho a le mongwe mo go ba le banè o ne a bolela gore o ne a ka se tlogele go lebelela thelebishene. Mo patlisisong e nngwe go ne ga bodiwa banna gore ke eng se ba se batlang thata. Bontsi jwa bone bo ne jwa bolela gore bo eletsa kagiso le boitumelo. Mme le fa go ntse jalo, tseno di ne tsa nna tsa bobedi mo lenaaneng la dilo tse ba di eletsang thata. Se ba neng ba se batla pele mo botshelong e ne e le sekirini se segolo sa thelebishene!

Thelebishene e ratega thata lefatshe ka bophara. Morago kwa ka 1931, fa thelebishene e sa ntse e simologa, modulasetilo wa Radio Corporation of America o ne a re: “Fa thelebishene e setse e tlhabolotswe go a utlwala go lebelela gore e tla bo e bogelwa ke batho botlhe mo lefatsheng.” Mafoko ano a ka tswa a ne a utlwala e kete a feteleditswe ka nako eo, mme ga a utlwale jalo gompieno. Palo ya dithelebishene mo lefatsheng e lekanyediwa go dibilione di le 1,5, mme go na le babogedi ba le bantsi ba ba e lebelelang. O rata kana o sa rate, thelebishene e na le seabe se segolo mo matshelong a batho.

Nako e batho ba le bantsi ba e dirisetsang go lebelela thelebishene e a gakgamatsa. Bosheng jaana, dipatlisiso tse di neng tsa dirwa lefatshe lotlhe di bontsha gore, ka kakaretso, batho ba dirisa diura tse di fetang tse tharo ba lebile thelebishene letsatsi le letsatsi. Batho ba kwa Amerika Bokone ba dirisa diura di le nnè le halofo letsatsi le letsatsi ba lebile thelebishene, fa Bajapane bone ba le kwa godimo ka gonne bone ba dirisa diura di le tlhano letsatsi le letsatsi ba lebile thelebishene. Diura tseno di dintsi fa di kopanngwa. Fa re lebelela thelebishene diura di le nnè letsatsi le letsatsi, e tla re fa re le dingwaga di le 60, re tla bo re dirisitse dingwaga di le lesome re lebelela thelebishene. Mme gone, ga go ope wa rona yo o ka ratang gore go kwalwe jaana mo lebitleng la gagwe: “Fano go robetse tsala ya rona, yo o neng a dirisa nngwe thatarong ya nako ya botshelo jwa gagwe a lebeletse thelebishene.”

A batho ba senya diura tse dintsi jalo ba lebeletse thelebishene ka go bo ba itumelela go dirisa nako ya bone jalo? Ga se ka dinako tsotlhe go leng jalo. Ba le bantsi ba dumela gore ba dirisitse diura di le dintsi ba lebeletse thelebishene ba bo ba ikutlwa molato go bo ba se kile ba dirisa nako ya bone ka tsela e e molemo. Bangwe ba re ba “tshwakgotswe” ke go lebelela thelebishene bobe. Gone mme, ga o ka ke wa tshwakgolwa ke thelebishene ka tsela e e tshwanang le ya fa motho a tshwakgolwa ke tiriso ya diokobatsi, le fa gone go na le mo go tshwanang teng. Batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba senya nako e ntsi mo seokobatsing se ba se dirisang. Le fa ba batla go fokotsa nako eno e ba e dirisang mo seokobatsing seo kgotsa ba batla go se tlogela, ga ba kgone. Ba itima nako ya go dira dilo tse di botlhokwa le ba bangwe le ba malapa a bone gore fela ba dirise diokobatsi, e bile ba a lwala fa ba sa di dirise. Matshwao ano otlhe a ka bonala le mo bathong ba ba lebelelang thelebishene thata.

“Go ja tswina e ntsi ya dinotshe ga go a siama,” go ne ga kwala jalo Kgosi e e botlhale Solomone. (Diane 25:27) Molaomotheo ono o a dira le mo ntlheng ya go lebelela thelebishene. Le fa gone thelebishene e na le melemo mengwe e mentsi, go e lebelela thata go ka ja nako e e ka bong e dirisediwa go nna le ba lelapa, e dira gore bana ba se ka ba kgona go bala sentle mme gape e kgoreletsa le tsela e ba dirang ka yone mo dithutong tsa bone, gape e baka bothata jwa go nona thata. Fa e le gore o dirisa nako e ntsi thata o lebelela thelebishene, go botlhale gore o akanyetse gore a e go solegela molemo ka tsela nngwe. Nako ya rona e botlhokwa thata gore re ka e senya. Gape go botlhale go akanya ka se re se lebelelang mo thelebisheneng. Re tla sekaseka kgang eno mo setlhogong se se latelang.