Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thelebishene—“Motlhatlheledi Yo o Sa Lemotshegeng”

Thelebishene—“Motlhatlheledi Yo o Sa Lemotshegeng”

Thelebishene—“Motlhatlheledi Yo o Sa Lemotshegeng”

THELEBISHENE e ka nna sedirisiwa se se maatla sa go ruta. Ka yone, re kgona go ithuta ka mafatshe a re ka nnang ra se ka ra kgona go ya kwa go one le ka batho ba go ka diregang gore re se ka ra kgona go ba etela. Re kgona go “etela” dikgwa tsa boboatsatsi le mafelo a a tsididi, go etela kwa ditlhoeng tsa dithaba le kwa botennyeng jwa lewatle. Re kgona go ithuta ka dilo tse di kgatlhang tsa diatomo le dinaledi. Re kgona go bona dikgang jaaka fa di direga mo karolong e nngwe ya lefatsheng. Re kgona go itse ka dipolotiki, ka hisitori, ka ditiragalo tsa bosheng, le ditso tse di farologaneng. Thelebishene e kgona go bontsha batho ba le mo matlhotlhapelong le fa ba le mo boitumelong. E re ntsha bodutu, e a re ruta, e bile e kgona go re tlhotlheletsa.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa mananeo a yone ga se a agang e bile ga se a a rutang ka metlha. Gongwe e bile batho ba ba e nyatsang thata ke ba ba lelang ka go bontshiwa ga thubakanyo le tlhakanelodikobo jaaka e ntse tse di tletseng mo thelebisheneng. Ka sekai, patlisiso nngwe kwa United States, e bontsha gore mo mananeong a a batlang a le 2 go tswa mo go a le 3 a thelebishene go na le ditshwantsho tse di bontshang thubakanyo, tse di dirang palogare ya di le thataro mo ureng nngwe le nngwe. Fa ngwana e nna mogolo, o tla bo a ile a leba ditiro tsa thubakanyo le dipolaano di le diketekete di bontshiwa mo thelebisheneng. Tlhakanelodikobo le yone e bontshiwa ka bontsi thata. Pedi tharong ya mananeo otlhe a thelebishene go buisanwa ka tlhakanelodikobo, mme diperesente di le 35 tsone di akaretsa boitshwaro jwa tlhakanelodikobo, jo gantsi bo bontshiwang bo se na dikotsi dipe e bile e le selo se se itiragaletseng fela mme e dirwa ke batho ba ba sa nyalanang. *

Mananeo a a bontshang tlhakanelodikobo le thubakanyo a batliwa thata lefatshe ka bophara. Dibaesekopo tsa kwa Amerika tse gantsi di nang le thubakanyo le tlhakanelodikobo, tse kgabagare di bontshiwang mo thelebisheneng, go nna bonolo gore di rekisediwe mafatshe a mangwe. Ga go tlhokege gore di bo di tshamekwa ke batho ba ba kgonang go diragatsa bontle kgotsa gore di bo di kwadilwe ka botlhale, e bile di tlhaloganngwa motlhofo. Di tshwanetse tsa bo di na le dintwa, dipolaano, medumo e e kgethegileng le tlhakanelodikobo gore di kgone go gapa babogedi. Le fa go ntse jalo, gore ba tle ba kgone go gapa babogedi ka lobaka lo loleele, go tlhokega gore ba nne ba dire diphetogo. Babogedi ba lapa ka bonako fa ba bona selo se le sengwe fela; se se neng se kgatlha se simolola go tlwaelega. Gore ba kgone go dira gore babogedi ba nne ba ntse ba kgatlhega, batlhagisi ba leka thata go dira gore ditshwantsho tsa bone di tshose le gore di kgatlhe thata, ba dira jalo ka go oketsa ditiro tsa thubakanyo le go dira gore ditshwantsho di bontshe tlhakanelodikobo jaaka e ntse, le gore di bontshe bosetlhogo jo bo feteletseng.

Kgang Malebana le Seabe se Thelebishene e Nang le Sone

Babogedi ba amiwa jang ke go nna ba bontshiwa thubakanyo le tlhakanelodikobo mo thelebisheneng ka metlha? Batshwayadiphoso ba tlhalosa gore thubakanyo e e mo thelebisheneng e dira gore batho ba nne bogale le gore ba se ka ba nna le kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba direlwang thubakanyo. Gape ba gatelela gore go bontshiwa ga tlhakanelodikobo go rotloetsa boitsholo jo bo maswe le gore go tlontlolola ditekanyetso tse di siameng tsa boitsholo.

A tota go lebelela thelebishene go ka dira gore motho a dire dilo tseno tsotlhe? Potso eno go ile ga nna ga tlotlwa thata ka yone ka masome a dingwaga; dipatlisiso di le makgolokgolo le dibuka di le diketekete le ditlhogo di le dintsi di ne tsa sekaseka kgang eno. Kgangkgolo mo ntlheng eno e ne e le go tshwanelwa ke go supa gore selo se sengwe se baka se sengwe—ka sekai, gore motho fa a lebelela thubakanyo mo thelebisheneng a le monnye e tla dira gore le fa a godile a nne dikgoka. Go supa gore go lebelela thubakanyo thata go ka tlhagisa matswela ano mo mothong ga go motlhofo ka dinako dingwe. Ka sekai: A re re o nwa molemo mongwe lekgetlho la ntlha, mme morago ga diura di le mmalwa o simolola go tswa diso mo mmeleng. Mo maemong ano, go motlhofo go lemoga gore ke molemo ono o go baketseng diso mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, go ka nna ga tsaya nako gore diso tseno di tlhagelele. Fa seno se direga, go ka se nne motlhofo go supa gore a diso tseno di bakilwe ke molemo ono kgotsa jang, e re ka go na le dilo di le dintsi tse di ka bakang diso.

Ka tsela e e tshwanang, go nnile thata go supa gore thubakanyo e e bontshiwang mo thelebisheneng ke yone e bakang bokebekwa le maitshwaro a bophologolo mo bathong. Dipatlisiso di le dintsi di bontsha gore dilo tse pedi tseno di a amana. Mo godimo ga moo, dikebekwa dingwe di boletse gore mekgwa ya tsone le maitshwaro a tsone a a nang le thubakanyo a ne a tlhotlhelediwa ke se ba neng ba se bona mo thelebisheneng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba tlhotlhelediwa ke dilo di le dintsi tse ba di bonang mo botshelong. Metshameko ya dibidio e e nang le thubakanyo, boitshwaro jwa ditsala le ba masika, maemo a botshelo ka kakaretso—tsotlhe tseno le tsone di ka nna le seabe mo go direng gore motho a nne bogale.

Ga go gakgamatse, he, go bo go na le dipono tse di ganetsanang ka kgang eno. Moithutatlhaloganyo wa kwa Canada o ne a kwala jaana: “Bosupi jwa saense ga bo bontshe gore go lebelela thubakanyo go dira gore batho ba rate thubakanyo kgotsa go dira gore e se tlhole e ba tshosa.” Le fa go ntse jalo, American Psychological Association Committee on Media and Society e ne ya re: “Ga go na pelaelo gore go lebelela thubakanyo thata mo thelebisheneng go amana thata le go amogela mekgwa ya bophologolo e batho ba e bontshang e bile go amana thata le go oketsega ga tšhakgalo.”

Akanya ka se Thelebishene E ka Se Dirang mo go Rona

Gakologelwa, baitseanape ba ganetsana ka bosupi—gore a go ka kgonega go ntsha bosupi jwa gore go lebelela thubakanyo go baka thubakanyo. Le fa go ntse jalo, ke batho ba le mmalwa fela, ba ba ka go bolelelang gore thelebishene ga e na tlhotlheletso mo go se re se akanyang le mo boitshwarong jwa rona. Akanya ka gone. Setshwantsho se le sengwe fela se ka dira gore re galefe, re lele, gape re itumele. Mmino le one o ama maikutlo a rona fela thata. Mafoko, le fa a kwadilwe, a ka dira gore re akanye, re nne le maikutlo a a rileng, le gore re dire sengwe. Akanya fela gore fa ditshwantsho tseno, le mmino, le mafoko di kopantswe tsotlhe ka botlhale di ka nna le tlhotlheletso e e kana kang! Ga go gakgamatse go bo thelebishene e gogela jaana! E bile go motlhofo tota go e bona. Mokwadi mongwe o bua jaana: “Fa e sa le motho a ithuta go tlhagisa dikgopolo la ntlha ka go di kwala fa fatshe, . . . morago ga moo ga go ise go nne le mokgwa ope o mosha wa go fetisa dikgopolo o o nnileng le tlhotlheletso e kanakana mo bathong.”

Batho ba dikgwebo ba dirisa dibilione tsa diranta ba bapatsa didirisiwa tsa bone ngwaga le ngwaga ka gonne ba itse gore babogedi ba tlhotlhelediwa ke se ba se bonang le se ba se utlwang. Ga ba dirise madi ano ka go bo ba akanya gore go bapatsa dino tsa bone go ka ba ungwela; ba a itse gore go tla ba ungwela. Go dira gore dino tseno tsa bone di kgone go rekwa., Ka 2004, Setlamo sa Coca-Cola se dirisitse dibilione di le 13,4 tsa diranta go bapatsa dino tsa bone lefatshe ka bophara ba dirisa dikgatiso, radio, le thelebishene. A seno se ne sa ba ungwela? Setlamo seno se nnile le dipoelo tsa diranta di le dibilione di le 134 mo ngwageng oo. Babapatsi ba a lemoga gore papatso e lengwe ga e ka ke ya tlhotlheletsa bareki. Go na le moo, ba ikaega ka gore dipapatso tsa bone di nne di ntse di boaboelediwa gantsintsi ka dingwaga di le dintsi gore batho ba di dumele.

Fa e le gore dipapatso tsa metsotswana e le 30 di tlhotlheletsa mekgwa ya rona le maitsholo a rona ka tsela eno, re ka tlhomamisega gore go lebelela thelebishene diura di le dintsi, le gone go tla re tlhotlheletsa. Mokwadi wa Television—An International History a re: “Le fa go ka tswa go bonala e kete thelebishene ke selonyana fela se se sa reng sepe se se tlosang bodutu, mme gone e dira jaaka motlhatlheledi yo o sa lemotshegeng.” Buka ya A Pictorial History of Television ya re: “Thelebishene e fetola tsela e re akanyang ka yone.” Potso e re tlhokang go ipotsa yone ke eno, ‘A se ke se lebelelang se ama tsela e ke akanyang ka yone ka tsela e ke batlang se e ama ka yone?’

Mo baobameding ba Modimo, potso eno e botlhokwa thata. Bontsi jwa se se bontshiwang mo thelebisheneng ga se tsamaisane le melaometheo le ditekanyetso tsa boitshwaro tse di rutiwang mo Baebeleng. Mekgwa ya botshelo le ditlwaelo tse di kgalwang ke Dikwalo di bontshiwa e le dilo tse di amogelesegang, tse di tlwaelegileng, gape e le tse di mo nakong. Mo godimo ga moo, ditekanyetso tsa Bokeresete le ba go bonalang ba di boloka gangwe le gape ba itlhokomolosiwa, ba a sotlwa, kgotsa ba a tshegwa mo thelebisheneng. Mokwadi mongwe o ne a tshwaela jaana: “Ga go a lekana gore se se sa tlwaelwang se tsewe jaaka se se tlwaetsweng. Se se tlwaelegileng se tshwanetse go tsewa jaaka se se sa tlwaelegang.” Gangwe le gape, motlhatlheledi yo o sa lemotshegeng yono o ntse a sebaseba a re: “Molemo ke bosula le bosula ke molemo.”—Isaia 5:20.

Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka se re se lebang mo thelebisheneng, ka gonne se tla ama megopolo ya rona. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Mokanoki wa Baebele e bong Adam Clarke o akgela jaana: “Go tsamaya le motho go kaya go mo rata le go tsalana thata le ene; mme ga go kgonege gore re se ka ra etsa ba re ba ratang. Mme ra re, ‘Mpontshe ditsala tsa gagwe, mme ke tla go bolelela gore ke motho wa mofuta mang.’ E re ke itse ditsala tsa gagwe gore ke bomang, mme go tla nna bonolo go go bolelela gore ke motho wa maitsholo a a ntseng jang.” Jaaka fa re setse re bone, batho ba le bantsi ba dirisa nako e ntsi ba lebeletse batho ba ba seng botlhale mo thelebisheneng, batho ba Mokeresete wa boammaaruri a neng a ka se lore go ba laletsa mo legaeng la gagwe.

Fa ngaka ya gago e ka go naya molemo mongwe o o bogale, gongwe o ne o tla sekaseka ka kelotlhoko melemo le dikotsi tsa go o nwa. Go nwa molemo o o sa tshwanelang—kgotsa go nwa molemo o montsi thata le fa tota o siame—go ka senya botsogo jwa gago. Go ka buiwa se se tshwanang le ka go lebelela thelebishene. Ka jalo, go botlhale go akanya ka masisi ka se re se lebelelang.

Moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng o ne a kgothaletsa Bakeresete go akanya ka dilo tse di boammaaruri, tse di tsewang masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, le tse di rategang, tse di buiwang molemo, tse dintle, le tse di tshwanelwang ke pako. (Bafilipi 4:6-8) A o tla tsaya tsia kgakololo eno? O tla itumela fa o dira jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Dipalopalo tsa kwa United States di a tshwana le tsa kwa dinageng tse dingwe, e re ka mananeo a thelebishene a kwa Amerika le dibaesekopo tsa teng di gasiwa lefatshe ka bophara.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Thelebishene ke selo se se dirang gore o nne o itumedisiwa ke batho ba o neng o ka se ba laletse mo ntlong ya gago.”—David Frost, mogasi wa kwa Boritane

[Lebokoso mo go tsebe 5]

GO TWENG KA TLHAKANELODIKOBO LE THUBAKANYO E E MO BAEBELENG?

Pharologanyo ke eng fa gare ga thubakanyo le tlhakanelodikobo tse di bontshiwang mo thelebisheneng le tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng? Dikgang tse di ka ga tlhakanelodikobo le thubakanyo tse di mo Baebeleng di kwaletswe gore di re rute, e seng gore di re ntshe bodutu. (Baroma 15:4) Lefoko la Modimo le bega ditiragalo tsa boammaaruri tsa hisitori. Le re thusa go tlhaloganya pono ya Modimo mo dilong dingwe gape le re thusa gore re ithute mo diphosong tsa ba bangwe.

Mo dinageng di le dintsi mo dipapatsong, fa go bontshiwa tlhakanelodikobo le thubakanyo mo thelebisheneng, ga se ka boikaelelo jwa go ruta—ke ka boikaelelo jwa go dira madi. Babapatsi ba batla go ngoka batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka gone, mme tlhakanelodikobo le thubakanyo di dira gore babogedi ba nne ba tlhomile matlho a bone mo dithelebisheneng tsa bone. Go tswa foo: Ba tla lebelela dipapatso tsa bone ba bo ba reka se se bapatswang. Babegi ba dikgang ba dirisa molaomotheo o o reng: “Fa e na le tshololo ya madi e ntsi, ke gone fa e tlile go ratwa.” Ka mafoko a mangwe, dikgang tse di tletseng thubakanyo e ntsi—tse di tletseng bokebekwa, matlhotlhapelo, le ntwa—ke tsone tse di newang tlhokomelo e ntsi go feta tse dingwe tse di sa ngokeng go le kalo.

Le mororo Baebele e tle e bue ka ditiro tsa thubakanyo, e kgothaletsa batho go tshela ka kagiso—gore ba se ka ba batla go ipusolosetsa mme ba baakanye mathata a bone ka kagiso. Ka metlha e buelela boitshwaro jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo. Ono ga se molaetsa o o tlhagelelang mo bontsing jwa dikgaso tse di bontshiwang mo thelebisheneng.—Isaia 2:2-4; 1 Bakorintha 13:4-8; Baefeso 4:32.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

THELEBISHENE LE BASHA

“Fa go lejwa bosupi jo bo ntseng bo koelana jwa dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo masomeng a le mmalwa a dingwaga, ba tsa saense le tsa boitekanelo jwa setšhaba ba fitlheletse tshwetso ya gore go lebelela thubakanyo go kotsi mo baneng.”—The Henry J. Kaiser Family Foundation.

“[Re dumalana le] ba American Academy of Pediatrics gore ‘bana ba dingwaga tse pedi le kwa tlase ga ba tshwanela go [lebelela thelebishene].’ Bana bano, ba boboko jwa bone bo sa ntseng bo gola le go bopega, ba tlhoka go tshameka le go nna le ditirisano tse dintsi le batho ba mmatota gore ba kgone go gola le go tokafatsa bokgoni jwa bone mo ditirisanong tsa bone le batho.”—The National Institute on Media and the Family.

[Setshwantsho mo go tsebe 6 7]

A se ke se lebelelang se ama tsela e ke akanyang ka yone ka tsela e ke batlang se e ama ka yone?