Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tower Bridge—Tsela ya go Tsena Kwa London

Tower Bridge—Tsela ya go Tsena Kwa London

Tower Bridge—Tsela ya go Tsena Kwa London

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

BATSWAKWA ba ba iseng ba ko ba ye kwa Engelane ba bo lemoga. Ngwaga le ngwaga baeti ba ba diketekete ba bo etela. Letsatsi le letsatsi baagi ba kwa London ba feta mo go jone, gongwe e bile le go akanya ba sa akanye gore go tlile jang gore bo nne teng. Tower Bridge ke lengwe la mafelo a a itsegeng thata mo London.

Tower Bridge ga se selo se le sengwe le London Bridge, mme e amana le Tower of London e e gaufi le yone. Ka 1872, Palamente ya Engelane e ne ya akanyetsa gore go agiwe borogo jo bo fetang mo godimo ga Noka ya Thames. Le fa gone mmusi wa London Tower a ne a gana, Palamente yone e ne ya swetsa ka go tswelela ka kgopolo eno ya go aga borogo jo bongwe jo bo kgabaganyang mo godimo ga noka eno, fa fela moago wa jone o ne o tla tsamaisana le wa London Tower. Tower Bridge e e leng teng gompieno e ile ya agiwa fa puso e sena go tla ka kakantsho eno.

Ka lekgolo la bo18 le la bo19 la dingwaga, go ile ga agiwa marogo a mantsi a a neng a tshwaraganya dintshi tsa noka ya Thames, mme borogo jo bo tumileng thata e ne e le jwa Old London Bridge. Ka 1750, borogo joo jo bo neng bo feta mo nokeng bo ne bo reketla e bile bo ne bo pitlagane mo go neng go sa tsamaege bonolo mo go jone. Kafa tlase ga jone go ne go na le dikepe tse di tswang go ralala lefatshe tse di kgaratlhelang go bona fa di ka emang gone mo boemakepeng jo bo kgotlhaganeng joo. Ka nako eo, dikepe di ne di tle di tlale thata jaana mo e leng gore go ne go twe o ne o ka kgona go tsamaya dikilometara di le dintsi o tsamaya mo gare ga dikepe tse di emeng foo.

Ka tlhotlheletso ya Puso ya London, motlhami wa dipolane e bong Horace Jones o ne a akantsha gore go agiwe borogo jo bo bulegang le go tswalega jwa mokgwa wa Se-Goth jo bo neng bo ya ntlheng e sele go fapaana le London Bridge. Bo ne bo tla thusa gore dikepe tse di ralalang noka ya Thames kwa ntlheng ya bophirima di fete sentle go ya kwa boemakepeng. Mokgwa ono o ne o akaretsa se batho ba le bantsi ba neng ba re ke moago o mosha.

Moago o o Tlhomologileng

Jones o ne a etetse mafelo a le mantsi thata, mme marogo a mannye a a bulegang le go tswalega a a neng a feta mo meseleng kwa Netherlands a ile a mo naya kgopolo ya go aga borogo jo bo bulegang le go tswalega. Moago ono o o tumileng wa Tower Bridge o o agilweng ka mokgwa wa segompieno go dirisiwa diforeimi tsa tshipi mme bokafantle jwa one bo agilwe ka maje, o simolotswe ke Jones le setlhopha sa gagwe sa batlhami ba dipolane.

Tower Bridge e na le ditora tse pedi tse dikgolo tse di golaganngwang kwa godimo ke ditsela tse pedi tse di bogodimo jwa dimetara di le 34 go tswa mo tselengkgolo le dimetara di le 42 go tswa mo bogodimong jwa metsi a noka. Dikarolo tsa borogo jono tse di tswang kwa lotshitshing lwa noka go ya kwa gare ga jone di bulega ka gore dintlha tse di mo gare tsa borogo di ye kwa godimo. Mabati a magolo ano a borogo a boima jwa ditone di ka nna 1 200 lengwe le lengwe, mme a kgona go bulega ka enkele ya didikirii di le 86. Dikepe tsa boima jwa ditone di ka nna 10 000 di kgona go feta kafa tlase kwantle ga mathata.

Maatla a a Dirisiwang go Bula Mabati a Borogo

Mabati a borogo jono a ne a tsholediwa ke maatla a metsi, a tsamaisa dilefiti tse di tsamaisang batho go tswa kwa tseleng go ya kwa batho ba tsamayang teng mme e bile a ne a laola matshwao a pharakano. Ee, go ne go dirisiwa metsi go tsamaisa borogo jono! Mme maatla a teng a ne a le mantsi thata—a menagane gabedi go feta selekanyo se se tlhokegang.

Kafa tlase kwa ntlheng e e kwa borwa ya borogo jono, go ne go na le diboelara di le nnè tse di berekang ka magala, tse di neng di fetlha mowa wa metsi a a fisang ka selekanyo sa dikilogerama di le tlhano go ya go di le thataro mo sekwere sentimetara sengwe le sengwe, tse di neng di tsamaisa dipompo tse pedi tse dikgolo. Mme dipompo tseno tsone di ne di ntsha metsi a selekanyo sa dikilogerama di le 60 sekwere sentimetara sengwe le sengwe go fetlha maatla. Gore go nne go ntse go na le maatla a a tla kgonang go tsholetsa mabati ano, go ne go na le disilindara tse thataro tse dikgolo tse di neng di bolokile metsi a a nang le kgatelelo e e kwa godimo ya moya. Disilindara tseno di ne di fetlha maatla a a tsamaisang dienjene di le robedi tse di tsamaisang mabati ano. Fa maatla ano a fetlhwa, mabati ano a bulegela ka bonako kwa godimo a tsamaisiwa ke maotwana a a disentimetara di le 50. Go ne go di tsaya motsotso o le mongwe fela go a bula ka botlalo.

Go Etela Tower Bridge ya Segompieno

Gompieno go dirisiwa motlakase mo boemong jwa maatla a metsi. Mme jaaka mo dingwageng tse di fetileng, fa Tower Bridge e bulega, pharakano yotlhe e a ema. Batsamaya ka dinao, bajanala le baeti ba bangwe ba gakgamala go bona kafa borogo jono bo berekang ka teng.

Go lediwa alamo e e tlhagisang mongwe le mongwe, dithibedi di tswala ditsela, koloi ya bofelo e a feta mme balaodi ba borogo ba ntsha letshwao la gore dikoloi tsotlhe di fetile. Ditshipi tse nnè tse di tshwaraganyang mabati a a bulegang le go tswalega ano di a bulega, di sa dire le fa e le modumo, mme mabati one a bo a bulega ka bonako go ya kwa godimo. Go tswa foo matlho otlhe a tlhomiwa mo nokeng. E ka tswa e le mekoro e e gogang dikepe, mokoro o o nang le enjene o o dirisediwang maeto a go ijesa monate kgotsa sekepe, mongwe le mongwe o tla bo a lebile jaaka se feta. Metsotso e se kae moragonyana, matshwao a tla bo a fetoga. Mabati a bo a tswala mme dithibedi tse di neng di tswetse di a bulega. Bapalami ba dibaesekele ba tla tsena mo pele ga dikoloi gore ba fete pele. Metsotso e se kae moragonyana, go tla bo go didimetse mo Tower Bridge go fitlha e tlhoka go bulwa gape.

Moeti yo o kgatlhegelang go bona kafa borogo jono bo berekang ka teng ga a lebelele fela go bula le go tswala gono le dilo tse dingwe tse diregang foo. O tsamaya le ba bangwe ba ba tsenang mo lefiting go tlhatlogela kwa ntlheng ya bokone ya tora go ya go bona ditlhaloso tse di oketsegileng tse di kgatlhang tsa hisitori ya borogo jono, mo go nang le ditshwantsho tsa ileketeroniki tse di tlhalosang ditiragalo mo pontshong ya “Tower Bridge Experience.” Ditiro tse dikgolo tse di dirilweng le moletlo o mogolo wa go kgakola borogo di tshwantshitswe mo ditshwantshong tse di takilweng, le ditshwantsho tsa mmala o borokwa le diphanele tse di tshwantshitsweng di bontsha bontle jwa kago ya Tower Bridge.

Ditsela tse di kwa godimo koo di dira gore moeti a kgone go bona bontle jwa London a le kwa godimodimo. Ka kwa ntlheng ya Bophirima motho o kgona go bona St. Paul’s Cathedral le meago ya dibanka tsa kgaolo eo mme kwa kgakajana go bonala tora ya Poso. Kafa ntlheng ya botlhaba motho a ka nna a lebelela go bona boemakepe, joo gone jaanong bo tlositsweng koo nne jwa isiwa kwa tlasenyana kwa ntlheng ya toropokgolo e e leng teng gone jaanong. Mo boemong jwa moo, boemakepe, jo go nnang le meago e mesha gone, bo a gakgamatsa ka ntlha ya mefuta e mesha ya meago ya teng. Mafoko a a jaaka bontle jo bo gakgamatsang, jo bo kgatlhang, a tlhalosa sentle se motho a se bonang fa a eme mo lefelong leno le e tumileng la London.

Fa o etela kwa London, ke eng fa o sa sekaseke moago ono o o nang le tshedimosetso e ntsi ya hisitori? Ketelo ya gago e tla dira gore o se ka wa lebala tiro e e gakgamatsang e e dirilweng fano.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Nngwe ya dipompo tse pedi tse di fetlhiwang ke mowa wa metsi a a fisang tse di kileng tsa bo di tsamaisiwa ka maatla a metsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Copyright Tower Bridge Exhibition

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Mabati a mabedi a borogo a bulega ka botlalo mo nakong e e kafa tlase ga motsotso

[Motswedi wa Setshwantsho]

©Alan Copson/Agency Jon Arnold Images/age fotostock

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

© Brian Lawrence/SuperStock