Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitlosobodutu go Itumedisa Matshwitshwiti a Batho mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Boitlosobodutu go Itumedisa Matshwitshwiti a Batho mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Boitlosobodutu go Itumedisa Matshwitshwiti a Batho mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Dikgobalo di le dintsintsi le dintsho tse dintsi, tse di akaretsang tsa bana bangwe, di ne tsa bakwa ke dintwa tsa balatedi ba metshameko ba ba ilanang lebaibai ba ba tswang kwa ditoropong tse pedi tsa boagisani kwa borwa jwa Italy. Ka ntlha ya matlhotlhapelo ano, balaodi ba puso ba ne ba laela gore lefelo la bobogelo le tswalwe ka dingwaga di le lesome.

DIPEGO tsa dintwa tse di tshwanang le tseno di tlwaelegile mo makwalodikgannyeng a gompieno. Mme gone tiragalo eno e diragetse mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng ka nako ya go busa ga Mmusimogolo Nero. Rahisitori wa Moroma e bong Tacitus o ne a tlhalosa dikhuduego tseno, tse di neng tsa direga kwa bobogelong kwa Pompeii mo motshamekong wa ntwa ya go mekamekana fa batho ba kwa Pompeii ba ne ba lwa le balatedi ba metshameko ba kwa toropong ya boagisani ya Nuceria.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ne ba rata boitlosobodutu fela thata. Ditoropo tse di kgolo tsa Mmusomogolo wa Roma di ne di na le mafelo a bobogelo le diserekise, mme ditoropo dingwe di ne di na le one otlhe. Buka ya Atlas of the Roman World ya re, “Metshameko ya teng e ne e na le dikotsi tse di maswe le boitumelo . . . mme tshololo ya madi e ne e le selo se se tlwaelegileng mo go yone.” Bakgweetsi ba dikara ba ne ba apara diaparo tsa mebala e e ba tlhaolang, mme setlhopha sengwe le sengwe se ne se emela karolo nngwe ya setšhaba, e ka tswa e le ya bopolotiki kgotsa ya batho fela. Balatedi ba ne ba tlhakana tlhogo fa setlhopha se ba se ratang se tlhagelela. Bakgweetsi ba dikara ba ne ba ratega thata mo e leng gore batho ba ne ba kgabisa matlo a bone ka ditshwantsho tsa bone, mme bakgweetsi bano ba ne ba duelwa madi a mantsi tota.

Ditoropo le tsone di ne di tshwara metshameko ya go mekamekana e e neng e na le tshololo ya madi le dintwa fa gare ga batho le diphologolo, mme ka dinako dingwe batho ba ne ba sa tshware sepe sa go itshireletsa. Go ya ka Rahisitori Will Durant, “dikebekwa tse di bonweng molato, ka dinako dingwe di ne di apesiwa matlalo a diphologolo gore di tshwane le diphologolo, di bo di latlhelwa mo diphologolong tse di bogale gore di ba gagolake; dikebekwa tseno di ne di swa loso lo lo botlhoko tota mo ditiragalong tseno.”

Batho ba ba itumelelang boitlosobodutu jo bo sa siamang jono ruri ba “mo lefifing mo mogopolong” e bile ‘ga ba tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.’ (Baefeso 4:17-19) Mo lekgolong la bobedi la dingwaga, Tertullian o ne a kwala jaana: “Mo gare ga [Bakeresete] ga go buiwe sepe, ga go bonwe sepe, e bile ga go utlwiwe sepe se se amanang le botsenwa jo bo dirwang kwa diserekising, makgapha a a dirwang kwa dikagong tsa dipontsho, le bolalome jo bo dirwang kwa dipatlelong tsa metshameko.” Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri le bone ba kelotlhoko gore ba tile go bona boitlosobodutu jo bo nang le thubakanyo, go sa kgathalesege gore bo tla jang—e ka tswa e le ka dibuka, mo thelebisheneng, kgotsa mo metshamekong ya dikhomputara—ba gakologelwa gore Jehofa o tlhoile “ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mosaike ya mokgweetsi wa kara yo o fentseng

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Setshwantsho sa motho a lwa le tau e e namagadi

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Lefelo la bobogelo la kwa Roma la lekgolo la ntlha la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ciudad de Mérida

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Top and bottom left: Museo Nacional de Arte Romano, Mérida