Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Diterenanyana” Tse di Phatsimang mo Lefifing

“Diterenanyana” Tse di Phatsimang mo Lefifing

“Diterenanyana” Tse di Phatsimang mo Lefifing

▪ Mo bosigong jo bo didimetseng kwa metseselegaeng ya Brazil, go bonala “terenanyana” kafa tlase ga matlakala mo sekgweng. Mabone a mabedi a kwa pele a mahibidu a e bonesetsa tsela mme dipara tse 11 tsa dilantere tse di bosetlha le botala di bonesa kafa dithoko. Nnyaa, se ga se terena fela e e tlwaelegileng. Go na le moo, ke seboko se se boleele jwa dimilimetara di le 70 sa mofuta wa dikhukhwana tsa Phengodidae, tse di fitlhelwang kwa Bokone le Borwa jwa Amerika. E re ka tse di namagadi, tse di nnang mo sebopegong sa tsone sa seboko, di tshwana le ditoroko tse di tshubileng dipone, gantsi di bidiwa diboko tsa seporo. Batho ba Brazil ba re ke diterenanyana.

Motshegare go thata gore motho a bone seboko seno se se borokwa jo bosetlha. Mme bosigo dipone tsa tsone tse di gakgamatsang di dira gore o se bone. Se se dirang gore di kgone go bonesa jalo ke luciferin, e e reng fa e ntsha ensaeme e e bidiwang luciferase e bo e tlhagisa lesedi le le se nang mogote. Mebala ya lesedi leno e akaretsa bohibidu, mmala wa namune, boserolwana le botala.

Mabone a tlhogo a mahibidu a nna a ntse a bonesitse—mme mabone a a kafa thoko a a serolwana le a a botala one ga a bonese ka metlha. Dipatlisiso di bontsha gore mabone ano a tlhogo a thusa seboko seno gore se kgone go bona dibokolodi, tse e leng dijo tsa sone tse di rategang, mme mabone a a fa thoko go bonala a dira gore ditshedi tse di kotsi, tse di jaaka ditshoswane, digwagwa le dikgogo, di se ka tsa kgatlhegela go di ja. Go ntse jaaka e kete fa lesedi leno le ntse le phatsima le ntse le re: “Ga ke monate. Ntlogele!” Ka jalo, mabone a a fa thoko a bonesa fa seboko seno se utlwa e kete go na le kotsi e e ka tlang. Mme gape a a phatsima fa se tlhasela dibokolodi le fa se se namagadi se ikgarile mo maeng a sone. Mo maemong a a tlwaelegileng, mabone a a fa thoko a bonesa go fitlha a phatsima thata mme a bo a tima—seno sotlhe se diragala ka metsotswana fela—mme modikologo ono o nna o ntse o boelediwa fa seemo se tlhoka jalo.

Ee, tota le mo gare ga matlakala mo sekgweng, motho o kgona go bona bontle jo bo gakgamatsang, jo bo re gakololang mafoko a mopesalema a neng a baka Mmopi ka one fa a ne a re: “Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Robert F. Sisson / National Geographic Image Collection