Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Lefatshe ka bophara, go dirwa maiteko a le dimilione di le 5,7 go tsietsa badirisi ba Internet letsatsi le letsatsi.—MAGAZINE, SPAIN.

“Ditiragalo tsa go ipolaya kwa Japane di fetile 30 000 mo ngwageng wa borobedi ka tatelano ka 2005.” Japane ke nngwe ya dinaga tse di nang le palo e e kwa godimo thata ya batho ba ba ipolayang mo lefatsheng lotlhe.—MAINICHI DAILY NEWS, JAPANE.

“Mo dingwageng di le 500 tse di fetileng, ditiro tsa batho di dirile gore mefuta e le 844 ya ditshedi e nne mo kotsing ya go nyelela.”—IUCN, WORLD CONSERVATION UNION, SWITZERLAND.

Go ya ka dipalopalo tsa puso, diperesente di le thataro tsa baagi ba Britain—banna le basadi—ke basodoma. Molao o o neng wa tlhongwa ka 2005 “o letla batho ba bong bo le bongwe go ‘nyalana’” e bile o ba naya ditshwanelo tse di tshwanang le tsa batho ba ba nyalanang ba bong jo bo sa tshwaneng.—THE DAILY TELEGRAPH, ENGELANE.

Dikgapetla Tsa Aese di Elela ka Lobelo lo Logolo

“Dikgapetla tsa aese di le mmalwa tse dikgolo tsa Greenland Ice Sheet di simolola go elela ka lobelo lo logolwane,” go bega jalo makasine wa Science. Disatalaete di bontsha gore mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, lobelo lwa dikgapetla tsa aese di le mmalwa tsa kwa Greenland lo batla lo oketsegile go menagane gabedi, mme le fitlhile go dikilometara di feta 12 ka ngwaga. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, selekanyo se boima jwa aese bo ntseng bo fokotsega ka sone se ile sa oketsega go tloga go dikubiki tsa dikilometara di le 90 ka ngwaga go ya go dikubiki tsa dikilometara di le 220 ka ngwaga. Ka gone baitsesaense ba dumela gore “diphopholetso tse di dirwang gone jaanong tsa gore metsi a lewatle a tla bo a le selekanyo se se kana kang mo isagweng di kwa tlase thata.”

Dikereke di Dira Mokete o o Boitshegang go Gopola Darwin

Mo e ka nnang dikereke di le 450 tsa “Bakeresete” kwa United States di ne tsa keteka letsatsi la botsalo la bo197 la ga Charles Darwin ka February 2006. Mo moketeng ono go ne go na le “dipuo le dithero tse boikaelelo jwa tsone e neng e le go gatelela gore kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ga e ganetsane le tumelo ya Bokeresete le gore Bakeresete ga ba tlhoke go tshwanelwa ke go tlhopha mo gare ga bodumedi le saense.” Go ya ka Chicago Tribune, Michael Zimmerman, yo o ithutang ka ditshedi e bile e le morutisi yo mogolo wa College of Letters and Sciences kwa Yunibesithing ya Wisconsin-Oshkosh, yo o neng a rulaganya mokete ono, o ne a re: “Ga o tlhoke go tlhopha. O ka kgona go di amogela tsoopedi.”

Go Tlhoka Maitseo Kwa Tirong

“Go tlhoka maitseo kwa tirong go ka jela khampani nako, tiro le talenta,” go rialo The Wall Street Journal. Patlisiso e e neng ya dirwa mo bathong ba ka nna 3 000 e ne ya fitlhela gore diperesente di feta 90 tsa batho bano “ba ne ba tshwarwa ka go tlhoka maitseo kwa tirong.” Halofo ya bone ya re ba ne ba “senya nako e ntsi ya tiro ba akantse fela ka tsela e ba neng ba tshwerwe ka yone,” “diperesente di le 25 ba ne ba fokotsa selekanyo se ba berekang ka sone,” mme a le 1 mo go ba le 8 o ne a tlogela tiro. Go ya ka Christine Porath, yo e leng porofesa e bile e le motsamaisi kwa Yunibesithing ya Southern California, “go fokotsa selekanyo se motho a berekang ka sone, go sa tle tirong, tota le eleng go utswa, tsotlhe tseno e ka nna dilo tse di supang gore khampani eno e na le mathata ka batho ba ba se nang maitseo kwa tirong,” go rialo Journal.

Dibata Tse Dikgolo Tsa Matlakala a mo Lewatleng

E ne ya re go sa le gale ka 2006, sebata se segolo sa leswe la mo lewatleng “se ne sa kgokgoetsegela kwa borwa kwa metsing a Hawaii, se rwele mokoa wa didirisiwa tse di latlhilweng tsa go tshwara ditlhapi, le matlakala a dipolasetiki, se o isa kwa dintshing tsa lewatle tsa Setlhaketlhake seno,” go bega jalo The Honolulu Advertiser. Diphefo di kgoromeletsa bontsi jwa matlakala ano a a kokobetseng mo metsing a a kwa Phasifiki Bokone di a isa kwa karolong e e didimetseng ya lewatle, mme mo maemong mangwe, leswe leno le gogoulelwa kwa Hawaii. Ka 2005 “go ne ga bonwa dilo di feta 2 000 tse e leng leswe,” mmogo le matloa a feta 100 a go tshwara ditlhapi. Leswe leno le kotsi mo ditsheding tsa mo lewatleng. Charles Moore, yo e leng mothei wa Setheo sa go Dira Dipatlisiso ka Ditshedi Tsa mo Metsing sa Algalita, a re: “Ga go tlhole go na le ditlhapi tse di tshelang ka go ja dilo tsa tlholego mo lewatleng. Tsotlhe di ja manathwana a dipolasetiki.”