Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng Modimo o Letleletse Pogo?

Goreng Modimo o Letleletse Pogo?

Goreng Modimo o Letleletse Pogo?

KA DINAKO dingwe motho fa a botsa potso eno “Goreng?” o a bo a batla go gomodiwa gape a tlhoka go itse dikarabo, ka go bo potso eno fa e bodiwa ke motho a wetswe ke mathata, tota o a bo a tlhoka go gomodiwa eleruri. A Baebele e kgona go re fa kgomotso eno? Akanya ka dintlha di le tharo tse di botlhokwa tsa mo Baebeleng tse di amanang le kgang eno.

Sa ntlha, ga go phoso go botsa gore goreng Modimo o letleletse pogo. Batho bangwe ba tshwenyegela gore go botsa potso eno go supa gore motho ga a na tumelo mo Modimong kgotsa gore ga a mo tlotle. Go farologana le seno, fa o botsa potso eno ka pelo e e phepa, go na le ba bangwe ba ba siameng ba le bone ba kileng ba botsa yone potso eno. Moporofeti yo o ikanyegang, e bong Habakuke o ne a botsa Modimo: “Ke eng fa o dira gore ke bone tshiamololo e e botlhoko jaana? Ke eng fa o letla dikgoka, tlolomolao, bokebekwa le bosetlhogo di anama?” (Habakuke 1:3, Contemporary English Version). Jehofa Modimo ga a ka a nyatsa Habakuke. Go na le moo, o ne a dira gore dipotso tsa monna yo o ikanyegang yoo di kwalwe gore rotlhe re di bale.—Baroma 15:4.

Sa bobedi, go botlhokwa go tlhaloganya gore Modimo o a amega ka wena fa o le mo matshwenyegong. Ga a kgakala le rona gape ga a dire dilo ka tsela e re ka se kang ra kgona go e tlhaloganya, ke “morati wa tshiamiso,” e bile o tlhoile boikepo le pogo e e bakiwang ke jone. (Pesalema 37:28; Diane 6:16-19). Bogologolo mo malatsing a ga Noa, Modimo o ne a utlwa “botlhoko mo pelong” ka ntlha ya thubakanyo e e neng e aname le lefatshe. (Genesise 6:5, 6) Modimo ga a ise a fetoge, o sa ntse a ikutlwa ka tsela e e tshwanang malebana le se se diragalang gompieno.—Malaki 3:6.

Sa boraro, Modimo ga se ene motlhodi wa boikepo le eseng. Baebele e tlhalosa seno ka tsela e e utlwalang sentle. Ba ba pegang Modimo molato wa dilo tse di jaaka dipolaano le borukhutlhi tota ba mo senya leina. Ela tlhoko se Jobe 34:10 e se buang: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!” Ka tsela e e tshwanang, Jakobe 1:13 e bolela jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” Ka jalo fa o ile wa welwa ke bothata, tlhomamisega gore ga se Modimo a go baketseng bothata jono.

Ke Mang yo o Busang Lefatshe?

Dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo di sa ntse di re tlogela ka potso, Fa e le gore Modimo o lorato, o tshiamo, gape o na le maatla, goreng re dikologilwe ke boikepo jo bo kanakana? E re re simolole pele ka go baakanya kgopolo nngwe e e phoso. Batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo Mothatayotlhe ke ene mmusi wa lefatshe leno, gore o laola ka tlhamalalo sengwe le sengwe se se mo lefatsheng. Poresidente nngwe ya sekolo se se katisang baruti o ne a re: “Ga go na le fa e le atomo e le nngwe kgotsa molekhule o Modimo a sa o laoleng mo lefatsheng.” A seno ke se tota Baebele e se rutang?

Le eseng. Ba le bantsi ba a gakgamala fa ba utlwa gore tota Baebele ya re ke mang yo o busang lefatshe. Ka sekai, 1 Johane 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Ke mang yo o boikepo yono? Jesu Keresete o ne a mo tlhalosa e le Satane Diabolo, yo a neng a mmitsa “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) Jaanong, a seno ga se utlwale se dira tlhaloganyo? Satane o setlhogo, o a tsietsa, e bile o tletse ka letlhoo—e leng yone mekgwa e e dirang gore go nne le pogo e e kanakana. Le fa go ntse jalo, goreng, Modimo o letlile Satane gore a buse?

Kgang e e Tsositsweng Kwa Edene

Motsadi yo o lorato le yo o nang le bokgoni a ka ikutlwa jang fa a ka latofadiwa phatlalatsa ka gore o bolelela bana ba gagwe maaka, gore o a ba sotla, le gore o ba tima dilo tse dintle? A o ne a ka ganetsa ditatofatso tseno ka go lwana le yo o mo latofatsang? Nnyaa le eseng! Boammaaruri ke gore, ka go dira jalo, o tla bo a bontsha gore ditatofatso tseno di boammaaruri.

Papiso eno e re thusa go tlhalosa tsela e Jehofa Modimo a rarabololang ditatofatso tse a latofaditsweng ka tsone kwa lefelong le le bidiwang Edene koo hisitori ya batho e simologileng teng. Koo Modimo o ne a itsise batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, ka tiro e e itumedisang e a batlang gore bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba e dire. Ba ne ba tshwanetse go tlala ka lefatshe, ba le fenye, ba bo ba le fetole go nna paradaise ya lefatshe lotlhe. (Genesise 1:28) Mo godimo ga moo, makgolokgolo a le dimilione a barwa ba Modimo ba semoya a ne a kgatlhegela thata go bona se se diregang ka porojeke eno e e kgatlhisang.—Jobe 38:4, 7; Daniele 7:10.

E re ka e le Modimo yo o pelontle, Jehofa o ne a naya Adame le Efa tshimo e ntle gore e nne legae la bone ka maungo a yone a a monate. Ke setlhare se le sengwe fela se ba neng ba sa tshwanela go se ja—“setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Ka go se je mo setlhareng seno, Adame le Efa ba ne ba tla bo ba bontsha go nna le tshepo e e feletseng mo go Rraabone, ba lemoga gore o na le tshwanelo ya go tlhopha gore ke eng se se siameng le se se sa siamelang bana ba gagwe.—Genesise 2:16, 17.

Le fa go ntse jalo, ka maswabi, mongwe wa bomorwa Modimo ba moya, a tlhotlhelediwa ke keletso ya go batla go obamelwa, o ne a bolelela Efa gore fa a ka ja leungo le le ileditsweng, o ne a se kitla a swa. (Genesise 2:17; 3:1-5) Ka jalo, moengele yono yo o boikepo, e leng Satane, o ne a ganetsa Modimo a sa iphitlhe, tota o ne a re Modimo ke moaki! Satane o ne gape a latofatsa Modimo ka gore o tima Adame le Efa kitso nngwe e e botlhokwa. Satane o ne a kaya gore batho ba tshwanelwa ke go itirela ditshwetso tsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ka mafoko a mangwe, Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore ga a tshwanelwe ke go busa le gore ga se Rre yo o molemo gape o ne a kaya gore, ene, Satane, a ka dira tiro e e botoka go gaisa Modimo.

Ka ditsela tseno tsa boferefere le ka go bua maaka a matala, moengele yono o ne a itira Satane Diabolo. Maina ano a kaya “Moganetsi” le “Mosebi.” Ke eng se Adame le Efa ba neng ba se dira? Ba ne ba ema le Satane, ba fularela Modimo.—Genesise 3:6.

Jehofa o ne a ka nna a nyeletsa ditsuolodi tseno ka yone nako eo. Mme, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa rona, kgang eno e ne e ka se rarabololwe ka go ipusolosetsa ka ntwa. Gakologelwa gape gore fa Satane a ne a gwetlha Modimo, dimilione tsa baengele di ne di reeditse. Tota e bile, palo e e utlwalang, mme e sa tlhalosiwa, ya baengele e ne ya ikamanya le Satane mo botsuoloding jwa gagwe, ba itira madimona.—Mareko 1:34; 2 Petere 2:4; Jude 6.

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ise a Tseye Kgato?

Ka go raela Adame le Efa gore ba itlhophele go ipusa kwa ntle ga Mmopi wa bone, tota Satane o ne a thaya lelapa le le neng le se kitla le ipusa ka tsela ya mmatota mme le ne le tla nna ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Lelapa leno le ne la tlhotlhelediwa ke ‘rralone’, e leng Diabolo, le itse kana le sa itse, mme le ne la simolola go itlhophela mekgele ya lone le mekgwa ya lone ya boitshwaro. (Johane 8:44) A mme gone mokgwa ono wa botshelo o ne o tla ba tlisetsa kgololesego ya boammaaruri le boitumelo jo bo sa feleng? Jehofa o ne a itse sentle gore o ne o se kitla o ba tlisetsa dilo tseno. Le fa go ntse jalo, o ne a tlogela ditsuolodi tseno gore di tswelele ka go ipusa, ka go dira jalo kgang e e neng ya tsosiwa kwa Edene e ne e ka rarabololwa sentle ka botlalo.

Go fetile dingwaga di le 6 000 jaanong, batho ba agile tsamaiso ya dilo tsa lefatshe, ba lekile mefuta yotlhe ya go busa le mekgwa yotlhe ya boitshwaro. A o itumeletse diphelelo tsa gone? A tota losika lwa batho le mo boitumelong, a le na le kagiso, a tota le kopane? Go phepafetse gore karabo ke nnyaa! Go na le moo, dintwa, ditlala, masetlapelo a tlholego, malwetse, le loso di ile tsa aparela batho, di baka go ‘sa nne le mosola,’ “botlhoko” le go “fegelwa,” fela jaaka Baebele e boletse.—Baroma 8:19-22; Moreri 8:9.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa, ‘Go reng Modimo a sa thibele masetlapelo?’ Boammaaruri ke gore go dira jalo e tla bo e se go dira ka tshiamo, gape go ne go tla dira gore kgang eno e se ka ya bonala sentle, go dira gore go bonale e kete go tsuologela Modimo ga go na diphelelo tsa gone. Ka gone, Jehofa ga a thibele tlolomolao le masetlapelo otlhe a a bakwang, ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo, ke go sa mo ikobele. * Jehofa ga a ka ke a nna le seabe mo go tshegetseng maaka a a kotsi a gore tsamaiso ya ga Satane e ka atlega, le gore e kgonne go bona tsela ya go bona boitumelo! Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a itshela moriti o o tsididi fela ka dilo tse di diregang. Boammaaruri ke gore o ntse a dira ka natla, jaaka re tla bona.

“Rre o Ntse a Dira”

Mafoko ano a ga Jesu a bontsha gore Modimo ga a nna fela a phuthile matsogo a lebile fela fa dilo di direga. (Johane 5:17). Go na le moo, fa e sa le ka nako ya botsuolodi kwa Edene, o ntse a semeletse tota. Ka sekai, o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go kwala ka ditsholofetso tsa gore “losika” lo lo tlang lo tla thubakanya Satane le botlhe ba ba mo tshegetsang. (Genesise 3:15) Mo godimo ga moo, ka lone Losika lono, Modimo o tla tlhoma puso, Bogosi jwa legodimo, jo bo tla segofatsang batho ba ba boikobo gape bo tla fedisa le dilo tse di bakang pogo, le loso ka bolone.—Genesise 22:18; Pesalema 46:9; 72:16; Isaia 25:8; 33:24; Daniele 7:13, 14.

Gore a tle a diragatse ditsholofetso tse di itumedisang tseno, Jehofa o ne a romela mo lefatsheng Ene yo o neng a tla nna Mmusi yo mogolo wa Bogosi jono. Yono e ne e se ope fa e se Jesu Keresete, Morwa Modimo. (Bagalatia 3:16) Go dumalana le boikaelelo jwa Modimo ka ene, Jesu o ne a ruta thata ka Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43) Boammaaruri ke gore, Keresete o ne a supa fa a le mo lefatsheng gore ke eng se a tla se dirang fa e setse e le Kgosi ya Bogosi joo. O ne a fepa diketekete tsa batho, a fodisa balwetse, a tsosa baswi, gape o ne a bontsha maatla a gagwe le mo dilong tsa tlholego ka go didimatsa phefo e e bogale ya matsubutsubu. (Mathaio 14:14-21; Mareko 4:37-39; Johane 11:43, 44) Malebana le Jesu, Baebele e tlhalosa jaana: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene.”—2 Bakorintha 1:20.

Ba ba reetsang Jesu le go ‘tswa mo lefatsheng’—tsamaiso ya dilo e e ikgaogantseng le Modimo le e e busiwang ke Satane—ba a amogelwa mo lelapeng la ga Jehofa. Lelapa leno la lefatshe lotlhe la Bakeresete ba boammaaruri le laolwa ke lorato, le ineetse go tshela ka kagiso, gape le ikemiseditse go fedisa mokgwa ope fela wa letlhoo le go tlhaolana magareng ga bone.—Malaki 3:17, 18; Johane 13:34, 35.

Go na le gore ba tshegetse lefatshe leno, Bakeresete ba boammaaruri ba tshegetsa le go bolela Bogosi jwa Modimo, ba ikobela taelo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Mathaio 24:14. Akanya fela: Ke bomang ba ba rerang “dikgang tse di molemo tsa bogosi” mo lefatsheng lotlhe? Ke bomang ba ba ganneng, ba le lelapa la semoya la lefatshe lotlhe, go kopanela mo dintweng le mo go tlhaolaneng ga ditšhaba le mo dikganetsanong tsa bomorafe? Gape ke bomang ba ba ileng ba letla Lefoko la Modimo gore le kaele boitshwaro jwa bone, le fa e ka tswa ditekanyetso tsa lone tsa maemo a a kwa godimo di ratega kana di sa ratege? (1 Johane 5:3) Ba le bantsi ba lemogile mekgwa eno mo Basuping ba ga Jehofa. Tsweetswee itlhatlhobele bosupi ka bowena.

Dira Tshwetso ya go Busiwa ke Modimo!

Batho ba ba ikgaogantseng le Modimo le ba ba tsieditsweng ke Satane, ba agile tsamaiso ya lefatshe e e bakang matshwenyego a le mantsintsi le go tlhoka tshepo. Le lefatshe ka bolone le sentswe! Jehofa, ka fa letlhakoreng le lengwe, o tlhomile puso ya bolegodimo e e fetotseng matshelo a batho ba le dimilione go nna a a botoka gape e neile mongwe le mongwe tsholofelo ya mmatota. (1 Timotheo 4:10) O tla tlhopha eng?

Jaanong ke nako ya gore o dire tshwetso, gonne Modimo ga a ne a letlelela Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo e tswelela go ya go ile. Maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong a go dira lefatshe leno paradaise ga a ise a fetoge. Gore a fitlhelele seo, Bogosi jwa gagwe le balatedi ba jone ba tla nna ba nonofela pele, fa lefatshe le le laolwang ke Satane lone le tla welwa ke “ditlhabi tsa tlalelo” tse dintsi go fitlha Modimo a le fedisa. (Mathaio 24:3, 7, 8) Ka jalo fa o ile wa ikuela jaana ka pelo e e botlhoko kwa Modimong, “Goreng?,” reetsa Modimo ka go tsaya tsia molaetsa wa Baebele wa kgomotso le tsholofelo. Le gone jaanong, dikeledi tsa gago tsa matshwenyego di ka fetoga go nna dikeledi tsa boitumelo.—Mathaio 5:4; Tshenolo 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 19 Le fa gone Modimo a ile a tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho nako le nako, e ntse e se ka go bo a tshegetsa tsamaiso eno ya dilo. Go na le moo, ditiro tsa gagwe di ne di tsamaisana le go diragadiwa ga maikaelelo a gagwe.—Luke 17:26-30; Baroma 9:17-24.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A o kgotsofalela se puso ya motho e se dirang?

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Baby: © J. B. Russell/Panos Pictures; crying woman: © Paul Lowe/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Jesu o tla busetsa Paradaise mo lefatsheng—a bo a tsose baswi gape