Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo O a Re Kgathalela!

Modimo O a Re Kgathalela!

Modimo O a Re Kgathalela!

TSELA e Modimo a rarabolotseng botsuolodi jo bo simolotseng kwa Edene ka yone e bontsha ka moo a nang le lorato lo logolo ka teng mo go mongwe le mongwe wa rona le ka moo a amegileng ka teng ka isagwe ya rona. Tsweetswee sekaseka bosupi jo bo latelang o bone gore tota Modimo o a re kgathalela, gape o bale ditemana tse di bontshitsweng.

● O re neile lefatshe le le tletseng ka dilo tsa tlholego tse dintle, diphologolo tse di kgatlhisang, le naga e e ungwang.—Ditiro 14:17; Baroma 1:20.

● O re neile mmele o o gakgamatsang o o dirang gore re itumelele botshelo letsatsi le letsatsi, jaaka go latswa dijo tse di monate, go bona phirimo ya letsatsi, go utlwa ngwana a tshega, le go utlwa fa re amiwa ka lorato ke yo re mo ratang.—Pesalema 139:14.

● O re naya kaelo e e botlhale le e e re thusang go lepalepana le mathata le dikgatelelo.—Pesalema 19:7, 8; 119:105; Isaia 48:17,18.

● O re naya tsholofelo e e molemo, go akaretsa le tsholofetso ya go tshela mo paradaiseng mo lefatsheng le go bona tsogo ya baswi ba rona ba re ba ratang.—Luke 23:43; Johane 5:28, 29.

● O re romeletse Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla go re swela gore re tle re nne le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng.—Johane 3:16.

● O tlhomile Bogosi jwa Bomesia kwa legodimong gape o re file bosupi jo bontsi jwa gore Bogosi jwa gagwe mo bogautshwaneng bo tla laola lefatshe lotlhe.—Isaia 9:6, 7; Mathaio 24:3, 4, 7; Tshenolo 11:15; 12:10.

● O re laletsa gore re mo atamele ka thapelo, le gore re mo tshololele dipelo tsa rona, mme fa re dira jalo ruri o a reetsa.—Pesalema 62:8; 1 Johane 5:14, 15.

● Gangwe le gape o tlhomamisetsa batho gore o ba rata fela thata le gore o a ba kgathalela.—1 Johane 4: 9, 10, 19.