Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nako ya Dijo e Dira Gore re Atamalane”

“Nako ya Dijo e Dira Gore re Atamalane”

“Nako ya Dijo e Dira Gore re Atamalane”

A LELAPA la lona le ja bobotlana dijo mmogo gangwe ka letsatsi? Ka maswabi, mo lefatsheng la gompieno le le tlholang le le fela mo mabelong, mo malapeng a le mantsi go ja ke selo sa lepotlapotla, mongwe le mongwe wa iponela gore o tswa jang. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga gore dijo di re kgorise mo mmeleng, go ja dijo mmogo jaaka lelapa go ka thusa le ka dilo tse dingwe tse di botlhokwa thata—puisano e e lorato le kamano e e molemo ya lelapa.

Algirdas o nna le mosadi wa gagwe e bong Rima le basetsana ba bone ba le bararo kwa nageng nngwe e e kwa bokone jwa Yuropa ya Lithuania. Algirdas a re: “Le fa ke bereka mme basetsana ba tsena sekolo, re rulaganya nako ya rona gore re je dijo tsa maitseboa mmogo. Ka nako ya dijo rotlhe re ikutlwa re gololesegile go bua ka se se diragetseng mo letsatsing leo, ka mathata a rona, ka se re se akanyang, dilo tse re batlang go di dira, ka dilo tse re di ratang le tse re sa di rateng. Mme gape re dirisa nako eno go tlotla ka dilo tsa semoya. Mme ga go na pelaelo gore nako ya dijo e dira gore re atamalane.”

Rima o oketsa jaana: “Go apaya dijo le basetsana le gone go re naya tshono e ntle ya go tlotla monate. Basetsana ba rata go dira dilo mmogo mo ntlong ya boapeelo, fa ka nako e e tshwanang ba ithuta dilo tse di botlhokwa. Ka jalo, re kgona go dira gore nako e re berekang ka yone e boe gape e nne nako ya go itumelela go nna mmogo.”

Algirdas, Rima, le bana ba bone ba solegelwa molemo ka go bo ba ipha nako ya go ja dijo ba le mmogo. Fa e le gore ga o ise o go dire, ke eng fa o sa rulaganye go ja bobotlana dijo mmogo gangwe ka letsatsi le ba lelapa la gago, le fa o ka tswa o le motsadi a le nosi. Melemo ya gone e feta kgakala matsapa a o ka tswang o tshwanelwa ke go a dira.