Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Fenya Jang Bothata Jono?

Nka Fenya Jang Bothata Jono?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Fenya Jang Bothata Jono?

“Ke ne ka simolola go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo fa ke ne ke le dingwaga di le robedi. Moragonyana ke ne ka ithuta gore Modimo o leba jang kgang eno. Ke ne ke utlwa botlhoko tota nako le nako fa ke ineela mo thaelong ya go itshwaratshwara. Ke ne ke a tle ke ipotse gore, ‘Modimo a ka rata jang motho yo o tshwanang le nna?’ Ke ne ke feditse mogopolo gore nka se ka ka tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo.”—Luiz. *

GONGWE le wena jaaka Luiz, o ile wa nna lekgoba la mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. O a itse gore Jehofa o tla itumela fa o ka lwantshana le keletso eo mme o dirise boikgapo, e leng loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:5, 6) Mme ka dinako tse dingwe o a ineela. Nako le nako fa o wela gape mo bothateng jono, o tsaya gore o ka se ka wa kgona go tswa mo go jone, gore ga o kgone go tshela ka melao ya Modimo ya tshiamo.

Ke ka tsela eo Pedro yo mmotlana a neng a ikutlwa ka yone. A re: “Fa ke boa ke wela mo bothateng jono, ke ne ke utlwa botlhoko tota. Ke ne ke akanya gore nka se tlhole ke kgona go baakanya se ke se dirileng. Go ne go le thata gore ke rapele. Ke ne ke simolola thapelo ka go bolela jaana: ‘Jehofa, ga ke itse gore a o tla utlwa thapelo eno, mme . . . ’” Lekawana lengwe le le bidiwang André le ene o ne a ikutlwa jalo. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke le moitimokanyi. Go ne go le thata go tsoga mo mosong gore ke lebane le letsatsi le le latelang. Go ne go le thata go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa go nna le seabe mo bodireding.”

Fa e le gore le wena o ikutlwa jaaka Luiz, Pedro, kgotsa André, wela makgwafo. Ga se wena fela mme ga se mo o ka tlhobogwang! Basha ba le bantsi—le batho ba ba godileng—ba ile ba nna le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo mme ba ile ba kgona go bo fenya. Le wena o ka kgona. *

Go Lepalepana le Bothata Jwa go Ikutlwa Molato

Jaaka fa go setse go bontshitswe, batho ba ba nang le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo gantsi ba nna le bothata jwa go ikutlwa molato. Ga go pelaelo gore “go utlwa botlhoko . . . ka tsela ya bomodimo” go ka go thusa gore o fenye bothata jono. (2 Bakorintha 7:11) Mme go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng ga go thuse sepe tota. Go ka dira gore o ikutlwe o kgobegile marapo thata jaana mo e leng gore o batla go ineela.—Diane 24:10.

Ka jalo, leka go leba dilo kafa di ntseng ka teng. Mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa o o seng phepa. O ka dira gore o ‘nne motlhanka wa dikeletso tse di farologaneng le menate,’ e bile go tlhotlheletsa maikutlo a a ka senyang tlhaloganyo. (Tito 3:3) Le fa go ntse jalo, go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga se mofuta o o masisi wa boitsholo jo bo sa siamang go tshwana le kgokafalo. (Baefeso 4:19) Ka jalo, fa e le gore o na le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, ga o a tshwanela go swetsa gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng. Selo se se botlhokwa ke gore o lwantshe keletso eo mme le ka motlha o se ka wa itlhoboga!

Ka dinako tse dingwe go motlhofo gore o ikutlwe o kgobegile marapo fa o sena go wela gape mo bothateng joo. Fa seo se direga, gakologelwa mafoko a a mo go Diane 24:16: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga; mme baikepi ba tla dirwa gore ba kgotšwe ke masetlapelo.” Go nna le poelomorago go se kae ga go go dire motho yo o boikepo. Ka jalo, o se ka wa itlhoboga. Go na le moo, leka go bona gore ke eng se se dirileng gore o wele gape mo bothateng joo, mme o leke gore o se ka wa boeletsa dilo tseo gape.

Go na le gore o nne o ntse o inyatsa ka ntlha ya bothata jwa gago, iphe nako go tlhatlhanya ka lorato lwa Modimo le kutlwelobotlhoko ya gagwe. Mopesalema Dafide, yo le ene a neng a na le makoa a gagwe, o ne a bolela jaana: “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Ee, Jehofa o gakologelwa gore ga re a itekanela mme o “iketleeditse go itshwarela” fa re leofa. (Pesalema 86:5) Kafa letlhakoreng le lengwe, o batla gore re dire maiteko a go tokafatsa.

Ke dikgato dife tse o ka di tsayang tse di ka go thusang gore o fenye bothata jwa gago le gore o se ka wa tlhola o wela mo go jone?

Botlhokwa Jwa go Bulela Mongwe Mafatlha

Le fa go buiwa thata ka tlhakanelodikobo mo dinageng di le dintsi, batho ba le bantsi ba sa ntse ba go fitlhela go le thata go bua ka tlhakanelodikobo ka tsela e e nang le seriti le e e tlotlegang. Mo kgannyeng ya gago go tlhabiwa ke ditlhong go ka tswa go dira gore go nne thata gore o bue ka kgang eno le fa e ka tswa e le mo mothong yo o mo tshepang. Mokeresete mongwe yo o neng a na le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ka dingwaga di le mmalwa o ne a akgela jaana: “Ke ne ke eletsa tota go nna le bopelokgale jwa go bua le mongwe ka bothata jwa me fa ke ne ke sa ntse ke le mosha! Ke ne ke ikutlwa molato ka dingwaga di le dintsi mme go ile ga ama kamano ya me le ba bangwe thata mme segolobogolo le Jehofa.”

O tshwanetse wa bua le mang? Motho yo o siameng yo o ka buang le ene e ka nna mongwe yo o godileng semoyeng, segolobogolo fa e ka nna motsadi. O ka nna wa simolola ka gore: “A nka bua le wena ka bothata jo bo ntshwenyang thata?”

Mário o ne a swetsa go bua le rraagwe, yo o neng a itshupa a le kutlwelobotlhoko e bile a tlhaloganya. O bile a bolelela Mário gore le ene o ile a nna le bothata jwa mokgwa oo fa a ne a sa ntse a le mosha. Mário a re: “Go bo rre a ile a bua boammaaruri jalo le nna go ile ga nkgothatsa thata. Ke ne ka ipolelela gore fa e le gore le ene o ile a kgona go fenya bothata joo, le nna nka kgona. Ke ne ka amiwa thata ke tsela e rre ileng a arabela ka yone mo e leng gore ke ne ka lela.”

André o ne a ipeta sebete go bua le mogolwane wa Mokeresete mme o itumela go bo a ile a dira jalo. * André a re: “Fa mogolwane yoo a ntse a ntheeditse, matlho a gagwe a ne a seka dikeledi. Fa ke fetsa, o ne a ntlhomamisetsa gore Jehofa o a nthata. O ne a mpolelela gore bothata jwa me bo tlwaelegile. O ne a ntsholofetsa gore o tla nna a ntse a ntlhola go bona gore go tsamaya jang le gore o tla ntlisetsa tshedimosetso e e oketsegileng e e tswang mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Go bua le ene go ile ga nthusa gore ke ititeye sehuba gore ke tla nna ke lwantsha bothata jono—le fa ke ne ka nna ke wela mo go jone gape.”

Jaaka Mário le André le wena o ka thusega mo maitekong a gago a go batla go fenya mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Latela kgakololo e e mo lebokosong le le mo setlhogong seno le le reng “Lwantsha Bothata!” Ee, tlhomamisega gore o ka kgona go fenya ntwa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 6 Le mororo batho ba ba umakiwang mo setlhogong seno e le banna, basadi ba le bantsi le bone ba na le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, kgakololo e e neelwang fano e ama batho ba bong ka bobedi. Ela tlhoko gape gore, setlhogo seno se bua ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ka bowena. Fa o dira seno mo mothong yo o sa nyalanang le ene seno ke se Baebele e se bitsang kgokafalo, boleo jo bo masisi mo matlhong a Modimo.—Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?” mo makasineng wa August 8, 2004, tsebe 12-14.

^ ser. 17 Mosetsana a ka nna a batla go bua le mmaagwe kgotsa le kgaitsadi mongwe yo o godileng semoyeng mo phuthegong.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o gakologelwe gore Jehofa o “iketleeditse go itshwarela”?Pesalema 86:5.

▪ Ke dikgato dife tse o tlhokang go di tsaya gore o fenye mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo?

▪ Ke eng fa o sa tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso?

▪ Ke tsela efe e e molemo e e ka go thusang gore o tlhome mogopolo wa gago mo dilong tse di phepa?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go Wela Gape mo Bothateng ga go Reye Gore o Paletswe!

Go motlhofo gore o ipolelele gore: ‘Ke paletswe, mma bogolo ke tlogele go lwantsha bothata jono.’ Lwantsha boikutlo joo. O se ka wa letla poelomorago ya nakwana, kgotsa le e leng fa o boa o wela mo bothateng joo ka makgetlhonyana go dira gore o akanye gore o paletswe.

Akanya ka sekai seno: Fa o ne o tsamaya mo ditepising o bo o wa mme o boela morago kgato e le nngwe kgotsa di le pedi ka gore o kgopilwe, a o ne o tla ipolela gore, ‘Ke tla tshwanelwa ke gore ke boele kwa morago kwa ditepisi tseno di simologang gone mme ke simolole gape’? Legoka! Ka gone, ke eng fa o akanya ka tsela e e sa siamang jalo fa go tla mo kgannyeng ya go lwantsha mekgwa e e bosula?

Gantsi o ikutlwa molato fa o sena go wela gape mo bothateng jono. O ka nna wa iphitlhela o feteletsa maikutlo ano ka go swetsa ka gore ga o na mosola, o bokoa mme ga o tshwanelwe ke go tshwarwa sentle. O se ka wa itetla gore o ipone molato ka tsela e e feteletseng jalo. O tla fetsa maatla a gago a o a tlhokang go tswelela pele ka ntwa. Mme gakologelwa seno: Motho yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba bo ba tshela mo lefatsheng, e bong Jesu Keresete, o ile a tla go golola baleofi e seng batho ba ba itekanetseng. Ka jalo, ga go na ope wa rona yo o tla dirang dilo ka tsela e e siameng ka dinako tsotlhe.—Go tswa mo makasineng wa Tsogang! April 8, 1991, tsebe 30.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

Lwantsha Bothata!

▪ Ipateletse go akanya ka dilo tse dingwe.—Bafilipi 4:8.

▪ Tila go leba dilo tse di go tlhotlheletsang go nna le dikeletso tse di sa siamang.—Pesalema 119:37.

▪ Rapela gore o nne le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7.

▪ Nna o tshwaregile ka ditiro tsa Bokeresete.—1 Bakorintha 15:58.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

Thuso e e Oketsegileng

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go fenya mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, bona kgaolo 25 le 26 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang . . . Dikarabo Tse di Nnang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.