Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

GO DIRAGETSE KAE?

1. Tiragalo eno e diragetse mo thabeng efe?

Direla karabo ya gago mosako mo mmapeng.

Thaba ya Heremone

Thaba ya Karemele

Thaba ya Gerisime

Thaba ya Moria

◆ Moragonyana go ne ga agiwa eng mo go yone thaba eno?

․․․․․

◆ Ke ka ntlha yang fa Aborahame a ne a leka go ntsha Isake setlhabelo?

․․․․․

◆ A Isake e ne e le ngwana yo monnye ka nako eo?

․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: O akanya gore ke ka ntlha yang fa Isake a ne a ineela gore rraagwe a mo ntshe setlhabelo? Jesu o ne a tshwana le Isake ka tsela efe?

GO DIRAGETSE LENG?

Thala mola o o golaganyang kgosi le letlha le a simolotseng go busa ka lone.

1037 B.C.E. 977 936 716 659 607

2. 1 Dikgosi 1:38, 39

3. 2 Dikgosi 21:24

4. 1 Dikgosi 22:42

KE NNA MANG?

5. Ke ne ka isiwa botshwarwa kwa Babelona mme ka busediwa Jerusalema, kwa ke ileng ka tswelela ka go busa ke le kgosi.

KE NNA MANG?

6. Ke ne ka kwala karolo nngwe ya Baebele ke le kwa Babelona fa Baroma ba ne ba busa Jerusalema.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 4 Pharologanyo ke efe mo gare ga dikatlholo tsa Modimo jaaka di tlhalosiwa mo Baebeleng le masetlapelo a tlholego? (Genesise 18:․․․)

Tsebe 5 A go phoso go botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla batho ba boga? (Habakuke 1:․․․)

Tsebe 19 Fa o lwantshana le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go ikgalefela fa go direga gore o boele gape mo mokgweng ono? (Pesalema 103:․․․)

Tsebe 28-9 Lebaka le le losi la go bo re tshwanetse go tshaba kgokafalo ke lefe? (1 Bakorintha 6:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 14)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Thaba ya Moria.

◆ Tempele ya ga Solomone.

◆ O ne a ikobela taelo ya ga Jehofa.

◆ Nnyaa.

2. 1037 B.C.E.

3. 659 B.C.E.

4. 936 B.C.E.

5. Manase.

6. Petere.