Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso e e Boima go di Gaisa Tsotlhe

Potso e e Boima go di Gaisa Tsotlhe

Potso e e Boima go di Gaisa Tsotlhe

“GORENG?” Go utlwisa botlhoko go bona kafa lefokonyana leno fela le bontshang tlalelo le kutlobotlhoko ka teng. Batho ba botsa potso eno gantsi fa go sena go direga masetlapelo mangwe: Kgwanyape e sena go ganyaola karolo nngwe ya naga, e tlogela batho ba sule gape e bakile tshenyo e eseng kana ka sepe. Thoromo ya lefatshe e sena go tlogela toropo e le thotobolo fela. Go tlhasela ga dirukhutlhi go sena go dira gore letsatsi le e neng e tla nna letsatsi fela le le tlwaelegileng, le aparelwe ke letshogo le thubakanyo. Gongwe kotsi e sena go gobatsa kgotsa go re amoga mongwe yo re mo ratang.

Gantsi, ba ba amegang ke ba ba se nang molato le ba ba sa kgoneng go itshireletsa. Bosheng jaana go ile ga nna le matlhotlhapelo a le mantsi a a ntseng jalo, a a neng a dira gore batho ba le bantsi ba botse Modimo potso eno, “Goreng?” Akanya ka dikai dingwe:

▪ “Goreng o re dirile selo seno Modimo? Re go dirileng go bo o re galefetse jaana?” Lokwalodikgang lwa Reuters lo bega gore mosadi mongwe yo o tsofetseng kwa India o ne a botsa dipotso tseno morago ga gore tsunami e ganyaole motse wa bone.

▪ “Modimo o ne a le kae? Mme fa e le gore Modimo o na le taolo yotlhe, ke ka ntlha yang fa a letlile gore seno se diragale?” Dipotso tseno di ne tsa bodiwa ke lokwalodikgang longwe kwa Texas, kwa U.S.A, morago ga gore rrasethunya a thuntshe kwa kerekeng, mme a gobatsa le go bolaya batho ba le mmalwa.

▪ “Goreng Modimo a mo letleletse a swa?” Mosadi mongwe o ne a botsa potso eno morago ga gore tsala ya gagwe e bolawe ke kankere, e dira gore a tlogele monna wa gagwe le bana ba le batlhano go ba tlhokomela.

Batho bano ga se bone fela ba ba akanyang gore Modimo ke ene a ba bakelang mathata ano. Ka sekai, malebana le masetlapelo a tlholego, mo e ka nnang halofo ya batho ba ba neng ba botsolotswa ka Internet ba ne ba dumela gore masetlapelo a a tshwanang le dikgwanyape a bakwa ke Modimo. Ke ka ntlha yang batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eno?

Tlhakatlhakano ya Bodumedi

Go na le gore baeteledipele ba bodumedi ba neye batho dikarabo tse di kgotsofatsang, gantsi ke bone ba nnang le seabe mo goreng go nne le tlhakatlhakano e kana kana malebana le dikgang tseno. A re sekasekeng di le tharo fela tsa ditsela tse ba tlholang ba araba batho ka tsone.

Ya ntlha, bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi ba ruta gore Modimo ke ene a tlisang masetlapelo go otlhaya batho ba ba sa utlweng. Ka sekai, kwa United States, morago ga gore New Orleans, kwa Louisiana, e senngwe ke Kgwanyape ya Katrina, baruti bangwe ba ne ba re Modimo o ne a otlhaya batho ba toropo eno. Ba bontsha gore go tlalatlala ga boferefere, go betšha le boitshwaro jo bo maswe ke gone go dirang gore Modimo a ba otlhaye. Bangwe e bile ba bontsha gore Baebele e naya bosupi jwa seno, ba ntsha mabaka a fa Modimo a ne a fedisa baikepi ka morwalela le ka molelo. Le fa go ntse jalo, mabaka ano ga a dumalane le se Baebele e se buang.—Bona lebokoso “A ke Ditiro Tsa Modimo?”

Ya bobedi, baruti bangwe ba gatelela gore Modimo o na le mabaka a gagwe a go bo a tlisitse masetlapelo mo bathong mme mabaka ano ga re ka ke ra a tlhaloganya. Batho ba le bantsi ba fitlhetse kgopolo eno e sa kgotsofatse. Ba ipotsa gore , ‘A tota Modimo yo o lorato a ka dira bosula jo bo kana a bo a gana go bolelela ba ba nyoretsweng go gomodiwa le ba ba ikopelang go batla go itse gore “Ke ka ntlha yang?”’ Ee ruri, Baebele ya re: “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

Ya boraro, baeteledipele ba bangwe ba bodumedi ba akanya gore gongwe Modimo ga a na maatla le eseng e bile ga a lorato. Mme le fano, tlhaloso eno e tsosa dipotso tse di botlhokwa. A yo o ‘bopileng dilo tsotlhe’—go akaretsa le lobopo lo lo gakgamatsang lo lo logolo jaana—a ka palelwa ke go thibela pogo mo polaneteng eno e le yosi? (Tshenolo 4:11). Go tla jang gore Motho yo o re fileng bokgoni jwa go rata, yo Lefoko la gagwe le mo tlhalosang e le ene mothofatso ya lorato, a seke a tlhomogela batho pelo fa ba boga?—Genesise 1:27; 1 Johane 4:8.

Gone mme, dintlha tse tharo tse di sa tswang go umakiwa fano ke di se kae fela tsa ditsela tse batho ba lekang go tlhalosa ka tsone gore ke goreng Modimo o letlile pogo—potso e e sa bolong go tlhakanya batho ba ba ntseng ba batla dikarabo tlhogo ka makgolokgolo a dingwaga. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka se Baebele e se rutang ka kgang eno e e botlhokwa e bile e le mo nakong. Jaaka fa o tla bona, tlhaloso e e utlwalang sentle, le e e sa raraanang ya Baebele e thusa go fedisa tlhakatlhakano e e gone. Mo godimo ga moo, Baebele e gomotsa thata botlhe ba ba ileng ba boga masetlapelo mo botshelong.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

A ke Ditiro Tsa Modimo?

A Baebele e ruta gore Modimo ke ene a bakang masetlapelo a tlholego a re a bonang gompieno? Le e seng! Dikatlholo tsa Modimo tse di tlhalositsweng mo Baebeleng di farologane gotlhelele le masetlapelo a tlholego. Ka sekai, Modimo o a tlhopha; o kgona go bona dipelo tsa rona a bo a fedisa fela ba a bonang ba le boikepo. (Genesise 18:23-32) Mo godimo ga moo, Modimo o ntsha ditlhagiso pele, e le go naya ba ba siameng sebaka sa go falola.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, masetlapelo a tlholego one, a ka lemotsha go le gonnye kgotsa a se lemotshe gotlhelele pele a itaya, gape a bolaya le go gobatsa batho a sa tlhaole. Ka selekanyo se se rileng, batho ba dirile gore masetlapelo ano a nne maswe le go feta ka go senya tikologo le ka go aga mo mafelong a a tlhaselwang ke dithoromo tsa lefatshe, merwalela, le maemo a a kotsi a bosa.

[Motswedi wa Setshwantsho]

SENA VIDANAGAMA/AFP/Getty Images

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba ntsha dikarabo tse di tlhakanyang tlhogo e bile e le tse di sa tshwaneng