Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tla o Bone Noka e e Boitshegang ya Mekong

Tla o Bone Noka e e Boitshegang ya Mekong

Tla o Bone Noka e e Boitshegang ya Mekong

NOKA ya Mekong e elela go ralala dinaga di le thataro tsa Asia, go naya batho ba ka nna dimilione di le 100 ba ba tswang mo ditsong di ka nna 100 tsa dinaga tseno metsi le dijo. Ngwaga le ngwaga noka eno e ntsha ditone di ka nna dimilione di le 1,3 tsa ditlhapi—e leng selekanyo se se fetang sa tse di tshwerweng kwa North Sea go menagane ganè! Noka eno, e e boleele jwa dikilometara di le 4 350, go raya gore ke yone noka e telele go di feta tsotlhe kwa Asia Borwabotlhaba. Mme ka gonne e feta mo gare ga dinaga di le mmalwa, e maina mantsi, mme le le itsegeng thata—la Mekong—ke khutshwafatso ya leina la Se-Thailand, e leng Mae Nam Khong.

Mekong, e e simololang kwa karolong e e kwa godimo ya dithaba tsa Himalaya, e nna e pumpunyega jaaka e kete e na le matlhagatlhaga a bosha fa e ntse e phothosela mo mekgokoloseng ya dithaba e bile e biloga mo mekgatšheng. E tla re fa metsi a teng a fitlha kwa China, koo noka eno e bidiwang Lancang, a tla bo a setse a tsamaile sekgala se se boleele jwa halofo ya noka eno e bile a tla bo a fologetse kwa tlase thata selekanyo sa dimetara di le 4 500. Karolo e e kwa tlase ya Mekong yone e fologa fela sekgala sa dimetara di le 500. Ka gone karolo eno ya noka eno yone e batla e le e e iketlileng. Go tswa kwa China, noka eno e tla bo e dira molelwane o o kgaoganyang Myanmar le Laos le karolo e kgolo ya molelwane o o kgaoganyang Laos le Thailand. E fitlha e arogana sebedi kwa Cambodia, e bo e tsena kwa Vietnam e le dikala tse pedi tse di fitlhang e nna melatswana pele ga e tshologela kwa South China Sea.

Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1860, Mafora a ne a leka go batla tsela ya go tsamaisa dikepe go tlhatloga le noka ya Mekong gore ba ye go tsena kwa China. Le fa go ntse jalo, maiteko a bone a ne a itaya sefololetse fa ba ne ba leka go fapaana le metsi a a neng a elela ka lobelo lo logolo gaufi le toropo ya Kratie, kwa Cambodia, e bile ba kopana le metseletsele ya diphororo tse di boitshegang tse di bidiwang Diphororo tsa Khone, kwa karolong e e kwa borwa ya Laos. Go tshologa metsi a mantsi kwa Diphororong tsa Khone go feta a a tshologang mo diphororong dipe tse dingwe mo lefatsheng, a mantsi go menagane gabedi go feta le a a tshologang kwa Diphororong tsa Niagara, tse di kafa matlhakoreng oo mabedi a molelwane wa Canada le United States.

Noka ya Botshelo

Noka ya Mekong e botlhokwa thata mo ikonoming ya Asia Borwabotlhaba. Ka bobedi Vientiane, e e leng moshate wa Laos, le Phnom Penh, e e leng moshate wa Cambodia, ke ditoropo tse e leng boemakepe jwa noka eno. Fa o ntse o fologa, Mekong e nna karolo e e botlhokwa thata mo bathong ba Vietnam. Fa e fitlha koo e fitlha e arogana go nna melatswana e le supa, e e tsayang karolo ya disekwerekilometara di le 40 000, ya melatswana e e sekgala sa dikilometara di le 3 200. Metsi ano a mantsintsi a nosetsa mabala le masimo a raese e bile a tlisa mmu o o loraga wa noka o o tlhokegang thata mo masimong ano, a thusa go dira gore balemi ba nne le dithobo di le tharo tsa raese ngwaga le ngwaga. Ee ruri, Vietnam ke naga ya bobedi e e kgonang go romelela dinaga tse dingwe sejo seno se se jewang thata mo nageng eno, e gaisiwa fela ke Thailand.

Go na le mefuta e ka nna 1 200 ya ditlhapi kwa Mekong, mme dingwe tsa tsone, go akaretsa le tsa mofuta wa di-shrimp, go gwebiwa ka tsone. Mofuta mongwe o o rategang thata wa tlhapi mo lefelong leno, o o bidiwang trey riel, o na le sengwe se se dirileng gore o bo o tumile jaana—madi a Cambodia, riel, a teeletswe ka tlhapi eno. Teng mo nokeng eno ya Mekong gape go na le mofuta o mongwe wa tlhapi o o bidiwang catfish o o kgonang go gola go fitlha o nna dimetara di le 2,75 mme ke mofuta o o mo kotsing ya go nyelela. Ka 2005, batshwaraditlhapi ba ne ba tshwara dikilogerama di le 290 tsa tlhapi eno, go ka direga gore di ne di le dintsi thata go feta le fa e le dipe tse di kileng tsa tshwarwa le fa e le kae mo lefatsheng! Mofuta o mongwe wa tlhapi o o leng mo kotsing ya go nyelela, mo nokeng eno ya Mekong, ke o o bidiwang Irrawaddy dolphin. Babatlisisi ba re go ka tswa go setse tse di kwa tlase ga di le 100 fela mo nokeng eno.

Mo godimo ga go fepa dimilionemilione tsa batho ka dijo, mo nokeng eno ya Mekong gape go tsamaya mekoro e megolo le e mennye—mekorwana e mennye e e rweleng batho, mekoro e megolo e e pegileng dithoto, le e mengwe e e rwalang merwalo e megolo e ya kgotsa e tswa kwa lewatleng. Noka eno gape e ratwa thata ke bajanala, ba bontsi jwa bone ba ratang go etela ka kwa ga Diphororo tsa Khone, ba ya Vientiane. Toropo eno, e e tumileng thata ka dikanala tsa yone, di-pagoda, le matlo a a agilweng ka mmu wa letsopa, e ile ya nna lefelo le legolo thata la kgwebo, dipolotiki le bodumedi ka dingwaga di feta di le 1 000. Go tswa kwa Vientiane, motho o kgona go tlhatloga le noka eno a ya Louangphrabang. Toropo eno, e e nang le boemakepe, e kile ya bo e le motsemoshate wa naga e kgolo ya Thai-Lao, mme ka lobakanyana, go akaretsa le ka motlha wa puso ya Mafora, e ne e le motsemoshate wa bogosing wa Laos. Motho o sa ntse a kgona go bona tlhotlheletso e ntsi ya Sefora mo motseng ono wa bogologolo.

Mo dinakong tsa bosheng jaana, go ile ga nna le diphetogo dingwe tse di tshwenyang maikutlo mo Mekong. Diphetogo tseno di akaretsa mekgwa e e kotsi ya go tshwara ditlhapi, go senngwa ga dikgwa, le go agiwa ga matamo a magolo thata a metsi a a tla dirisiwang go fetlha maatla a motlakase. Mo go ba le bantsi ba ba lebeletseng, tshenyo eno e bonala e ntse e etegela. Mme go na le tsholofelo.

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Mmopi wa rona yo o lorato o tloga a tsaya kgato mo ditirong tsa batho a dirisa Bogosi jwa gagwe. (Daniele 2:44; 7:13, 14; Mathaio 6:10) Mo tlase ga puso eo e e itekanetseng e e tla bong e busa lefatshe, lefatshe lotlhe le tla busediwa mo maemong a lone a kwa tshimologong, mme dinoka, ka tsela ya tshwantshetso, di tla ‘opa diatla’ ka ntlha ya boitumelo jo bo seng kana ka sepe. (Pesalema 98:7-9) E kete Mekong e e boitshegang le yone e ka kopanela mo loshalabeng lono.

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MYANMAR

LAOS

CHINA

THAILAND

CAMBODIA

VIETNAM

Noka ya Mekong

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Masimo a raese, Melatswana ya Mekong

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go na le mo e ka nnang mefuta e le 1 200 ya ditlhapi mo Nokeng ya Mekong

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mmaraka mo nokeng, Vietnam

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Rice paddies: ©Jordi Camí/age fotostock; fishing: ©Stuart Pearce/World Pictures/age fotostock; background: © Chris Sattlberger/Panos Pictures

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Market: ©Lorne Resnick/age fotostock; woman: ©Stuart Pearce/World Pictures/age fotostock