Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Phoso go Nwa Bojalwa?

A go Phoso go Nwa Bojalwa?

Baebele ya Reng

A go Phoso go Nwa Bojalwa?

“BEINE ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” A temana eno, e e fitlhelwang mo Baebeleng mo go Diane 20:1, e bontsha gore go phoso go nwa dino tse di tagang? Bangwe ba akanya jalo. Go ntsha bosupi jo bo oketsegileng, ba bontsha ka dipego tsa mo Baebeleng tsa bangwe ba ba neng ba dira ditiro tse di sa siamang e le ka ntlha ya tiriso e e sa tshwanelang ya bojalwa.—Genesise 9:20-25.

Mme gape go na le diphelelo tse di maswe tsa go nwa ka tsela e e feteletseng—malwetse a a jaaka go omelela sebete, dikotsi tse di maswe, go nna mo mathateng a tsa madi, go sotla balelapa, le go gobatsa lesea le le iseng le tsholwe. Gongwe ka ntlha ya ditlamorago tse di sa itumediseng tseno, “madumedi a le mantsi a rutile gore go nwa bojalwa go phoso,” go bolela jalo The World Book Encyclopedia. A mme gone go phoso go nwa bojalwa? A Baebele e thibela go nwa dino tsotlhe tse di tagang ka selekanyo le fa e le sefe fela?

Baebele ya Reng?

Baebele yone ke boammaaruri gore e a tsibosa ka diphelelo tse di sa siamang tsa go nwa bojalwa bobe. Baefeso 5:18 e tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa.” Gape, Diane 23:20, 21 e gakolola jaana: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe. Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega.” Le Isaia 5:11 e bolela jaana: “A bo go latlhega ba ba tsogang go sa le phakela gore ba senke bojalwa jo bo tagang, ba ba nnelang go diega go fitlha lefifi la maitseboa mo ba fisiwang ke beine!”

Baebele e bua gape ka menate le melemo ya go nwa ka selekanyo. Ka sekai, Pesalema 104:15 e bontsha gore mpho nngwe ya Modimo ke “beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa.” Gape maduo a go dira ditiro tse di molemo, go ya ka Moreri 9:7, ke gore “o je dijo tsa gago ka boipelo mme o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng.” E re ka Paulo a ne a itse gore beine e molemo mo go alafeng, o ne a bolelela Timotheo gore a se tlhole a ‘nwa metsi, mme a nwe beine e nnye ka ntlha ya mala a gagwe le go bobola ga gagwe gangwe le gape.’ (1 Timotheo 5:23) Baebele e bontsha kafa bojalwa bo ka thusang motho ka gone gore a itshokele matshwenyego.—Diane 31:6, 7.

Go phepafetse, gore Baebele ga e thibele go nwa bojalwa. Le fa go ntse jalo, se e se kgalang, ke go nwa bobe le botagwa. Ke ka moo Paulo a gakololang balebedi ba Bakeresete, batlhanka ba bodiredi, le basadi ba ba tsofetseng gore ba se ineele “mo beineng e ntsi,” gape o ne a gakolola Timotheo gore a nwe fela “beine e nnye.” (1 Timotheo 3:2, 3, 8; Tito 2:2, 3) Bakeresete botlhe ba gakololwa gore “matagwa” ga a kitla a “rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

Ntlha e e tshwanetseng go elwa tlhoko ke gore Baebele e tsalanya botagwa le go ja bobe, e laela gore tsoopedi di tilwe. (Duteronome 21:20). Fa e le gore kgakololo eno e kaya gore ga re a tshwanela go nwa bojalwa gotlhelele, a seno se ne se ka se kaye gore le go ja dijo go ne go tla bo go le phoso? Go na le moo, go nwa thata go fitlhela motho o bo o tagwa le go ja mo go feteletseng ke gone go Baebele e reng go phoso—e seng go ja le go nwa ka selekanyo.

Ke Eng se Jesu a Neng a se Dira?

Moaposetoloi Petere o ne a re Keresete o re tlogeletse “sekao gore re latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. Ga a ka a dira boleo bope.” (1 Petere 2:21, 22) Ka jalo Jesu o ne a leba jang dino tse di tagang? Fa a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha o ne a fetola metsi go nna beine. Jesu o ne a fetola metsi go nna beine ya mofuta ofe? “Mokaedi wa lenyalo” o ne a leboga monyadi ka beine eno e e neng e dirilwe ka kgakgamatso. O ne a re: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tlhapetswe, ba ntshe ya maemo a a kwa tlase. Wena o beile beine e e monate go fitlha jaanong.”—Johane 2:9, 10.

Go nwa beine e ne e le karolo ya go keteka mokete wa Tlolaganyo, mme Jesu o ne a dirisa beine fa a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. Fa a naya barutwa ba gagwe senwelo sa beine, o ne a ba raya a re: “Nwang mo go sone, lotlhe.” Ka a ne a itse gore loso lwa gagwe lo gaufi, o ne a oketsa jaana: “Go tloga jaanong ga ke na go nwa sepe sa kungwa eno ya mofine ka gope go fitlha ka letsatsi leo fa ke e nwa e le ntšha le lona mo bogosing jwa ga Rre.” (Mathaio 26:27, 29) Ee, batho ba ne ba itse gore Jesu o ne a nwa beine.—Luke 7:34.

Re Tshwanetseng Go Dira Eng?

Le fa gone Baebele e sa thibele go nwa dino tse di tagang, seno ga se bolele gore re tshwanetse go di nwa. Go na le mabaka a le mantsi a a ka dirang gore re ithibe mo go tsone. Ka sekai, motho yo o kileng ya bo e le lekgoba la bojalwa o itse ka dikotsi tsa go nwa le fa e ka nna galase e le nngwe fela. Mosadi yo o moimana a ka ithiba mo bojalweng ka ntlha ya go tshaba go gobatsa lesea le le mo popelong. Mokgweetsi yo o itseng ka fa bojalwa bo ka koafatsang tlhaloganyo ka teng le ka foo bo ka robang ditokololo ka teng, o tla tila go dira sengwe le sengwe se se ka tsenyang botshelo jwa gagwe kgotsa jwa ba bangwe mo kotsing.

Mokeresete a ka se batle go nna sekgopi mo go mongwe le mongwe yo segakolodi sa gagwe se nyatsang go nwa bojalwa. (Baroma 14:21) O tla bo a bontsha botlhale, ka go se nwe bojalwa fa a le mo bodireding. Go tshwanetswe ga elwa tlhoko gore mo Molaong wa Modimo o a neng a o neile Iseraele wa bogologolo, baperesiti ba ne ba ileditswe go “nwa beine kgotsa bojalwa jo bo tagang” fa ba dira ditiro tsa boperesiti. (Lefitiko 10:9) Mme gape, mo mafatsheng a go nwa bojalwa go thibetsweng mo go one, Bakeresete ba tla batla go ikobela molao ono.—Baroma 13:1.

Le mororo go akanyetsa gore a ke o nwe bojalwa kgotsa nnyaa, kgotsa gore o nwe go le kana kang e le ditshwetso tse motho a di itirelang ka boene, Baebele yone e buelela go nwa ka selekanyo. E bua jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

A O KILE WA IPOTSA?

▪ Ke tlhagiso efe e e ka ga tiriso ya bojalwa e e mo Dikwalong?1 Bakorintha 6:9, 10.

▪ A Jesu o ne a nwa bojalwa?Luke 7:34.

▪ Ke eng se se kaelang Bakeresete ba boammaaruri mo kgannyeng ya go ja le go nwa?1 Bakorintha 10:31.