Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A o Keteka Letsatsi la Bommèmogolo?”

“A o Keteka Letsatsi la Bommèmogolo?”

“A o Keteka Letsatsi la Bommèmogolo?”

E NE e le mo mesong, go le tsididi, mo marigeng. Natalia, mosetsana wa dingwaga di le 16 wa kwa Poland, o ne a emetse terena fa babegadikgang ba babedi ba lokwalodikgang lwa naga ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmotsa gore, “A o keteka Letsatsi la Bommèmogolo?”

Kwa Poland, Letsatsi la Bommèmogolo, Letsatsi la Borremogolo, Letsatsi la Bommè, Letsatsi la Basadi, le Letsatsi la Barutabana ke malatsi a a kgethegileng. Gantsi bana ba bannye ba keteka letsatsi la Bommèmogolo, le la Borremogolo, ka go ba direla dikarata tsa ditumediso, fa bana ba ba godileng bone ba naya bommèmogolo le borremogolo ba bone dimpho kgotsa malomo.

La ntlha, Natalia o ne a sa itse gore o tla reng fa a bodiwa potso eno. Mme morago ga gore a rapele thapelo e khutshwanyane mo pelong, o ne a bolelela babegadikgang jaana, “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ga ke keteke Letsatsi la Bommèmogolo.” Babegadikgang bano ba ne ba lebega ba gakgamaditswe ke karabo ya ga Natalia. Natalia o ne a nyenya mme a oketsa jaana: “Ke nna le mmèmogolo, ka jalo ke kgona go mo naya malomo, go bua le ene, le go mo lebogela lorato lwa gagwe letsatsi le letsatsi. Ke ka ntlha ya eng fa ke tshwanetse go mo tlotla letsatsi le le lengwe fela ka ngwaga?”

Tlhaloso eno e e akanyeditsweng e ne ya gakgamatsa babegadikgang, fela jaaka le wena e ka go gakgamatsa. Letsatsi le le latelang go ne ga gatisiwa mafoko a ga Natalia le setshwantsho sa gagwe mo lokwalodikgannyeng lwa mo mesong.

A sekai seno ga se dire gore o ipotse gore a le wena o ipaakanyeditse go tlhalosa mabaka a tumelo le maitshwaro a gago, bogolo jang fa o ka bodiwa o sa lebelela? Baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba batla go mo tlotla ka go nna ba ipaakanyeditse go ntsha mabaka a se ba se dumelang le go nna ba iketleeleditse go dira jalo fa go kgonega.—1 Petere 3:15.