Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo a Dirang Gore re Kgone go bo Bona

Botshelo jo a Dirang Gore re Kgone go bo Bona

Botshelo jo a Dirang Gore re Kgone go bo Bona

“BONA! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo.” Go buiwa thata ka ditsholofetso tse di tshwanang le eno malebana le puso ya Bogosi jwa ga Jesu mo Baebeleng. Tsholofetso e nngwe e e ntseng jalo ya re: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. . . . Madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Isaia 32:1; Pesalema 72:12-14.

A go na le mongwe yo o ka ganetsang gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tlhoka puso e e ntseng jalo ya tshiamo? Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe go akanya thata ka Bogosi jwa Modimo. O ne a ba ruta go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Bosupi Jwa Gore Bogosi Jwa Modimo bo Atametse

Re tla itse jang gore Bogosi bo tla tla leng e le fa go arabiwa thapelo eo? Balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba batla go itse mme ba ne ba botsa jaana: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Jesu o ne a araba ka go re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba . . . , mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana. Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” O ne a tlhagisa gape jaana: “Ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:3-12.

Boporofeti jo bongwe jwa Baebele jwa re “mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1-5.

O ka tswa o dumela gore tlhaloso eno ya ‘metlha ya bofelo’ e tshwanela dinako tse re tshelang mo go tsone. Go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore gone jaanong ke nako ya go diragadiwa ga boporofeti jo bo latelang jwa Baebele: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Puso ya Bogosi e “Kgosana ya Kagiso” e tla busang mo go jone e tla tlosa sengwe le sengwe se se tla kgoreletsang kagiso ya batho ba ba tla falolang fa lefatshe leno le fedisiwa. (Isaia 9:6) Boporofeti jwa Baebele bo solofetsa jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Bokhutlo jwa lefatshe leno bo tla dira gore batho ba ba dirang go rata ga Modimo ba boe ba amogele gape se batho ba ileng ba latlhegelwa ke sone fa batsadi ba rona ba ntlha, e bong Adame le Efa, ba ne ba tsuologela Modimo.

Botshelo jo bo Tla Tlogang bo Nna Teng

Jesu o ne a tlhalosa jaana ‘Mo popong e ntšha, Morwa motho o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang.’ (Mathaio 19:28) ‘Popo e ntšha’ eo ke eng? Thanolo e nngwe e dirisa mafoko a a reng “go ntšhafadiwa ga dilo tsotlhe.” (New International Version) Pego e nngwe ya Baebele e e tsamaisanang le eno ya re ke [tsamaiso] e e tlang ya dilo.” (Luke 18:30) Ka nako eo, Jesu o tla dirisa taolo e a e filweng ke Modimo ya go nna Kgosana ya Kagiso go naya botlhe ba ba dumelang mo thekololong ya gagwe ya setlhabelo botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 5:21.

Mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ya dilo, batho ba tla itumelela botshelo jo Modimo a neng a bo neile Adame le Efa fa a ne a ba baya mo Paradaiseng ya mo lefatsheng. Gakologelwa gore Modimo o ne a ba laela gore ba nne le bana, ee, gore ba ‘tlatse lefatshe le go le fenya.’ Tiro ya bone e ne e le go godisa Paradaise ya kwa Edene go fitlha e nna mo lefatsheng lotlhe! (Genesise 1:28) Ka tsela e e tshwanang, mo popong e ntšha lefatshe le tla tlala ka batho ba ba falotseng mo bokhutlong jwa lefatshe, bana ba bone, le ba ba neng ba sule mme ba tsositswe mo tsogong ya baswi. Tiro ya batho bao e tla bo e le go nna le seabe mo go direng gore lefatshe e nne paradaise, jaaka Modimo a ne a ikaeletse mo tshimologong.

Akanya ka masego mangwe a Baebele e bontshang gore a tla itumelelwa ke batho ba ba tla bong ba le mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:13.

Le fa go ka tswa go le thata go dumela gore ditshwantsho tse di tshwantshitsweng mo ditsebeng tseno di tla nna boammaaruri, di tla direga tota mo “tsamaisong e e tlang ya dilo.” Jesu o ne a tlhalosa se batho ba tlhokang go se dira gore ba itumelele masego ano fa a rapela Modimo ka gore: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) E kete o ka nna gare ga batho ba ka boikokobetso ba batlang kitso eno e e tla ba nayang botshelo.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“O tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.”—Isaia 9:6, 7

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Botlhe ba Tla Nna le Matlo le Tiro

“Batla aga matlo ba nne mo go one . . . Ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”—Isaia 65:21, 22.

Dijo Tse Dintsi Tse di Lekaneng Mongwe le Mongwe

“Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone.” “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.”—Pesalema 67:6; 72:16.

Kagiso ya Lefatshe Lotlhe e Tla Ama le Diphologolo

“Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, . . . mme mosimanyana o tla di etelela pele.”—Isaia 11:6.

Ntwa e Tla Fedisiwa, Kagiso e Nnele Ruri

“Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.”—Isaia 2:4; 9:7.

Baratiwa ba ba Suleng ba Tla Tsosiwa

“Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

Go sa Tlhole Go na Le Bolwetse Kgotsa Loso

“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” “Loso lo tla bo lo seyo . . . Dilo tsa pele di fetile.”—Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4.