Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Calypso—Mmino o o Tlhomologileng wa Setso wa Kwa Trinidad

Calypso—Mmino o o Tlhomologileng wa Setso wa Kwa Trinidad

Calypso—Mmino o o Tlhomologileng wa Setso wa Kwa Trinidad

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA TRINIDAD

FA O utlwa ka Repaboliki e e bopiwang ke ditlhaketlhake tse pedi tsa Trinidad le Tobago, go tla eng mo mogopolong wa gago? Ba le bantsi ba tla akanya ka medumo ya okhestra e e tshamekiwang ka diletswa tsa tshipi le melodi e e itumedisang ya mmino wa calypso. Tota e bile, moribo o o monate wa mmino wa calypso, le tsela ya one e e itlhaolang ya go o tshameka, di ile tsa ratwa thata le e leng kwa dinageng tse mmino ono o sa tlholegang mo go tsone, tse di kwa borwa jwa Lewatle la Caribbean. *

Go ya ka buka ya Calypso Calaloo, lefoko leno calypso le ka raya “pina nngwe le nngwe e morago ga dingwaga tsa bo1898, e neng e opelwa ka nako ya mekete ya Carnival kwa Trinidad, e ka tswa e opelwa ke batho ba ba tlhapetsweng ke mokete mo mebileng, kgotsa e opelwa mo seraleng ke baopedi ba dikgeleke kgotsa ba ba sa ntseng ba tlhagoga.” Calypso e ka nna ya bo e simolotswe ke mokgwa wa bogologolo wa Seafrika wa go tlhaba mainane, o o neng wa leriwa ke makgoba a Maafrika kwa Trinidad. Kgabagare dikarolo tse di neng di ratega tsa mmino, tanse, le go letsa meropa ga Seafrika, mmogo le tlhotlheletso ya Sefora, Se-Latin America, Seesemane, le ditso tse dingwe, di ne tsa kopanngwa go bopa se kwa bofelong e neng ya feleletsa e le calypso.

Ga go itsiwe sentlentle gore leina leno calypso le simologile kae. Bangwe ba dumela gore le tswa mo lefokong la puo nngwe ya Afrika Bophirima e leng kaiso, le le neng le dirisiwa fa go itumeletswe motshameko mongwe o o tshamekilweng ka tsela e e duleng diatla. Tota le eleng pele ga bokgoba bo fedisiwa kwa Trinidad le Tobago mo dingwageng tsa bo1830, boidiidi jwa batho bo ne bo phuthega mmogo mo meketeng ya ngwaga le ngwaga go tla go utlwa chantuelles (diopedi) di ipoka e bile di sotla diopedi tse dingwe ka dipina. Go dira gore mmino ono e nne o o itumedisang le go feta, seopedi sengwe le sengwe sa mmino ono wa calypso se ne se nna le leina la sone la mo seraleng, kgotsa la mareto, le setaele sa gagwe se se mo tlhaolang mo diopeding tse dingwe.

Setaele sa Mmino Ono le Tlhotlheletso ya One

Diopedi tsa mmino wa calypso ga di bolo go nna di itsiwe ka bokgoni jwa tsone jwa go dirisa puo e e tlhabang. Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba bone ba nna le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go tla ba itsenyetsa ditemana tse disha, tse di dirang morumo o o tshwanelang pina, gantsi ba tla ba di kgabisa ka mafoko a a kgatlhang a a tsamaisanang sentle le se pina e buang ka sone. Mo metlheng ya bogologolo, diopedi tsa mmino wa calypso thatathata e ne e le ba-Trinidad ba Maafrika e bile e se batho ba ba itsholetseng go le kalo, mme gompieno ke batho ba ditso tsotlhe, mebala yotlhe, le ba maemo otlhe.

Dr. Hollis Liverpool, yo e kileng ya bo e le mokaedi wa tsa setso kwa Trinidad le Tobago, ke mokwalahisitori e bile gape ke seopedi sa mmino wa calypso. Fa a ne a bua ka diopedi tsa bogologolo tsa mmino wa calypso, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Selo sengwe se ka metlha ba neng ba na le bokgoni thata mo go sone e ne e le go dira metlae, ka gonne batho ba ne ba tle ba ye kwa go tshamekiwang [calypso] thatathata gore ba ye go ntshiwa bodutu, go ya go utlwa magatwe, go ya go tlhomamisa boammaaruri jwa se ba setseng ba se utlwile. Batho ba maemo a a kwa godimo ba ne ba tla, segolobogolo go tla go utlwa se ba maemo a a kwa tlase ba se dirang, mme mmusi le matsogo a gagwe ba ne ba tla go tla go bona gore ba beilwe mo maemong afe mo go tsa dipolotiki.”

Gantsi diopedi tseno tsa mmino wa calypso di ne di rata go dira metlae ka badiredibagolo ba puso le batho ba maemo a a kwa godimo. Ka ntlha ya moo, diopedi tseno di ne di tsewa e le bagaka le bommampodi mo bathong ba maemo a a kwa tlase, mme di tsewa e le batho ba ba letshwenyo mo bathong ba maemo a a kwa godimo. Ka dinako tse dingwe diopedi tseno di ne di tlhama dipina tse di nang le mafoko a a tlhabang botlhoko jaana mo e leng gore fa nako e ntse e ile ba puso ba ne ba ikutlwa ba patelesega go tlhoma melao e e neng e diretswe go ba laola. Ka ntlha ya melao eno diopedi tseno di ne tsa simolola go dirisa mokgwa wa go dirisa mafoko a a bokao bobedi, kgotsa a a ka tlhalosiwang ka ditsela tse di farologaneng, mme ba feleletsa e le dikgeleke mo mokgweng ono. Le gompieno jaana, dipina tseno tsa calypso di sa ntse di tsweletse di dirisa mokgwa ono wa go dirisa mafoko a a ka tlhalosiwang ka ditsela tse di sa tshwaneng.

Ga se fela gore diopedi tsa mmino ono wa calypso ba ne ba itse fela go dirisa puo mme gape ba ne ba kgona go e tlhama. Tota e bile ba dirile go le gontsi go oketsa mafoko a a dirisiwang mo motlotlong fela wa letsatsi le letsatsi wa puo ya West Indies. Ke gone ka moo batho ba le bantsi, tota le eleng ba dipolotiki, gantsi ba na le go nna ba nopola diopedi tsa mmino wa calypso fa ba batla go gatelela ntlha ya bone.

Calypso Gompieno

Mo metlheng ya bosheng jaana go ile ga dirisiwa ditaele di le dintsi le metswako e le mentsi ya ditaele tse di farologaneng mo mminong ono wa calypso tse di dirileng gore mmino ono o ratwe ke barati ba mefuta e e farologaneng ya mmino. Fela jaaka fa go ntse ka mefuta e mengwe e mentsi ya mmino, mafoko a dipina dingwe tsa calypso ga a bontshe go le kalo melao ya maemo a a kwa godimo thata ya boitshwaro. Go phepafetse gore re tshwanetse go nna kelotlhoko thata mo kgannyeng ya gore re tlhopha go reetsa mmino wa mofuta mang. (Baefeso 5:3, 4) Re tshwanetse go ipotsa, ‘A ke ne nka tlhabiwa ke ditlhong fa ke ne ke tshwanelwa ke go tlhalosetsa banake kgotsa motho mongwe yo o sa itseng mmino ono, gore pina eno e a reng?’

Fa o tla Trinidad le Tobago, ga go na pelaelo gore o tla itumelela go bona dintshi tse dintsi tsa lewatle le mafelo a teng a a mafika o bo o kgatlhwe ke ditso le dingwao tse di tlhakatlhakaneng tsa batho ba ditlhaketlhake tseno. Mme gape o ka nna wa itumelela dipina tsa okhestra tse di tshamekiwang ka meropa ya tshipi le mmino wa calypso—mmino o o monate, le o o itumedisang o o ratwang ke bagolo le bannye lefatshe ka bophara.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ditlhopha tsa diopedi tse di dirisang diletswa tsa tshipi gantsi di tshameka mmino wa diletswa wa calypso, mme gantsi seopedi sa mmino wa calypso se opela se tla se patilwe ke diletswa tse di tshwanang le katara, lonaka, sekesofone, le meropa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Meropa ya tshipi