Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Mo e ka nnang halofo ya banyalani botlhe ba a amogela gore ba na le ‘go sa ikanyege mo tirisong ya madi’—ga ba bolelele balekane ba bone boammaaruri gore ba dirisa madi a a kana kang.”—THE WALL STREET JOURNAL, U.S.A.

“Karolo e kgolo ya diperesente di le 84 tsa lefatshe la Greece e mo kotsing ya go nna sekaka fela mme e nngwe ya diperesente di le 8 e setse e le lefatshe le le omeletseng.”—KATHIMERINI (KGATISO YA SEESEMANE), GREECE.

Lateu, kwa Setlhaketlhakeng sa Tegua, kwa Vanuatu, Oceania, go ka direga gore e ne e le one motse wa ntlha go tlogelwa—kgotsa re ka re, o batho ba one ba neng ba ntshiwa mo go one ba fudusediwa kwa lefelong le lengwe—ka ntlha ya go fetoga ga tlelaemete. Go ne go direga gangwe le gape gore magae a batho koo a “tlhaselwe ke difefo le dinteelo.”—VANUATU NEWS, VANUATU.

Batho ba ba Nang le Dingwaga di le 100 ba Ntse ba a Ntsifala

Go tshela go fitlha o nna le dingwaga di le 100 ga e tlhole e le selo se se sa tlwaelegang go le kalo morago jaana, go rialo makasine wa New Scientist. Mo lefatsheng lotlhe gone jaanong go na le batho ba ka nna 200 000 ba ba nang le dingwaga di le 100. Mo godimo ga moo, go ya ka makasine oo, ba le 66 ba bone ba setse ba fitlhile go dingwaga di le 110, mme seno se dira gore ba tsewe e le ba ba tshetseng lobaka lo loleele thata. Makasine ono wa New Scientist o a amogela gore ka dinako tse dingwe go thata go tlhomamisa boammaaruri jwa gore motho o tota a tshetse lobaka lo loleele thata jalo, mme “ntlha ya go bo go se na direkoto tse di tlhomameng gape le raya gore palo ya mmatota ya batho ba ba tshetseng lobaka lo loleele thata jalo, ba ba sa ntseng ba tshela gompieno jaana e ka nna ya bo ya fitlha kwa go 450.”

Go Lemogilwe se se Ntseng se Bolaya Batho ka Bontsi

“DNA e e tserweng mo menong kwa mabitleng mangwe a bogologolo a kwa Athena e thusitse go tlhagisa” se se neng sa bolaya batho ka bontsi mo metlheng ya bogologolo, go rialo makasine wa Canada wa Maclean’s. Mokwadi wa Mogerika e bong Thucydides, mo bukeng ya gagwe ya History of the Peloponnesian War, o umaka sebetso sengwe sa leroborobo se se neng sa tlhasela Athena mo e ka nnang ka 430 B.C.E. mme sa dira gore Sparta, e e neng e gaisanela maemo le Athena, e fenye Athena. Tsela e Thucydides a neng a tlhalosa bolwetse jono jwa leroborobo ka teng e ne e sa tlhamalala go le kalo gore motho a ka kgona go kaya gore ke bolwetse mang. Le fa go ntse jalo, gone jaanong go begwa gore e ne ya re fa go sekasekiwa karolo nngwe e e kwa garegare ya leino, e e kgonang go boloka ditwatsi mo go yone ka makgolokgolo a dingwaga, babatlisisi ba ne ba lemoga gore selo se se ntseng se bolaya batho ka bontsi mme se sa itsiwe gore ke eng, totatota ke letshoroma la mala.

Metšhini e e Dirisiwang go Kgweetsa Dikamela

Motshameko wa kgaisano ya mabelo a dikamela, o o tumileng thata mo dinageng tsa Kgogometso ya Peresia, o ne wa batla o tsena mo kotsing ya go khutlisiwa fa mekgatlho ya balwela ditshwanelo tsa batho e ne e nyatsa go dirisiwa ga bana go kgweetsa dikamela. Le fa go ntse jalo, bomankge ba motshameko ono ba re gore kamele e kgone go ntsha ga tshwene, mopalami wa yone ga a tshwanela go feta boima jwa dikilogerama di le 27, mo go rayang gore tota le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ga ba ka ke ba dirisiwa mo motshamekong ono. Go ne ga dirwang go rarabolola bothata jono? Go ne ga dirwa metšhini e e tla dirisiwang go kgweetsa dikamela. Batlhami ba metšhini ba Switzerland ba ile ba tlhama motšhini o o kgonang go laolwa ke motho a le kgakala o o dikilogerama di le 26, o o kgonang go bofelelwa sentle mo saleng e e kgethegileng ya kamele. Go dira gore kamele e se ka ya tshoga, motšhini ono o dirwa gore o nne jaaka e kete ke motho, o bo o bue jaaka motho. Gape o kgona go sekama, go itshegeletsa, go dirisa seme, le go goga ditomo tsa kamele. Beng ba dikamela ba itumeletse go dirwa ga motšhini ono.

Peo e a Mela Morago ga Dingwaga di le 2 000

Setlhare sa bogologolo sa mokolane sa kwa Judea, se se rategang ka ntlha ya bontle jwa sone, moriti le go kgona ga sone go alafa malwetse mangwe, se ne sa senngwa ke masole ka dinako tsa Metlha ya Bogare. Mme jaanong, “dingaka le baitsesaense ba Iseraele ba ile ba kgona go medisa peo ya setlhare seno e e batlang e le dingwaga di le 2 000,” go bega jalo The New York Times. “Peo eno, e ba e fileng leina la Methusela, e ribolotswe kwa Masada,” e leng logaga lo lo neng lwa gapiwa ke Baroma ka 73 C.E. Dr. Elaine Solowey, yo e leng mankge mo go tsa temothuo mo mafelong a a omeletseng, yo o neng a medisa peo eno, o ne a tlhalosa gore go tlile go tsaya dingwaga di le dintsi thata pele peo eno e tlhagisa maungo, le gone e tla a tlhagisa fela fa e le gore ke peo e namagadi. A re “fa e le gore ke e tonanyana, e tla nna selo fela sa go bogelwa.”