Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditonki—Re ne Re ka Kgona Jang Kwantle ga Tsone?

Ditonki—Re ne Re ka Kgona Jang Kwantle ga Tsone?

Ditonki—Re ne Re ka Kgona Jang Kwantle ga Tsone?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ETHIOPIA

MO MEBILENG ya Addis Ababa—motsemoshate wa Ethiopia, naga e e mo maemong a bo16 mo lefatsheng lotlhe ka bontsi jwa palo ya baagi—tonki ga e bolo go nna sepalangwa se se botlhokwa thata koo. Bakgweetsi ba le bantsi ba dikoloi ba ithutile go e amogela, ba tlhokomela gore gantsi tonki e a itse kwa e tshwanetseng go ya teng, le gore fa e batla go ya koo ga go na se se ka e thibelang. Le mororo ditonki di sa tshabe pharakano e e tlhanaselang, merwalo ya tsone e o fitlheleng e akgilwe mo matlhakoreng e batla gore o nne kelotlhoko fa o tsamaya gaufi le tsone, e bile ga nke di leba kwa morago. Ka gone, fa o sa batle go ikgotlha ka magala, dibi, kgotsa le fa e le eng fela se tonki e ka tswang e se rwele, go ka nna botoka gore o tsamaele kgakajana le yone!

Go lekanyetswa gore palo ya ditonki kwa Ethiopia e ka fitlha go dimilione di le tlhano, mo e ka nnang tonki e le nngwe mo bathong bangwe le bangwe ba le 12. Dimilionemilione tsa Baethiopia ba nna kwa ditlhoeng tsa dithaba tse di kgakala, mme mo gare ga dithaba tseno go na le mekgatšha e e boteng. Dikarolo tse dikgolo thata tse di setlhaba tsa naga eno di kgaogantswe ke melatswana e mentsintsi e mennye. Go aga maborogo kgotsa ditsela tse di isang kwa mafelong ano go ne go ka imetsa naga nngwe le nngwe e e mo maemong a a tshwanang le a naga eno ka madi. Ka gone mofuta mongwe wa dipalangwa o o tshwanelang mo maemong ano ke tonki, e e sa feleng pelo e bile e nonofile.

Tonki e kgona go itshokela mo e ka nnang maemo otlhe a tlelaemete a Ethiopia—dikarolo tsa naga tse di kwa tlase, tse di omileng e bile di le molelo mmogo le dikarolo tse di kwa dithabeng. E kgona go tsamaya sentle mo dikarolong tse di motlhatlogo tsa dithaba, mo ditseleng tse di tshesanyane tse di dirilweng ke maoto, mo boalong jwa noka jo bo tletseng matlapa, ditselana tse di ditsobotla, le mafelo a mangwe a a makgawekgawe. E kgona go ya le kwa mafelong a le dipitse kgotsa dikamela di sa kgoneng go ya kwa go one. Mo dimilionemilioneng tsa batho, tonki ke yone sepalangwa segolo se se rwalang dilo, bogolo jang mo ditoropong tse magae a le mantsi a tsone a leng mo koloi e sa kgoneng go tsena mo go one.

Ditonki di kgona go tsamaya mo ditseleng tse di matsoketsane thata le tse di dirilweng di tshesanyane. Ga di tlhoke dithaere tse di jang madi a mantsi, e bile ga di na mathata mo ditseleng tse di boreledi. Di kgona go rwala merwalo ya sebopego sengwe le sengwe le ya bogolo bongwe le bongwe, mme di kgona go isa dithoto mo e ka nnang gongwe le gongwe fela. Fa bakgweetsi ba dikoloi ba tshwanelwa ke go letsa dinaka tsa dikoloi tsa bone ka ntlha ya go galefa, ditonki tsone di kgona go itsamaela sentle fela mo gare ga pharakano e e kgotlaganeng. Ga go na lepodise lepe le le ka akanyang ka go duedisa tonki faene ka gonne e tsene tsela mo e sa tshwanelang go tsena teng. Mme go phaka ga se bothata mo tonking. Tonki e ka nna ya bo e rekisiwa diranta di le 370, mme madi ao a mannye thata fa o a bapisa le ditshenyegelo tsa koloi!

Ditonki mo Motsemoshate

Mo mosong, diketekete tsa ditonki di mo loetong go ya Addis Ababa—e e nang le baagi ba feta 3 000 000—gantsi di tswa bokgakala jwa dikilometara di le 25. Bolaboraro le Bomatlhatso ke malatsi a a tlhanaselang thata, ka gonne malatsi ano ke malatsi a go rekwang dilwana kwa mmarakeng ka one. E ka nna ya nna loeto lo lo tsayang diura di le tharo, mo go rayang gore motho o tshwanelwa ke go tswa kwa gae ka mahube a naka tsa kgomo. Ka dinako dingwe beng ba ditonki tseno ba tsamaya le tsone, mme gantsi ba tla kwa morago, ba tshwanelwa ke go itlhaganela gore ba di tshware mo tseleng.

Gantsi di a bo di rwele dikgetsi tsa dijo tsa ditlhaka, merogo, dikgong, samente, le magala, mmogo le metomo ya oli e e apayang le makesi a dibotlolo tsa dino. Ditonki dingwe di ka rwala morwalo wa dikilogerama di le 90 kgotsa go feta. Dilo tse di telele, tse di tshwanang le lotlhaka lwa bampuse kgotsa dikota tsa ditlhare tsa eucalyptus, di bofelelwa mo matlhakoreng a tonki mme ditonki di tsamaya di di goga mo tseleng. Gongwe mongwe wa merwalo e e kgatlhang thata ya tonki e ka nna dingata tse di kwa godimo tsa lotlhaka kgotsa furu, tse di feleletsang di dirile gore o batle o sa bone tonki e e di rweleng.

Ditonki tseno, fa di le mo tseleng mo mosong go ya mmarakeng, di rwele merwalo eno ya tsone e e boima, di ka nna tsa bo di tsamaya ka lobelo lo logolo thata. Mme fa di boela gae go tswa marekisetsong, mme di sa tlhole di rwele morwalo o o boima ole, di tsamaya di iketlile, mo gongwe di tla di ema go ja bojang jo bo mo thoko ga tsela. Ka malatsi a di sa yeng mmarakeng ka one, di sa ntse di dirisiwa go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa go ya go ga metsi le go rwalela dikgong. Gape di ka hirisediwa batho ka madi. Tse dingwe e bile di bereka jaaka ditonki tse di hirisediwang fela go rwala merwalo! Mo mafelong mangwe di dirisiwa go goga dikolotsana tsa maoto a mabedi, kgotsa ka dinako tse dingwe, ditonki tse pedi di goge kolotsana e e batlang e le kgolwanyane.

Di Tshwanelwa ke go Tlotlwa

Ditonki ga di tlhoke tlhokomelo e e tseneletseng go le kalo. Di ipatlela dijo ka botsone mme di ja mo e ka nnang sengwe le sengwe fela. Fa di tshwerwe sentle, di rata beng ba tsone fela thata. Go fitlhetswe gore di botlhale go feta dipitse. Gape di na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go gakologelwa tsela. Di kgona go itsamaisa ka botsone go ya go rwala metsi mo lefelong le le ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le robedi, di tlhoka fela gore go bo go na le mongwe kwa di yang gone kgotsa kwa di tswang gone, yo o ka di pegang morwalo kgotsa a o pagolola. Gape di ka nna tsa tsenngwa ditleloko gore batho kwa di yang gone ba kgone go di utlwa fa di tla mme ba itse go ya go tsaya morwalo o di o tlisitseng.

Le fa ditonki di dira ka natla jalo, di a utlwa fa morwalo o di o rweleng o feta selekanyo, le fa e le nako ya gore di ikhutse. Mo maemong ano, kgotsa fa morwalo o beilwe ka tsela e e dirang gore di utlwe botlhoko, di ka nna tsa nna fela fa fatshe. Fa di dira jalo bangwe ba ka tsaya gore di a dipa mme ba di sotle kgotsa le eleng go di itaya. O ka nna wa gakologelwa pego nngwe mo Baebeleng ya tiragalo ya mofuta ono.—Dipalo 22:20-31.

Ditonki di tshwanelwa ke go akanyetswa le go tshwarwa sentle. E ka nna matlhotlhapelo fa morwalo o o mo go yone o sa bofiwa sentle mme o tla o suta, o dira gore tonki e wele ka lengope e bo e robege. Diso, ditshenekegi tse di farologaneng, go ruruga ga maoto, nyumonia, le mathata a mangwe di ka koafatsa diphologolo tseno tse di dirang ka natla. Ka ntlha ya seno, go agilwe tliliniki ya segompieno ya ditonki kwa Debre Zeyit, toropo e e seng kgakala thata le Addis Ababa. Tliliniki eno e na le dikhomputara, diphaposi tsa go alafa, dikoloi tse di nang le didirisiwa tsa go alafa ditonki, tota le eleng lefelo la go dira karo la ditonki. Ka gone, ka 2002, mo e ka nnang ditonki di le 40 000 di ne tsa amogela mefuta e e farologaneng ya tlhokomelo ya kalafi.

Aborahame, tlhogo ya lotso, o ne a tsamaya mo lefelong le le dithaba ka tonki ya gagwe fa a ne a ya kwa Thabeng ya Moria. (Genesise 22:3) Mo hisitoring yotlhe ya setšhaba sa Iseraele, tonki e ne e ntse e na le seabe mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo jwa bone. Tota le go tsena ga ga Jesu Keresete kwa Jerusalema ka phenyo, o tsene a pagame tonki.—Mathaio 21:1-9.

Le kwa Ethiopia tonki ga e bolo go nna e dirisiwa. Mme e sa ntse e le botlhokwa thata mo matshelong a batho. Le fa dilori le dikoloi di ile tsa nna tsa fetofetolwa go ralala dingwaga, tonki yone e sa ntse e le ka modiro ole wa yone wa kwa tshimologong. Mme ruri re tshwanelwa ke go e rolela hutshe!

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

‘The Donkey Sanctuary’, Sidmouth, Devon, UK