Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”

“Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”

“Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BRAZIL

LETSWAI le ile la tlhalosiwa e le le le ‘tswang mo batsading ba ba itshekileng thata, e leng letsatsi le lewatle.’ Go ntse jalo ka letswai le le dirilweng ka go moafala ga metsi a lewatle ka ntlha ya letsatsi.

Toropo ya Rio Grande do Norte kwa Brazil, e e leng kwa bokonebotlhaba jwa lobopo lwa Brazil, e itsege thata ka ntlha ya lefelo la yone la go dira letswai. Tlelaemete ya yone e e mogote, dipula tse di sa neng ka bontsi, le diphefo tse di fokang di sa kgaotse di dira lefelo leno go nna le le siametseng go ka dira letswai le le dirwang ke letsatsi le le moafatsang metsi a lewatle. Ke mo lefelong leno mo naga ya Brazil e bonang diperesente di le 95 tsa letswai le le sa silwang le le le sitsweng gone. Nngwe ya madirelo ano e kwa mmasepaleng wa kwa Areia Branca, e leng torotswana e e fa losing lwa lewatle.

Go Etela Kwa Madirelong a Letswai

Madirelo a letswai le dirwang mo go one ka go moafala ga metsi a lewatle ka ntlha ya letsatsi gantsi a magolo, mme go ntse jalo le ka lefelo leno la kwa Areia Branca. Fa baeti ba atamela Areia Branca ba dirisa mmilamogolo, gantsi ba gakgamadiwa ke go bona ka moo mafelo ano a leng magolo ka teng. Marang a letsatsi mo mesong a tsabakela mo megobeng eno ya metsi, e go bonalang e le mentsi go fitlha koo matlho a fitlhang teng. Mo e batlang e nna diperesente di le 90 tsa lefelo leno le le tswetsweng le dirisediwa go moafatsa metsi a lewatle; mme karolo e e salang, e dirisediwa go dira dikirisetale, tse di bopang letswai.

Sengwe le sengwe se apesitswe ke kobo e tshweu ya letswai, e e tsabakelang ka ntlha ya marang a letsatsi. Go tlhokega diborele tsa letsatsi fa o etela lefelo leno. Karolo ya ntlha ya go dirwa ga letswai leno e direga ka gore metsi a lewatle a nne a fetisediwe go tswa mo mogobeng o mongwe go ya kwa go o mongwe o o seng boteng, mme megobe eno e kgaogantswe ke mabota le ditswalo tsa legong. Go na le megobe eno e le 67. Letsatsi la boboatsatsi le phefo di thusa go moafatsa dilitara di le 650 tsa metsi ano mo motsotswaneng mongwe le mongwe! Mme gone, go tsaya malatsi a le 90 go ya go a le 100 gore thulaganyo yotlhe eno ya go moafala ga metsi e direge.

Le fa gone go moafala ga metsi go dira gore sodium chloride e sale, metsi a lewatle a na le selekanyo se sennye sa matswai a mangwe a a tshwanang le calcium carbonate, calcium sulfate, magnesium sulfate, le a mangwe. Matswai ano a ikarola mo metsing a lewatle ka dinako tse di farologaneng, a ikgata kwa tlase mo megobeng eno e e diretsweng gore metsi a kgone go moafala.

Go tswa mo megobeng eno, metsi ano a a letswai a tla bo a tshologela mo megobeng e e 20 e e dirang dikiresetale tsa letswai. Mo go mengwe ya megobe eno, metsi a lewatle a tla bo a batla a kgadile gotlhelele, seno se tlogela letswai le legolo le le itirileng letlapa. Go dirisiwa motšhini o mogolo o o segang letlapa leno la letswai le bo le pegwa mo diloring. Dilori tseno di isa letswai kwa go se se tshwanang le se go bewang dijo tsa dithoro mo go sone, koo letswai le tlhatswiwang gone. Fa metsi a sena go ntshiwa mo letswaing, letswai le tla bo le tsokotswa ka metsi a a phepa.

La bofelo, letswai le tsewa ka diketswana go isiwa kwa boemakepeng jo bo kwa setlhaketlhakeng sa maitirelo sa Areia Branca, se se agilweng mo garegare fela ga lewatle dikilometara di ka nna 12 kgakala le karolo e e leng lefatshe. Setlhaketlhake seno se khutlonnètsepa—se ka nna bogolo jwa dimetara di le 92 le bophara jwa dimetara di le 166—mme se kgona go boloka ditone di le 100 000 tsa letswai. Go dirisiwa lebanta go tsamaisa letswai go le isa kwa garegare ga lewatle, koo le tla bong le pegiwa mo dikepeng le bo le isiwa kwa dikarolong tse dingwe tsa kwa Brazil.

Sere se se Dirisediwang Dilo di le Dintsi, e Bile se le Botlhokwa

Le fa gone mebele ya rona e tlhoka letswai le lennye fela, lone le botlhokwa mo botshelong le mo boitekanelong jwa rona le jwa diphologolo. Gongwe re ka akanya ka lone e le selonyana fela se sesweu se se dirisediwang go natetsha dijo. Le fa go ntse jalo, le dirisediwa ditiro di le dintsi tse di molemo, tse di jaaka mo madirelong a dikhemikale, a dilo tse di logwang, le a dimmetale. Letswai le dirisiwa gape mo go direng dikhemikale di le mmalwa le mo go direng disepa, mo go direng dilo tse di phatsimisang, le fa go tshasiwa enamele mo dijaneng tse di bopilweng. Gompieno jaana go bolelwa fa letswai le dirisiwa mo dilong tse di itsegeng tse di fetang 14 000!

Mafelo a letswai le dirwang mo go one ga a fele. Mo kilometareng ya kubiki ya metsi a lewatle, go na le ditone di le 25 tsa sodium chloride—e leng letswai le le tlwaelegileng! Le fa go ntse jalo, mo dinakong tse di fetileng, le ne le sa bonwe bonolo. Ka sekai, bogologolo kwa China, gauta e ne e le yone fela e tsewang e le botlhokwa thata. Baebele e umaka letswai ka makgetlho a le mantsintsi e bile e bontsha le ka dilo tse di farologaneng tse le neng le dirisiwa mo go tsone.

Masea ka dinako dingwe a ne a tshasiwa letswai fa a sena go tsholwa, gongwe e le ka gonne go ne go dumelwa gore le kgona go alafa kgotsa go bolaya megare. (Esekiele 16:4) Baebele e dirisa letswai gape ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, Jesu, o ne a re barutwa ba gagwe ke “letswai la lefatshe,” a kaya gore batho ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ka ntlha ya molaetsa o o nayang botshelo o ba neng ba o rera. (Mathaio 5:13). Letswai le nnile gape letshwao la go bontsha gore selo se tsepame e bile se nnetse ruri. Ke ka moo “kgolagano ya letswai” e neng e tsewa jaaka tumalano e e tlamang.—Dipalo 18:19.

Go etela ga rona mo madirelong a letswai kwa Areia Branca go re thusitse go anaanela thata botlhokwa le mosola wa letswai le gore goreng le nnile la tlotlomadiwa jaana go ralala hisitori. Ruri, re leboga go bo sedirisiwa seno—se se ‘tswang mo batsading ba ba itshekileng thata, e leng letsatsi le lewatle’—se bo se le gone ka bontsi jaana.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go dirwa letswai mo mogobeng wa go dira dikiresetale

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Letswai pele ga le silwa

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Lefelo le letswai le tlhatswetswang mo go lone, le tsokotswang, le bo le bewa mo bobolokelong