Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo a Le Botlhokwa Jaana

Lebaka La go Bo a Le Botlhokwa Jaana

Lebaka La go Bo a Le Botlhokwa Jaana

KA DINGWAGA di le 2 000 gone jaanong, go ile ga tlhomiwa mogopolo thata mo go tsholweng ga ga Jesu. Go ya ka ngaka ya lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Luke, kgarebana nngwe e e bidiwang Marea e ne ya bolelelwa jaana ke moengele: “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu.” Molaetsa wa moengele o ne o reng malebana le Jesu? Moengele o ne a re: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo. . . . [Jesu] o tla busa e le kgosi,” mme “bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

Tota ke se batho ba se tlhokang—mmusi wa lefatshe yo o siameng yo o tla laolang dikgang tsa lefatshe ka tsela e e lorato! Ee, nako e telele pele ga Jesu a tsholwa, Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane, mme puso e tla nna mo magetleng a gagwe. Mme o tla bidiwa . . . Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso. Go ata ga puso ya gagwe le kagiso ga go kitla go fela.”—Isaia 9:6, 7, New International Version.

Puso ya tshiamo le kagiso—a bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne! Mme ela tlhoko gore go ile ga bolelelwa pele gore puso eno e tla nna mo magetleng a kgosana—“Kgosana ya Kagiso”—go bontsha gore Kgosi e e busang popo yotlhe, e bong Modimo Mothatayotlhe, o neile Morwawe puso eo. Ke ka moo gangwe le gape Jesu a neng a re puso eno e a tla busang mo go yone ke “bogosi jwa Modimo.”—Luke 9:27, 60, 62.

Mo tshimologong ya bodiredi jwa gagwe Jesu o ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Jesu o bile a ruta balatedi ba gagwe go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle. (Mathaio 6:9, 10) Lekwalopaka lwa Christianity and Crisis le bolela gore “Bogosi e ne e le kgang e kgolo e [Jesu] a neng a ruta ka yone,” la bo la oketsa ka gore: “Ga go na kgang epe e nngwe e a neng a akanya thata ka yone kgotsa e e neng e le botlhokwa jaaka eno mo molaetseng wa gagwe. E umakiwa ka makgetlho a a fetang a a lekgolo mo dipegong tsa Efangele.”

Dipotso Tse di Tshwanetseng go Sekasekiwa

O akanya ka Jesu e le eng gompieno? Gantsi mo nakong eno ya ngwaga, o tshwantshiwa e le lesea mo bojelong jwa diruiwa. Mme ke boammaaruri gore o kile a bo a le lesea le le sa kgoneng go dira sepe ka nakwana. (Luke 2:15-20) Mme a ke ka tsela eo a tshwanetseng go gopolwa ka yone ka metlha? A ko o akanye ka seno, Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tsholwa gore a tle go nna motho? Totatota, e ne e le mang?

Encarta Yearbook ya 1996 e ne ya botsa jaana: “A Jesu e ne e le Morwa Modimo, Mesia yo o solofeditsweng mo Baebeleng ya Sehebera? Kgotsa a e ne le e motho fela, gongwe motho yo o sa tlwaelegang, mme le fa go ntse jalo gone e le motho?” Re tlhoka go sekaseka dipotso tseo ka kelotlhoko. Ka ntlha yang? Ka gonne, botshelo jwa rona le boitumelo jwa rona bo ikaegile ka gore re leba jang Jesu le gore re itshwara jang malebana le ene. Baebele ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo.”—Johane 3:36.

E ne E se Monna Fela yo o Tlwaelegileng

Fa Baebele e sena go tlhalosa dilo tse Jesu a neng a di dira kwa tempeleng ya Jerusalema fa a ne a le dingwaga di le 12, e bolela gore o ne a boela kwa gae le Marea le monna wa gagwe e bong Josefa, mme “[Jesu] a tswelela a le mo taolong ya bone.” (Luke 2:51, 52) Mme fa Jesu a sena go gola, go ne ga bonala sentle gore e ne e se monna fela yo o tlwaelegileng.

Fa Jesu a ne a ritibatsa lewatle le le neng le tlhasetswe ke sefefo, tsala nngwe e e neng e tshogile e ne ya re: “Tota yono ke mang?” (Mareko 4:41) Kgabagare Jesu o ne a neelwa Mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato a latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka. E re ka Pilato a ne a bona gore Jesu ga a na molato e bile a amilwe ke seriti se Jesu a neng a itshwere ka sone le fa a ne a tshwarwe makgwakgwa, Pilato o ne a neela Jesu boidiidi mme a re: “Bonang! Monna!” Mme Bajuda ba ne ba araba ka gore: “Re na le molao, mme go ya ka molao ono o tshwanetse go swa, ka gonne o itirile morwa Modimo.”—Johane 19:4-7.

Fa Pilato a utlwa gore Jesu o bidiwa “morwa Modimo,” o ne a tshoga. Pelenyana ga foo o ne a boleletswe gore mosadi wa gagwe o lorile ka Jesu, yo a neng a re ke “monna yo o siameng.” (Mathaio 27:19) Ka jalo, Pilato o ne a ipotsa gore tota Jesu ke mang! Le fa gone a ne a itse gore Jesu o tswa Galalea, Pilato o ne a botsa jaana: “O tswa kae?” Fa Jesu a gana go araba, puisano ya bone e ne ya fela ka bonako.—Johane 19:9, 10.

Go bonala sentle gore Jesu e ne e le monna, mme o ne a farologane le banna ba bangwe ka gonne o kile a bo a le motho wa semoya, a itsege kwa legodimong e le Lefoko. Morago ga foo Modimo a fetisetsa botshelo jwa gagwe ka tsela ya kgakgamatso mo popelong ya ga Marea. Moaposetoloi Johane o ne a paka ka seno fa a ne a re: “Lefoko o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona.”—Johane 1:1, 2, 14, 18; Tshenolo 3:14.

Lebaka La go Bo go Ne go Tlhokega Motho yo o Tswang Kwa Modimong

Pele ga motho wa ntlha e bong Adame a nna le bana, o ne a ineela mo boleong. Moengele mongwe wa motsuolodi, yo o neng a bidiwa Diabolo le Satane, o ne a atlega go dira gore a se ka a utlwa Modimo. Ka ntlha ya seo, Adame o ne a latlhegelwa ke kamano ya gagwe ya go nna morwa Modimo, jaaka Modimo a ile a bolela gore go tla direga fa a sa nne kutlo. Ka jalo, Adame o ne a boga ka ntlha ya go sa utlwe ga gagwe. O ne a nna motho yo o sa itekanelang, a tsofala mme kgabagare a swa.—Genesise 2:15-17; 3:17-19; Tshenolo 12:9.

Fa Baebele e tlhalosa kafa go tlhoka kutlo ga ga Adame go ileng ga ama rona rotlhe bana ba gagwe ka gone, e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ka maswabi, rotlhe re ne ra rua boleo jwa rremogologolwane wa rona e bong Adame le ditlamorago tsa gone tse di utlwisang botlhoko e leng go tsofala le loso.—Jobe 14:4; Baroma 3:23.

Go gololwa mo ditlamoragong tseo go ne go tla kgonega fela fa re ne re ka nna le rre yo o itekanetseng, yo o sa ruang boleo le ditlamorago tsa jone tse di utlwisang botlhoko. Akanya gore rre yo mosha yoo, yo o tshwantshiwang le Adame yo o itekanetseng, o ne a nna gone jang.

Go Ntshiwa Ene yo o Tlhokegang

Jaaka fa o gakologelwa, “Kgosana ya Kagiso” e e solofeditsweng, e bidiwa gape “Rara wa Bosakhutleng.” (NIV) Go tsholwa gagwe jaaka motho, go ile ga bolelelwa pele jaana: “Kgarebana e tla ima, mme o tla tshola ngwana wa mosimane.” (Isaia 7:14; Mathaio 1:20-23, NIV) Jesu o ne a se na rre wa motho, le Adame motho wa ntlha, o ne a se na ene. Fa mokwalahisitori wa Baebele e bong Luke a latedisa losika lwa ga Jesu go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho, o bontsha gore Adame o ne a nna gone e le “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Mme jaaka fa re setse re bone, Adame o ne a latlhegelwa ke kamano ya gagwe ya go nna morwa Modimo—ene ka boene le rona bana ba gagwe. Mme jaaka go ka tualo, rotlhe re tlhoka rre yo mosha yo o itekanetseng—yo o tshwanang le Adame fa a ne a bopiwa.

Modimo o ne a romela Morwawe go tswa kwa legodimong gore a tle go nna Adame yo mosha mo boemong jwa wa ntlha. Baebele ya re: “‘Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.’ Adame wa bofelo o ne a nna moya o o nayang botshelo. Motho wa ntlha o tswa mo lefatsheng e bile o dirilwe ka lorole; motho wa bobedi o tswa kwa legodimong.” (1 Bakorintha 15:45, 47) Jesu “Adame wa bofelo,” o tshwana le “motho wa ntlha Adame” ka tsela ya gore Ene e ne e le motho yo o itekanetseng, a kgona go nna le bana ba ba itekanetseng, ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng le le itekanetseng.—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

Jesu, yo o ileng a se ka a nna le bana, o ne a nna a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa, le fa Satane a ne a mo tlhasela ka ditsela tsotlhe. Botshelo jwa motho yo o itekanetseng, yo o ileng a boloka bothokgami, jo Jesu a ileng a bo ntsha setlhabelo, bo bidiwa thekololo. Baebele e tlhalosa ka gore: “Re gololwa [mo boleong le mo losong lo re lo ruileng mo go Adame] ka thekololo ka madi a [ga Jesu].” Mme gape ya re: “Fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa [ga Adame], ka tsela e e tshwanang ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga [ga Jesu].”—Baefeso 1:7; Baroma 5:18, 19; Mathaio 20:28.

Fa re dumela mo go Jesu, o tla nna “Rara wa Bosakhutleng” le “Mmoloki” wa rona. O tla busa jaaka kgosana ka tsela e e itumedisang fa a ntse a le Mmusi wa Bogosi jwa ga Rragwe. Mma jaanong re sekaseke gore go tla nna jang go tshela mo pusong eo le gore re ka lebelela gore re tla bona leng masego a a itumedisang ao.—Luke 2:8-11.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

O akanya ka Jesu e le eng gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa “Adame wa bofelo”?