Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mpho e e Neng ya Anaanelwa Thata

Mpho e e Neng ya Anaanelwa Thata

Mpho e e Neng ya Anaanelwa Thata

Motho yo o abang mpho le yo o e amogelang ba itumela thata fa e le gore mpho eo e thusa ka tsela nngwe e bile e anaanelwa thata. Bosheng jaana modiredi mongwe wa puso wa maemo a a kwa godimo kwa Mexico o ne a kwalela lekala la Basupi ba ga Jehofa go leboga buka e a e amogetseng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Bontlhanngwe jwa lekwalo la gagwe le balega jaana:

“Tshedimosetso e e mo bukeng eno e botlhokwa thata. Ke lemoga gore le fa tshedimosetso eno e theilwe mo bukeng ya bogologolo thata, e mo nakong e bile e a dira mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi.

“Ke dumela gore jaaka batsadi re tshwanetse go ruta bana ba rona melao e e tla ba thusang gore ba lemoge gore ba tshwanetse go itshwara jang le gore ba nne batho ba ba nang le bokgoni le gore ba itshware ka tsela e e tlotlegang le go ikanyega mo lefatsheng leno le le se nang dinonofo tseno. Mme se se botlhokwa le go feta, re tshwanetse go ba ruta gore ba lemoge gore go na le mongwe yo o lorato yo o pelonomi yo e leng ene Mogodimodimo. Ruri tshedimosetso e lo nthomeletseng yone e tla nna mosola tota mo tirong ya me, le go re thusa mo tirong e re e filweng jaaka batsadi ke Mmopi wa rona gore re thuse bana ba rona gore ba gole e le batho ba ba ratang baagelani ba bone.”

Modiredi yono wa puso o lemogile botlhokwa jwa dithuto tse di tserweng mo dithutong le mo sekaong se Jesu Keresete a se tlhomileng tse di tlhalosiwang mo bukeng eno ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Le wena o ka ikamogelela buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle ya ditsebe di le 256, tse di bogolo jo bo lekanang le tsebe ya makasine ono. O ka kopa go romelelwa buka eno ka go tlatsa setlankana seno mme o se romele kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, ke kopa buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.