Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Rata Se a Se Ithutileng

O ne A Rata Se a Se Ithutileng

O ne A Rata Se a Se Ithutileng

BOSHENG jaana go ile ga bonwa lekwalo le le neng le kwadilwe ke mosadi mongwe pelenyana fela ga a bolawa ke bolwetse jwa kankere ka May 2004. O ne a sa fetsa go kwala lekwalo leo, go bonala e ne e le ka go bo botsogo jwa gagwe bo ile jwa koafala thata a sa lebelela. Le fa go ntse jalo, batho ba moragonyana ba neng ba bala lekwalo leno le le neng le sa posiwa ba ne ba amega mo ba ileng ba lela mme le tumelo ya bone mo Modimong e ne ya nonotshiwa.

Mo lekwalong leo, mokwadi, e bong Susan, o tlhalosa gore o ne a le mosha fa la ntlha a ne a founela mogolwane mongwe wa Mokeresete wa Mosupi wa ga Jehofa kwa Connecticut, U.S.A. O tswelela a tlhalosa seemo se a neng a lebane le sone mo dingwageng tseo tsa gagwe tsa bosha. E ne e le kwa bofelong jwa ngogola fa mmaagwe Susan a bona lekwalo leo le le amang maikutlo mme a romela khopi ya lone kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York.

Susan o ne a kwala gore o ne a bona nomoro ya founo ya mogolwane yoo wa kwa Connecticut mo bukeng ya dithelefouno ka 1973. O tlhalosa gore: “Ke one ngwaga oo ka one, fa ke ne ke le dingwaga di le 14, e neng ya re fa ke sena go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ke neng ka swetsa gore e tshwanetse ya bo e le boammaaruri. E re ka ke ne ke ise nko ke kopane le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka ba batla mo bukeng ya dithelefouno mme ka tlhopha founo e dinomoro tsa yone tsa ntlha di tshwanang le tsa me. Fa Mokaulengwe Genrich a araba founo, o ne a gakgamala go utlwa gore ga ke ise nko ke kopane le Basupi.” *

Bothata jo Bogolo

Susan o ne a tlhalosa mo lekwalong la gagwe gore fa a ne a le dingwaga di le lesome, mmaagwe o ne a mo rometse go ya go nna le mmangwanaagwe kwa Connecticut. O ne a tshwanetse gore a ye go nna koo ka nakwana fela, mme moragonyana, Susan o ne a bolelela mmaagwe yo o neng a nna a le nosi kwa Florida, gore o batla o tswelela a nna le mmangwanaagwe. Mo lekwalong la gagwe Susan o ne a kwala gore seemo sa gagwe se ne se tshwana le “se go tweng ke bolwetse jwa Stockholm, jwa gore motho a ikutlwe a rata thata batho ba ba mmogisang.” * O ne a tshwerwe makgwakgwa thata.

Susan o ne a kwala jaana: “Mmangwane le molekane wa gagwe ba ne ba ntshotla thata. Mme e bile go ne go se na batho ba bantsi ba ba tsenang mo ntlong. Fa ke ne ke letlwa go ya sekolong, ke ne ke sa fiwe dijo le diaparo tse di siameng le fa gone mmè a ne a romela madi a a lekaneng gore ke tlhokomelwe. Ke ne ke na le sete e le nngwe fela ya diaparo tsa kafa teng, fa bana ba basetsana ba ga mmangwane ba ba neng ba le bannye mo go nna ba ne ba na le sengwe le sengwe.” O ne a tlhalosa seno go bontsha gore ke ka ntlha yang fa a ne a itse gore o tla nna mo mathateng fa mmangwanaagwe a ka itse gore o kgatlhegela go ithuta Baebele.

Kafa Kitso ya ga Susan ya Baebele e Ileng ya Gola ka Teng

Susan o ne a kwala jaana: “Mokaulengwe Genrich o ne a nkopanya le Laura, kgaitsadi mongwe yo o godileng semoyeng wa Mokeresete, mme ene o ne a ipha nako e ntsi le nna a araba dipotso tse dintsi tsa Baebele tse ke neng ke na le tsone, gantsi re kopana kwa botlhatswetsong.” Susan o ne a tlhalosa gore ga a ise a ko a dire tshwetso a le nosi ka sepe go fitlha ka nako eo, mme morago ga dipuisano tseno le go bala dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka buka ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, o ne a itirela tshwetso ka boene.

Susan o tswelela pele jaana: “E ne e le ka Labotlhano bosigo fa ke ne ke bolelela mmangwane gore ke ntse ke tlotla le Basupi. O ne a mpateletsa go nna ke tsogile bosigo jotlhe, ke eme mo gare ga khitšhine. Morago ga foo, ke ne ka ikemisetsa le go feta go nna Mosupi.”

Go tloga ka nako eo, Mokaulengwe Genrich o ne a nna a ntse a naya Susan dikgatiso tse di mo thusang gore a tlhaloganye Baebele. Susan o ne a kwala jaana: “Ke sa ntse ke gakologelwa thata 1974 Yearbook of Jehovah’s Witnesses ka gonne e ne e tlhalosa kafa Basupi kwa Jeremane ya Banasi ba ileng ba itshokela pogiso ka teng pele le ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. . . . Ke ka nako eo ke neng ka kopa mogolwane yono gore a nkgatisetse dipina tsa Bogosi mo khaseteng gore ke di ithute. Mo sebakeng sa ngwaga, ke ne ka kgona go opela dipina tsotlhe tse 119 ka tatelano ya tsone jaaka di ntse mo bukeng ya dipina ya 1966 ya ‘Singing and Accompanying Yourselves With Music in Your Hearts.’”

“Ka nako e e tshwanang, Mokaulengwe Genrich o ne a ntlisetsa gape le dipuo tsa Baebele, diterama le dithulaganyo tsa kopano tse di gatisitsweng mo khaseteng. O ne a tle a di tlogele mo Route 10 gaufi le pale nngwe ya thelefouno mme nna ke ne ke ya go di tsaya teng. . . . Seemo se ke neng ke le mo go sone se ne se simolola go nkgoba marapo ka gore ke setse ke gatetse pele semoyeng mme ke ise ke ye le kwa pokanong e le nngwe. Ke akanya gore ke ne ke sa tlhole ke na le maatla a go tswelela pele.”

Susan a re dingwaga di le mmalwa tse di latelang di ne di le boima thata. O ne a sa tlhole a bonana le Basupi ba babedi ba e neng e le bone fela ba a neng a ba itse. Le fa go ntse jalo, a re “go itse dipina tsotlhe ka tlhogo go ile ga simolola go ‘mo tshwenya.’” Ka ntlha yang? “Ka gonne ke ne ke tle ke gakologelwe mafoko a dipina tseo, a a jaaka ‘Masole a ga Jah ga a ipatlele botshelo jwa boiketlo.’ Ke ne ke itse gore mafoko ao a ne a kwadilwe ke Mosupi mongwe fa a ne a le kwa dikampeng tsa pogisetso kwa Jeremane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, mme seno se ne se dira gore ke tshwenyege le go feta. Ke ne ke ikutlwa ke le legatlapa mme ke akanya gore Jehofa o ntatlhile.” *

Kgololesego Kgabagare

“Dilo di ile tsa fetoga fa ke nna le dingwaga di le 18. Go ne go se na Basupi ba ba neng ba tla kwa ntlong ya rona ka dingwaga di le dintsi ka gonne re ne re le mo lenaaneng la batho ba ba ‘sa batleng go etelwa.’ Mme ka letsatsi leo go ile ga tla mongwe yo o neng a tswa kwa phuthegong e nngwe kwa ntlong, mme ke ne ka bua le ene ka gonne go ne go se na ope yo mongwe kwa gae. E ne e le ka lekgetlho la ntlha le ke gakologelwang ke le nosi kwa gae ka Matlhatso. Ke ne ka tsaya seno e le bosupi jwa gore Jehofa ga a ntatlha. Ka jalo, ke ne ka founela Mokaulengwe Genrich, yo ke neng ka mo founela lekgetlho la ntlha, mme ka mmolela gore ke ikemiseditse go tswa mo ntlong, ka mmotsa gore a go na le se a ka se akantshang. Kgabagare ke ne ka thusiwa go fuduga.”

Susan o ne a fudugela kwa lefelong le lengwe ka April 1977. Lekwalo la gagwe le ne la oketsa jaana: “Mo ngwageng o o latelang kgabagare ke ne ka kgona go ya kwa dipokanong tsotlhe le kwa dikopanong mme ka simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera. Ke ne ka ikgolaganya le mmè gape. O ne a sa itse gore ke ne ke sotlega jang ka dingwaga tseo tsotlhe mme seo se ne sa mo utlwisa botlhoko thata. O ne a thusa ka bonako mme a tlhomamisa gore ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Mmè o ne a fudugetse kwa Alaska dingwaga di sekae pelenyana ga foo. E re ka a ne a kgatlhegela Baebele thata, ke ne ka fudugela kwa Alaska ka 1978 gore ke ye go nna le ene. Kgabagare o ne a nna Mosupi mme o sa ntse a ikanyega le gompieno.

“Fa ke sena go simolola go ya dipokanong, Mokaulengwe Genrich o ne a rulaganya loeto lwa go ya kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York le setlhopha sengwe mme o ne a ntaletsa go tsamaya le setlhopha seo. Eo e ne e le nngwe ya dimpho tse di nnelang ruri tse nkileng ka di fiwa, ka gonne e ile ya dira gore ke anaanele phuthego ya ga Jehofa botshelo jwa me jotlhe. Kgang ya me e felela fano. Kgang eno e sobokantswe ka gonne ke ne ke batla gore ke e fetse ka nako.”

Dipolelo tse di fa godimo tota ke dikarolo fela tsa lekwalo la mela e e kgotlaganeng la ditsebe di le thataro le sephatlho. Go ya kwa bofelong jwa lekwalo la ga Susan, o ne a re: “Bolwetse bo ile jwa ntlhasela botlhoko kwa kokelong kgwedi e e fetileng mme ke ne ke tlhomamisegile gore ke tlile go swa, . . . Ke ne ka rapela Jehofa gore fa nka nna le dibeke tse pedi tse di oketsegileng tsa botsogo jo bo siameng, nka kgona go baakanya dilo. . . . Ga ke solofele go tshela nako e telele, mme ruri nka re dingwaga tse ke nnileng le tsone mo boammaaruring di ne di itumedisa tota, ke botshelo jo bo molemo go gaisa jo motho a ka lebelelang go nna le jone.”

Go ne go se na mafoko ape a a konelang kgotsa mosaeno, e bile lekwalo leno ga le a ka la posiwa. Batho ba ba le boneng ba ne ba sa itse gore ba le romele kwa go mang. Mme jaaka go umakilwe pelenyana, kgabagare lekwalo leno le ne la romelelwa mmaagwe Susan.

Go Ithuta mo go Oketsegileng ka Susan

Fa Susan a sena go kolobediwa ka April 14, 1979, mmaagwe o ne a boela kwa Florida. Susan o ne a nna kwa Alaska, ka gore o ne a tlwaelane thata le batho ba Phuthego ya North Pole. O ne a simolola bodiredi jwa nako e e tletseng a nna mmulatsela ka bonako morago ga foo. Kgabagare o ne a fudugela kwa Florida mme ka 1991, a nyalana le mogolwane mongwe wa Mokeresete yo le ene e neng e le mmulatsela, yo o neng a tlhokafala ka bonako morago ga go tlhokafala ga ga Susan.

Susan le monna wa gagwe e ne e le banyalani ba ba rategang ba ba neng ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng mmogo go fitlha a lwala mme ba sa tlhole ba kgona go tswelela pele. Fa dingwaga tsotlhe di kopanngwa, o ile a nna mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga tse di fetang 20. Tirelo ya gagwe ya phitlho kwa Florida e ne ya golaganngwa ka thelefouno le Phuthego ya North Pole.

Lekwalo la ga Susan le ka re thusa gore re anaanele le go feta masego a semoya a batho ba ba direlang Jehofa ba nnang le one le ba ba nang le tsholofelo e e itumedisang ya tsogo ya baswi. (Ditiro 24:15) Kgang eno ya botshelo e bontsha sentle gape gore Modimo o gaufi le botlhe ba ba mo atamelang!—Jakobe 4:7, 8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mokaulengwe Genrich le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhokafala mo kotsing e e setlhogo ka 1993.

^ ser. 13 Pina 29 ya setlhogo se se reng “Tswelang Pele Lona Basupi!” go tswa mo bukeng ya dipina ya Opelelang Jehofa Dipako.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

“Dingwaga tse ke nnileng le tsone mo boammaaruring di ne di itumedisa tota, ke botshelo jo bo molemo go gaisa jo motho a ka lebelelang go nna le jone”

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Fa Susan a ne a le dingwaga di le lesome

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Susan le monna wa gagwe e bong James Seymour