Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bokeresete bo Paletswe?

A Bokeresete bo Paletswe?

Baebele ya Reng

A Bokeresete bo Paletswe?

MO E ka nnang nngwetharong ya baagi ba lefatshe ba ipolela gore ke Bakeresete. Le fa go ntse jalo, lefatshe le bonala le kgaogantswe thata ke dipolotiki gape le tletse ka thubakanyo go feta le eleng pele. A seno se raya gore Bokeresete jo Jesu a neng a bo ruta bo na le fa bo sa direng sentle gone? Kgotsa, a gongwe go palelwa go bakwa ke tsela e batho ba le bantsi ba dirisang dithuto tsa ga Keresete ka yone?

Setlhogo seno se tla tlhatlhoba se tota Keresete a neng a se ruta le sekao se a se tlogeletseng balatedi ba gagwe. Gape se tla sekaseka pono e e tlwaelegileng ya ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, e tota e leng kgatlhanong le bokao jwa boammaaruri jwa Bokeresete.

Mofuta o e Seng One wa Bokeresete

Makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Keresete, Bokeresete jo e seng jone bo ne jwa tseelwa kwa godimo ke Mmusomogolo wa kwa Roma mme ya nna bodumedi jo bo ratiwang. E re ka jaanong maloko a setlhopha seno se se ipitsang sa Bakeresete ba ne jaanong ba sa tlhole ba tsewa e le batswantle ba ba sa amogelweng, ba ne ka bonako ba iphitlhela ba tseneletse mo dipolotiking le mo dikgannyeng tsa loago tsa setšhaba sa kwa Roma. Baeteledipele ba dikereke, ba ba tshwanang le Augustine, ba ne ba tsibogela phetogo eno ka go ruta batho gore Bogosi jo bo sa bolong go emelwa jwa Modimo jaanong bo tlile. Baeteledipele bano ba ne ba ruta gore tlhotlheletso e ntšha e ba nnileng le yone mo dipolotiking le mo bodumeding ke tsela ya gore ba diragatse thato ya Modimo mo lefatsheng. Ka gone go ne ga gatelelwa botlhokwa jwa maiteko a batho a go laola dikgang tsa lefatshe.

Ka jalo, ba le bantsi ba ne ba dumela gore Mokeresete o na le seabe se a ka se dirang mo dipolotiking tsa setšhaba. Gore a dire seno, ba le bantsi ba dumela gore Mokeresete o tshwanetse gore ka dinako dingwe a itlhokomolose dikarolo dingwe tsa se a se dumelang e le gore a dire se se batlwang ke setšhaba se a nnang le sone. Ka sekai, batho ba le bantsi ba bua fela ka molomo gore ba latela dithuto tsa ga Keresete tsa lorato le kagiso, mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba tshegetsa dintwa tse di setlhogo. Gape, dikereke di ka rotloetsa balatedi ba tsone go rapelela Bogosi jwa Modimo mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba tshegetsa babusi ba ba gatelelang batho.

Mofuta ono wa Bokeresete o o itirang e kete ke one ga se one o Jesu a neng a o tlhoma. Go na le moo, ke mofuta o o itlhametsweng ke batho e bile o tshegetswa ke ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete gompieno. Mofuta ono wa Bokeresete ruri o paletswe, seo re se bona ka tsela e go sa kgathalele melaometheo ya Baebele go tletsetletseng ka teng gompieno mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete.

Jesu O ne A Rutang Eng Tota?

Go ka gakgamatsa bangwe go itse gore tota Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ga ba a tshwanela go ‘nna karolo ya lefatshe, fela jaaka ene e se karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:15, 16) Ke ka ntlha yang fa Keresete a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go tsaya kgato eno? Morutwa yo o rategang wa ga Jesu, e bong moaposetoloi Johane, o re naya karabo. O ne a kwala jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

Ka jalo, dithuto tsa ga Keresete di ne di sa kaele batho go ya kwa mekgatlhong ya batho, mme di ba kaela go leba kwa Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo jo bo tla tlisang lefatshe le le nang le tshiamo le tshiamiso. (Mathaio 6:10) Jesu ka boene ga a ise a ko a bontshe le ka tsela e nnye fela go itshunyatshunya mo dikgannyeng tsa batho mo nakong ya gagwe. O ne a gana a sa okaoke fa a ne a abelwa maemo a go tsenela dipolotiki. (Johane 6:15) Gape o ne a gana go dirisa ntwa go rarabolola dingangisano. (Mathaio 26:50-53; Johane 18:36) Jesu ga a ka a tlogela melaometheo kgotsa lenaane melao ya naga, e e laolang tsela e batho ba tshwanetseng go tshela ka yone. Ga a ka a tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa metlha ya gagwe. Ka sekai, ga a ka a nna molweladitshwanelo tsa makgoba, kgotsa go itshunya nko mo ntweng ya Bajuda kgatlhanong le Baroma.

Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Jesu o ne a sa kgathalele batho le fa e le mathata a bone. Jesu o rutile thata ka maikarabelo a mongwe le mongwe a nang le one a go rata mongwe ka ene. O ne a kgothaletsa batho go ikanyega mo go dueleng lekgetho gape o ne a gatelela gore re ikobele ba ba leng mo maemong a semolao a go busa. (Mathaio 22:17-21) O ne a ruta gore re ka bontsha go kgatlhegela botsogo jwa ba ba tlhokang jang. Gape o ne a ruta gore re ka bontsha ba bangwe tlotlo le seriti jang le gore re ka nna jang le kutlwelobotlhoko, go itshwarela, le go nna pelotlhomogi. (Mathaio, dikgaolo 5-7) Go itsege sentle gore dithuto tsa ga Keresete di ne di gatelela go rata Modimo le moagisani.—Mareko 12:30, 31.

Bokeresete Jwa Boammaaruri Gompieno

Ka gone, molatedi wa boammaaruri wa ga Keresete o tshwanetse go itshwara jang? O tla dira fela jaaka Jesu a ne a dira. Le fa gone a ikobela melao ya naga ka boikanyegi, o tla nna a sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki. (Johane 12:47, 48) Ga a kitla a ineelela go tlola melaometheo ya Bokeresete, le fa a le mo kgatelelong e kgolo. (1 Petere 2:21-23) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o tla bo a sa amege ka ba bangwe. Mokeresete wa boammaaruri o tla bontsha go kgatlhegela botsogo jwa ba ba leng gaufi le ene, fela jaaka Jesu a ne a dira. (Mareko 6:34) Gape o tla dirisa nako le sengwe le sengwe se a nang le sone go thusa ba bangwe gore ba tshele matshelo a a itumedisang ka go ba thusa go tlhaloganya le go tshela ka dithuto tsa ga Keresete.—Johane 13:17.

Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba leka ka natla go etsa Keresete fa ba dirisana le lefatshe le le ba dikologileng. Le fa e le baagi ba ba ratang kagiso le ba ba ikobelang molao wa naga, ga ba karolo ya lefatshe. Jaaka Jesu a ne a dira, ba gana go nna karolo ya dintwa le dingangisano tsa dipolotiki tse di tlwaelegileng gompieno. Tsholofelo ya bone e tlhomame thata mo Bogosing jwa Modimo jo e leng jone tharabololo ya mathata a a lebaneng lefatshe. Diphelelo tsa Bokeresete jwa boammaaruri ke botshelo jo bo itumedisang le kutlwano mo malokong a jone. (Johane 13:34, 35) Ruri Bokeresete jwa boammaaruri ga bo a palelwa.

A O KILE WA IPOTSA?

▪ A Bakeresete ba tshwanetse go ikamanya le dipolotiki?—Johane 6:15.

▪ A Keresete o ne a buelela ntwa gore ke yone tsela ya go rarabolola dikganetsano?—Mathaio 26:50-53.

▪ Ke letshwao lefe le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri?—Johane 13:34, 35.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

EL COMERCIO, Quito, Ecuador