Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe

Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe

Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe

KA LOBAKA lwa dingwaga di feta di le 40, ke ntse ke dira tiro ya go tlhama dipolane tsa dikepe e bile ke le moenjiniri wa tsone. Tiro ya me e ntse e le go tlhama dipolane tsa dikepe tsa bogolo le dipopego tse di farologaneng, mmogo le metšhini le dilo tse dingwe tse di di tsamaisang. Ka 1963, fa ke nna kwa British Columbia, kwa Canada, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mpontsha gore buka ya Baebele ya Genesise e bontsha gore araka ya ga Noa e ne e le lebokose, kgotsa letlole, le leleele. Ke ne ka kgatlhwa ke tlhaloso eno, mme ka swetsa gore ke tlhatlhobe ntlha eno go ya pele.

Pego ya Genesise e bontsha gore Modimo o ne a ikemisetsa go tlosa boikepo jotlhe mo lefatsheng ka go tlisetsa polanete eno morwalela wa metsi. O ne a bolelela Noa gore a age araka gore a ipoloke, ene le lelapa la gagwe, le mefuta e e farologaneng ya diphologolo, gore ba se ka ba senngwa ke Morwalela ono o mogolo. Modimo o ne a bolelela Noa gore a dire gore araka eno e nne boleele jwa dikubita di le 300, boatlhamo jwa dikubita di le 50, le bogodimo jwa dikubita di le 30. (Genesise 6:15) Go fopholetswa gore seno se ka tswa se raya gore araka eno e ne e le boleele jwa dimetara di le 134, boatlhamo jwa dimetara di le 22, le bogodimo jwa dimetara di le 13. * Ka gone e ne e le bogolo jwa dikhubikimetara di le 40 000, mo go dirang gore fa e kokobetse mo metsing e sutise selekanyo sa metsi se se batlang se lekana le sa a a sutisiwang ke sekepe se se manobonobo sa Titanic.

Tsela e Araka e Neng e Agilwe ka Yone

Araka eno e ne e agilwe gore e nne le maalo a le mararo, a a neng a dira gore e nne le boima jo bo oketsegileng e bile a dira gore go nne le sebaka se se dirang mo e ka nnang disekweremetara di le 8 900. E ne e agilwe ka legong la boroku—mme ka gone metsi a ne a sa tsene—gongwe e le la setlhare sa monokane, mme mo teng le kafa ntle e ne e kanetswe ka boka. (Genesise 6:14-16) Ga re bolelelwe gore Noa o ne a bofelela dikota tseno jang mmogo. Mme tota le eleng pele ga Baebele e re bolelela ka Morwalela, e umaka bathudi ba didirisiwa tsa kgotlho le tshipi. (Genesise 4:22) Mme gone le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, tota le eleng gompieno go dirisiwa dimapo tsa logong go aga dikepe tse di dirwang ka logong.

Araka eno e ne e na le dikamotshana mo teng, e na le setswalo mo thoko, le tsoʹhar e e bogodimo jwa kubita e le nngwe, e e ka tswang e ne e le marulelo a a khutlotharo a a dirilweng ka tsela e e leng gore mo gare a goletsegetse kwa godimonyana go feta mo dintlheng tsa one go dira gore metsi a kgone go elela, e bile go ka direga gore go ne go na le matlhabaphefo mo matlhakoreng a teng go direla gore mowa le lesedi di kgone go tsena. Le fa go ntse jalo, pego eno ya Genesise ga e umake sepe ka letlhomesetso la sekepe kgotsa nko ya sekepe kgotsa disaile, kgotsa ditsamaisasekepe mo arakeng eno. Tota e bile, lone lefoko la Sehebera le le dirisitsweng go raya “araka” le dirisiwa gape go tlhalosa seroto se se tswetsweng ka boka se se neng se dirisiwa ke mmagwe Moshe wa lesea go dira gore a nne a kokobetse mo metsing a Noka ya Nile.—Ekesodo 2:3, 10.

Bokgoni Jwa go Kokobala mo Metsing

Boleele jwa araka eno bo ne bo lekana le boatlhamo jwa yone go menagane ga rataro e bile bo lekana le bogodimo jwa yone go menagane ga lesome. Dikepe di le dintsi gompieno le tsone di agiwa go dirisiwa selekanyo se se batlang se tshwana le seo, le mororo mo dikepeng tsa gompieno selekanyo sa boleele le boatlhamo se tlhophiwa go lebilwe gore se tla tlhoka maatla a a kana kang go se tsamaisa mo metsing. Mme araka yone, se e neng e tlhoka go se dira fela ke go kokobala mo metsing. E ne e ka kgona go le kana kang go kokobala?

Tsela e sekepe se dirang ka yone fa go na le phefo le makhubu e bidiwa go kokobala. Le teng mono go kokobala ga sone go laolwa ke tsela e se dirilweng ka yone. Baebele e tlhalosa pula ya matsorotsoro e e neng ya baka Morwalela mme gape e tlhalosa gore moragonyana Modimo o ne a dira gore go foke phefo. (Genesise 7:11, 12, 17-20; 8:1) Dikwalo ga di tlhalose gore makhubu le phefo di ne di le maatla go le kana kang, mme go ka direga gore ka bobedi phefo le makhubu di ne di le maatla thata e bile di tsamaya di fetofetoga, fela jaaka di kgona go dira jalo le gompieno. Mme fa phefo e foka lobaka lo loleele e bile e le maatla, makhubu le one a ya kwa godimo thata e bile a katogana thata. Mo godimo ga moo, go roroma le fa e le gofe ga lefatshe go ne go ka nna ga baka makhubu a a maatla thata.

Tsela e araka eno e agilweng ka yone e ne ya thusa go dira gore e se ka ya menoga. Gape e dirilwe gore e kgone go lebana le maemo a a neng a ka dira gore e heheutlege mo lewatleng le le nang le makhubu a mantsi thata. Go heheutlega gono—nako le nako fa makhubu a tsholetsa ntlha e nngwe ya mokoro mme morago ga foo a bo a dira gore e thabuele mo metsing—go ne go se kitla go nna monate mo bathong le mo diphologolong tse di mo teng. Gape go heheutlega go ka senya araka fela thata. Gape araka eno e tshwanetse ya bo e nonofile sentle gore e se ka ya robega mo gare fa makhubu a magolo a tsholetsa matlhakore a yone ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, fa lekhubu le legolo thata le ka e tsholetsa mo gare, mme go se na sepe se se e tshegeditseng mo matlhakoreng, karolo e e kwa pele le e e kwa morago ya araka e ka nna ya obegela kwa tlase. Modimo o ne wa bolelela Noa gore a dire gore boleele jwa araka bo lekane le boteng jwa yone go menagane ga lesome. Moragonyana baagi ba dikepe ba ne ba ithuta botlhoko gore go dirisa selekanyo seno go thusa go dira gore sekepe se kgone go emelana le maemo ano.

Ga e Kotsi e Bile go Monate go Nna mo go Yone

Ka gonne araka eno e ne e tshwana le letlole, maatla a yone a go kokobala a ne a tla tshwana mo matlhakoreng otlhe a yone. Gape e ne e tla nna le boima jo bo tshwanang mo matlhakoreng otlhe. Go ka direga gore Noa o ne a tlhomamisa gore morwalo o o mo teng—go akaretsa le diphologolo le dijo tse di neng di tla tsaya ngwaga otlhe—o bewa ka go lekalekana mo teng ga araka. Fa dilo di beilwe sentle ka go lekalekana seno se thusa go dira gore morwalo o se ka wa imela sekepe mo o neng o ka dira gore se senyege. Ka gone, go na le dilo di le pedi tse dikgolo tse di dirileng gore go kgonege gore araka eno e se ka ya senngwa ke Morwalela, le gore batho ba ba mo go one ba falole—ntlha ya go bo polane ya one e dirilwe ke Jehofa ka boene, e bile e sireleditswe ke ene. Ga go na pelaelo gore Modimo o ne a tlhomamisa gore araka eno e tla go nna mo lefelong le le babalesegileng le le le tshwanelang.

Dipatlisiso tse di tseneletseng tse ke di dirileng ka kgang eno di dirile gore ke bone gore se Baebele e se buang ka araka ya ga Noa se boammaaruri e bile se tsamaisana le mekgwa e e dirisiwang gompieno fa go agiwa dikepe. Gone ke boammaaruri gore go na le dintlha di le dintsi ka araka eno le Morwalela tse pego ya Genesise e sa di umakeng. Ke solofela gore letsatsi lengwe, morago ga tsogo, ke tla kopana le Noa gone mo lefatsheng mono, mo gare ga malapa le batho le diphologolo tse di leng gone ka ntlha ya araka e a berekileng thata jaana, lobaka lo loleele jaana, a e aga. (Ditiro 24:15; Bahebera 11:7) Ke tla simolola pele ka go mo leboga, ene le lelapa la gagwe. Go tswa foo, ke na le dipotso tse dintsi thata tse ke tla batlang go mmotsa tsone.—Re se filwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kubita ke mokgwa o o neng o dirisiwa bogologolo go lekanya, o o batlang o lekana le sekgala sa go tswa fa sekgonong go fitlha kwa menwaneng. Mo metlheng ya Baiseraele, go bonala kubita gantsi e ne e le selo se se boleele jwa disentimetara di le 44,5.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

SEKAI SA ARAKA E E ITIRETSWENG

O ka kgona go itirela araka ya gago o bo o e leke o dirisa sekaelo se se tshwanang le se se bontshitsweng fano. (O ka nna wa aga e kgolwanyane ka go godisa e e bontshitsweng fa tlase fano ka tsela e e tshwanetseng.) Pampiri fela e e tlwaelegileng e ka dirwa gore e kgone go thiba metsi go tsena ka gore o tshase bonota kgotsa kereyone mo go yone. Go tswa foo pampiri eno e ka menwa mme dikhutlo tsa yone tsa kgomaretswa ka theipi kgotsa sekgomaretsi. Baya dilo tse di nang le boima mo boalong jwa araka eno e o itiretseng yone—tse di tshwanang le madi a tshipi a a beilweng ka go lekalekana mo matlhakoreng otlhe mme a tshwarisitswe ka theipi kgotsa sekgomaretsi—go fitlha e kgona go kokobala ka tsela e e tla dirang gore gongwe karolo e e dirang nngwetharong go ya go e e dirang halofo ya araka eno e tsene kafa tlase ga metsi.

Gore o bone gore araka e dira jang mo metsing, baya araka e o itiretseng yone eno mo bateng e e tletseng ka metsi, gore boleele jwa yone bo lebagane le boleele jwa bata. Leka go dira gore go nne le makhubu a mannye ka go tsaya gongwe botlolo ya mashi kgotsa sengwe se se tshwanang le yone mme kwa ntlheng nngwe ya bata eno o nne o tsenye le go ntsha botlolo eno mo metsing.

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MOMENO MOMENO

 

MOMENO MOMENO

[Setshwantsho]

Dipalo tse di neng di dirisiwa go lekanya bogolo jwa araka di ne di tshwana le tse di dirisiwang fa go agiwa sekepe sa mo lewatleng

[[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Kwa pele

Letlhakore

Bogodimo

Kwa pele

Letlhakore

Bogodimo

[Ditshwantsho]

Araka e ne e kgona go sutisa metsi a selekanyo se se batlang se lekana le a a neng a sutisiwa ke “Titanic”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Polane ya Titanic: Courtesy Dr. Robert Hahn/www.titanic-plan.com; setshwantsho: Courtesy of The Mariners’ Museum, Newport News, VA