Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute ka Tsala ya Beng ba Ditshingwana—Khukhwane ya Ladybird

Ithute ka Tsala ya Beng ba Ditshingwana—Khukhwane ya Ladybird

Ithute ka Tsala ya Beng ba Ditshingwana—Khukhwane ya Ladybird

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA BORITANE

LE FA gone e se mongwe le mongwe yo o ratang khukhwane, gantsi tse di bidiwang di-ladybird tsone di ratiwa thata. Di kgatlha bana mme beng ba ditshingwana le balemirui ba di amogela ka diatla tsoopedi. Ke eng se se dirang gore di ratiwe thata jaana?

Ke ka Ntlha Yang di Ratiwa Thata?

Mefuta e le mentsi ya dikhukhwanyane tse di botsalano tseno di rata go ja ditshenekegi tse di bidiwang di-aphid (e bontshitswe kafa molemeng), e leng ditshenekegi tse di nang le mebele e e boruma tse di bolayang dijalo mo ditshingwaneng le mo masimong. Di-ladybird tse di setseng di godile di kgona go ja dikete di le mmalwa tsa di-aphid mo lobakeng lwa botshelo jwa tsone—mme le dibokwana tsa dikhukhwane tseno ga di je di a olela. Mo godimo ga moo, dikhukhwane tseno di ja gape le ditshenekegi tse dingwe tse dintsi tse di bakang tshenyo, mme tse dingwe di rata go ja mokubo o o senyang dimela. Ke gone ka moo beng ba ditshingwana le balemirui ba ratang di-ladybird thata jaana!

Mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1800, ditshenekegi tse di bidiwang di-cottony-cushion scale di ile tsa romelwa ka phoso kwa California, U.S.A. go tswa kwa Australia. Ditshenekegi tseno di ne tsa ata ka bonako jaana mo e leng gore di ne di tshosetsa go senya masimo a ditlhare tsa dinamune le madirelo a teng. Motho mongwe yo o dirang dipatlisiso ka ditshenekegi, ka a ne a itse gore ditshenekegi tseno tsa scale ga di kotsi jalo mo dijalong kwa nageng e di tswang kwa go yone, o ne a tswa letsholo go ya kwa Australia go ya go batla mmaba wa tlholego wa tshenekegi eno. O ne a fitlhela e le khukhwane ya ladybird e e bidiwang vedalia. Go ne ga romelwa dikhukhwane tseno di ka nna 500 kwa California, mme mo sebakeng sa ngwaga tshenekegi eno ya scale e ne e batla e nyeletse gotlhelele. Masimo a ditlhare tsa dinamune a ne a bolokilwe.

Botshelo Jwa Khukhwane Eno ya Ladybird

Khukhwanyana e ntle eno e na le mmele o o kgolokwe kgotsa o o motopo, o o leng sebopego sa serotobolo mme kafa tlase o sephaphathi. Le fa gone di ja bobe, bontsi jwa dikhukhwane tseno di boleele jwa dimilimetara di le 12. Makape a a thata a a bidiwang di-elytron a sireletsa diphuka tse di seng thata tse di dirisediwang go fofa mme e bile a dira gore dikhukhwane tseno di nne le mmala o montle. Fa tshenekegi eno e fofa, makape a bulegela kwa godimo, go sutela diphuka. Le mororo gantsi di tle di bontshiwe di le dikhibidu ka marontho, mo e ka nnang mefuta e le 5 000 ya dikhukhwane tseno tsa di-ladybird di na le mebala e mentsintsi e e farologaneng, ka marontho a mebala e e farologaneng. Tse dingwe tsa tsone di na le mmala wa namune kgotsa di bosetlha ka marontho a mantsho. Tse dingwe di dintsho ka marontho a mahibidu. Di le mmalwa tsa tsone ga di na marontho. Mme tse dingwe tsone di metlhala ya tšheke kgotsa methalo.

Mefuta e mentsi ya tsone e tshela sebaka sa ngwaga. Fa go le mariga, tse di setseng di godile di iphitlha mo lefelong le le moriti le le omileng. Fa di tswa fa go setse go nna mogote, di fofa di batla dimela tse di nang le di-aphid. Fa di sena go gwela, e namagadi e beela mae a mannye a masetlha (a a bontshitsweng kafa mojeng) kafa tlase ga letlhare gaufi le fa go nang le di-aphid tse dintsi gone. Lee lengwe le lengwe le thuthuga go nna seboko sa maoto a marataro se se tshwanang thata le kwena e nnye e e bogale (jaaka go bontshitswe kafa molemeng) go na le gore se lebege jaaka selo se se tla fetogang go nna khukhwane. E re ka sebokwana se fetsa nako yotlhe ya sone se ja di-aphid, go ise go ye kae se gola mo se sa tlholeng se lekana go nna mo letlalong la sone. Fa se sena go itlobola letlalo makgetlo a le mmalwa, se ingaparetsa mo sejalong mme se bo se bopa letlalo la mokone. Mo teng ga mokone oo, seboko se tswelela se gola go fitlha kgabagare go tswa khukhwane e e godileng. Mo tshimologong fa mmele wa sone o sa ntse o le boruma e bile o le mosetlha, se nna se ikgomareditse mo sejalong go fitlha mmele wa sone o nna thata. Morago ga letsatsi fela mebala ya sone e a tlhaga.

Baba ba khukhwane e ntle eno ba ithuta go e tila. Fa khukhwane eno e le mo kotsing, e ntsha seedi se se setlha, se se nkgang bosula, mme le tatso ya sone e le bosula go tswa mo ditokololong tsa yone. Ditshedi tse dingwe tse di jang khukhwane, tse di jaaka dinonyane kgotsa dikgokgo, ga di se lebale, mme mmala wa yone o o galalelang o nna o ntse o di gakolola ka lekgetlho la ntlha fa di ne di leka go se ja.

Khukhwane e e Letshwenyo

Mofuta mongwe wa khukhwane, o pele o neng o dirisiwa go thibela ditshenekegi tse di senyang, o bonala jaanong le one o baka tshenyo. Khukhwane ya harlequin, e gape go tweng ke ladybird e e namagadi e e mebalabala ya kwa Asia, e tshela sentle le mefuta e mengwe ya di-ladybird mo lefelong la gaaboyone la bokonebotlhaba jwa Asia. Ka ntlha ya tsela e e neng e ja di-aphid le ditshenekegi tse dingwe tse di senyang dijalo ka yone, bosheng jaana e ne ya romelwa kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa. Ka maswabi, e tsentse di-ladybird tsa koo mo kotsing ka go ja dijo tsotlhe tsa tsone. Mo godimo ga moo, fa dijo tse e di ratang di fela—mme baba ba yone ba tlholego ba seyo go ka e laola—khukhwane eno e e bolailweng ke tlala e simolola go ja di-ladybird tsa koo le ditshenekegi tse dingwe tse di mosola mo dijalong. Baithuti ba ditshenekegi ba a tshoga fa ba akanya ka se se tla diragalang mo nakong e e tlang ka gonne ba bona fa mefuta mengwe ya dikhukhwane e tlile go senngwa gotlhelele. Khukhwane eno ya harlequin gape e dira gore e se ka ya ratiwa ka go ja maungo a a buduleng a a siametseng go kgetlwa le ka go tsena mo matlong ka nako ya letlhabula go tshabela mariga a a tsididi gone.

Mefuta e mengwe ya dikhukhwane tseno tsa di-ladybird e ja dijalo tse di botlhokwa go na le gore e je ditshenekegi tse di senyang. Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore bontsi jwa tsone di ratiwa ke beng ba ditshingwana.

Go Dira Gore Ladybird e Tle mo Tshingwaneng ya Gago

O ka dira jang go ngoka dikhukhwane tseno gore di tle mo tshingwaneng ya gago? Dijalo tse di nang le malomo di na le modula le tswina e e kgonang go di ngoka. Sebatanyana sa mefero le sejana se se seng boteng sa metsi le tsone di a di ngoka. Fa go kgonega, o se ka wa dirisa dibolayaditshenekegi tsa dikhemikale. Matlhare a a omeletseng a a tlogelwang mo dijalong kgotsa mo mmung ka nako ya mariga a ka thusa go nna mafelo a a monate a dikhukhwane tseno di ka iphitlhang mo go one. Leka gore o se ka wa bolaya ditshenekegi dipe le go senya mae a o a fitlhelang mo tshimong ya gago. O ka nna wa bo o bolaya kokomane e e latelang ya dikhukhwane tsa di-ladybird.

Gakologelwa, di le mmalwa fela tsa ditshenekegi tse dintle tseno di ka go thusa go leleka ditshenekegi tse di senyang mo tshingwaneng ya gago kwantle ga gore o dirise dibolayaditshenekegi tse di kotsi. Fa o di tlhokomela, di tla go duela ka ntlha ya seo. Dikhukhwane tsa di-ladybird ke sekai se sengwe gape se se bontshang botlhale jwa Mmopi wa rona, jaaka fa mopesalema a ne a bontsha fa a ne a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Kwa godimo: © Waldhäusl/Schauhuber/Naturfoto-Online; sa bobedi mo molemeng: Scott Bauer/Agricultural Research Service, USDA; se se mo gare: Clemson University - USDA Cooperative Extension Slide Series, www.insectimages.org; mae: Bradley Higbee, Paramount Farming, www.insectimages.org

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Kafa molemeng: Jerry A. Payne, USDA Agricultural Research Service, www.insectimages.org; sa bobedi go tswa kwa molemeng: Whitney Cranshaw, Colorado State University, www.insectimages.org; sa boraro go tswa kwa molemeng: Louis Tedders, USDA Agricultural Research Service, www.insectimages.org; sa bonè go tswa kwa molemeng: Russ Ottens, The University of Georgia, www.insectimages.org; di-ladybird mo letlhareng: Scott Bauer/Agricultural Research Service, USDA