Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Lotlhe le Batla Botsogo jo Bontle!

Lefatshe Lotlhe le Batla Botsogo jo Bontle!

Lefatshe Lotlhe le Batla Botsogo jo Bontle!

DINGWAGA di feta 2 700 tse di fetileng, moporofeti mongwe o kile a bua ka nako e mo go yone go tla bong go sa tlhole go na le bolwetse. Boporofeti jono bo ile jwa bolokiwa go fitlha mo motlheng wa rona mme bo fitlhelwa mo dikwalong tsa bogologolo tsa ga Isaia. O ne a kwala ka nako ya fa go se “na monni ope yo o tla reng ‘Ke a bobola,’” mme a oketsa ka gore: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” (Isaia 33:24; 35:5, 6) Dibuka tse dingwe tsa boporofeti tsa Baebele le tsone di bua ka isagwe e e ntseng jalo. Ka sekai, buka ya bofelo ya Baebele e leng Tshenolo, e tlhalosa nako e ka yone Modimo a tla tlosang botlhoko.—Tshenolo 21:4.

A ditsholofetso tseno di tla diragala? A go tla tsamaya go nna le nako e ka yone batho ba tla itumelelang botsogo jo bontle le nako e ka yone go tla bong go sa tlhole go na le bolwetse? Gone ke boammaaruri gore karolo e kgolo ya batho e na le botsogo jo bo botoka gompieno go na le ba nako e e fetileng. Mme botsogo jo bo botoka ga bo tshwane le botsogo jo bo itekanetseng. Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba bogang ka ntlha ya bolwetse. Go itse fela gore nako nngwe o tlile go lwala, seo ka bosone fela se dira gore motho a se ka a ja di welang. Mme boammaaruri ke gore tota le motlheng wa gompieno, ga go na ope yo o ka reng ene ga a na go tsamaya a boga mo mmeleng le mo tlhaloganyong.

Tsela e Seno se go Amang ka Yone

Botsogo jo bo seng bontle bo ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme e e tshwenyang ba le bantsi gompieno ke tsela e go jang madi a mantsi ka teng fa motho a lwala. Ka sekai, mo ngwageng nngwe bosheng jaana, go ile ga latlhega malatsi a le dimilione di le 500 a tiro kwa Yuropa ka ntlha ya bolwetse. Go ntse jalo le kwa dinageng tse dingwe. Go se ntshe tiro ka selekanyo se se tshwanetseng, mmogo le go tlhatlogela kwa godimo ga ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya kalafi, go dira gore go nne le bothata jo bogolo jwa tsa madi jo bo amang mongwe le mongwe. Dikgwebo le dipuso di a latlhegelwa. Go lepalepana le go latlhegelwa gono, dikgwebo di oketsa ditlhwatlhwa tsa dilwana tsa tsone mme dipuso di oketsa madi a lekgetho. Ke mang yo o duelelang dilo tseno tsotlhe? E feleletsa e le wena o di duelelang!

Ka maswabi, gantsi bahumanegi ba go fitlhela go le thata go bona tlhokomelo e e tshwanetseng ya kalafi, fa e le gore gone ba ka kgona go e bona. Jono ke bothata jo batho ba le dimilione ba ba mo dinageng tse di tlhabologang, tse gongwe di sa kgoneng go le kalo go fitlhelela ditirelo tsa maemo a a kwa godimo tsa kalafi kgotsa di se na tsone gotlhelele, ba lebanang le jone. Tota le mo dinageng tse di tlhabologileng, batho ba bangwe ba tshwanelwa ke go kgaratlha gore ba bone tlhokomelo e ntle ya kalafi. Gantsi go ntse jalo ka batho ba le dimilione di le 46 kwa United States ba ba se nang inshorense ya kalafi.

Bothata jwa bolwetse ga bo imetse fela mo mading. Botlhoko jo bogolo thata jo re bo utlwang ke go boga ka ntlha ya bolwetse jo bo sa foleng, botlhoko jwa go itshokela setlhabi se se sa feleng, khutsafalo ya go bona ba bangwe ba ba lwalang la go swa, le go ngomoga pelo ka ntlha ya go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang.

Tsholofelo ya gore letsatsi lengwe re tla tshela mo lefatsheng le le se nang bolwetse e kgatlha thata. Lefatshe le batla botsogo jo bo siameng! Ba le bantsi ba dumela gore le fa gone go ka utlwala e kete ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, mme go tla direga. Go na le ba bangwe ba ba dumelang gore fa nako e ntse e tsamaya, ka botegeniki jwa batho, kgabagare bolwetse jotlhe bo tla fedisiwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba dumelang mo Baebeleng, ba dumela gore Modimo o tla dira gore boporofeti jo bo kwadilweng bogologolo, jo bo buang ka lefatshe le le se nang bolwetse, bo diragadiwe. A batho ba tla kgona go dira gore go nne le nako e ka yone go se kitlang go nna le bolwetse? A Modimo ene o tla dira jalo? Isagwe e tla re tlisetsa eng?