Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekekema la Lewatle la Kwa Belize—Lengwe la Mafelo a a Itlhaolang ka Bontle Jwa One mo Lefatsheng

Lekekema la Lewatle la Kwa Belize—Lengwe la Mafelo a a Itlhaolang ka Bontle Jwa One mo Lefatsheng

Lekekema la Lewatle la Kwa Belize—Lengwe la Mafelo a a Itlhaolang ka Bontle Jwa One mo Lefatsheng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

“Go senyega kgotsa go nyelela ga selo le fa e le sefe se e leng boswa, e ka tswa e le jwa setso kgotsa jwa tlhago, go raya go baka khumanego e e seng kana ka sepe mo go se e leng boswa jwa ditšhaba tsa lefatshe. . . . Go botlhokwa thata gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba kopanele mo go sireletseng dilo tseno tsa setso le tlhago tse e leng boswa jo bo tlhomologileng thata mo lefatsheng.”—Go tswa mo setheong sa UNESCO se se dirang ka pabalelo ya mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one a lefatshe.

TUMALANONG le mafoko a a fa godimo, karolo ya Lekekema la Lewatle la Belize e ne ya tshwaiwa go nna lengwe la mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one mo lefatsheng ka 1996. Ka gone e ne ya bewa mo boemong jo bo tshwanang le Machu Picchu kwa Peru, Grand Canyon kwa United States, le mafelo a mangwe a mantlentle a a tshwanang le ano mo lefatsheng. Ke eng se se dirang gore lefelo leno e nne ‘lengwe la mafelo a a tlhomologileng thata mo lefatsheng’?

Lefelo le le Itlhaolang le le Tshwanetseng go Babalelwa

Lefelo leno la Lekekema la Lewatle la Belize le tsaya maemo a bobedi ka bogolo mo lefatsheng e le lekekema la mo lewatleng la dikorale tse di tshelang, le gaisiwa fela ke Great Barrier Reef ya kwa Australia, e bile ke lone le leleele go a feta otlhe kwa Hemisefereng ya Bophirima. Le dikilometara di le 300 go bapa le Pheninsula ya Yucatán, go akaretsa le karolo e kgolo ya lobopo lwa naga e e kwa Amerika Bogare ya Belize. Mo godimo ga lekekema leno la lewatle ka bolone—tota e bile ke makekema a le mokawanyana—lefelo leno le na gape le ditlhaketlhake tse dinnye di ka nna 450, ditlhaketlhake di le tharo tsa dikorale, le makekema a a tshekeleditseng makadiba a a bontle jo bo jesang kgakge. Dikarolo di le supa tsa lewatle mo lefelong leno, tse fa di kopantswe tsotlhe di dirang karolo e e lekanang le disekwerekilometara di le 960, di sireleditswe ke setheo seno se se tlhokometseng go sirelediwa ga mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one mo lefatsheng.

Se se go thusang go bona gore go botlhokwa go le kana kang go sireletsa makekema ano a lewatle a dikorale ke fa o lemoga gore mo mafelong ano go nna diperesente di le 25 tsa dimela le diphologolo tsa mo lewatleng. Ee ruri, mafelo ano a makekema a lewatle a dikorale a na le mefutafuta ya ditshedi mo go one, mme e gaisiwa fela ke mefuta e e kwa dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi ka bontsi. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba tlhagisa gore diperesente di le 70 tsa mafelo otlhe ano a dikorale mo polaneteng eno di tlile go senngwa mo dingwageng di le 20 go ya go di le 40 tse di latelang fa batho ba ka se emise mekgwa ya bone e mentsi ya go kgotlela mawatle, bojanala jo bo sa laolegeng, le mekgwa e mengwe e e senyang e e tshwanang le go tshwara ditlhapi ka go tshela botlhole mo metsing.

Mo lefelong leno la Lekekema la Lewatle la Belize go bonwe mefuta e le 70 ya dikorale tse di thata, le mefuta e le 36 ya tse di seng thata, le mefuta e le 500 ya ditlhapi. Mo lefelong leno go nna diphologolo tsa lewatle tse di mo kotsing ya go nyelediwa, tse di tshwanang le mefuta e e farologaneng ya bokhudubane ba mo lewatleng, mmogo le makgare le dikwena tsa Amerika. Fa Julianne Robinson, yo o dirang dipatlisiso ka mafelo a makekema a lewatle a dikorale, a ne a tlhalosa ka tsela e go nang le mefuta e mentsintsi ka teng ya ditshedi tsa mo lewatleng mo lefelong leno, a re: “Lefelo leno la Lekekema la Lewatle la Belize le na le dilo di le dintsi thata tse di tlhomologileng tse babatlisisi le baeng ka go tshwana ba ka di itumelelang. . . . Ke le le lengwe la mafelo a le mmalwa thata a a sa ntseng a setse, le o ka bonang mo go lone tlhago e le mo bontlentleng jwa yone, mme le fa go ntse jalo, le mo kotsing ya go senngwa.”

Gongwe selo se segolo thata se se tsenyang lefelo leno la lekekema la lewatle la kwa Belize mo kotsing ke go tswa mmala ga dikorale tsa teng, tiragalo e mo go yone dikorale tse di mebalabala di latlhegelwang ke mmala wa tsone mme di nna bosweu jo bo phatsimang. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 26.) National Geographic News e bega gore mo e ka nnang ka nako e le nngwe le ya Kgwanyape ya Mitch, ka 1997 le 1998 dikorale di le dintsi thata di ne tsa tswa mmala mo go neng ga felela ka gore lefelo le le dirang diperesente di le 48 le le neng le khurumeditswe ke dikorale tse di tshelang le senyegelwe ke tsone. Ke eng se se bakileng tshenyo e kanakana? Le fa gone go sa ntse go dirwa dipatlisiso, Melanie McField, yo o dirang dipatlisiso ka mafelo ano a makekema a lewatle, a re: “Go tswa mmala gono ga dikorale go amana thata le go tlhatloga ga dithemperetšha tsa mo lewatleng. . . . Marang a a bogale thata a lesedi le one a ka baka go tswa mmala ga dikorale, mme fa dilo tse pedi tseno di kopane di baka tshenyo e e maswe thata ya go tswa mmala ga dikorale.” Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go bonala lekekema la lewatle la Belize le boela le tokafala. *

Paradaise ya Kafa Tlase ga Metsi

Bathumi ba itumelela thata go thuma mo metsing a a itshekileng a lefelo leno la lekekema la lewatle la Belize, a gantsi a fitlhang go didikirii tsa Celsius di le 26. Go sa ntse go tlhoka go dirwa dipatlisiso mo karolong e e dirang diperesente di le 90 tsa lefelo leno. Le dimetara di ka nna makgolo a sekae fela go tswa San Pedro, kwa Setlhaketlhakeng se sennye sa Ambergris mme o ka kgona go e fitlhelela motlhofo gone. Dikilometara di ka nna thataro fela kafa borwa botlhaba jwa San Pedro go na le Lefelo la Tshireletso ya Ditshedi Tsa mo Lewatleng la Hol Chan, le le disekwerekilometara di le robedi tsa lefelo le le seng boteng go le kalo la metsi le le nang le tselana e e fetang mo lekekemeng leno la lewatle.

Lengwe la mafelo a mantle thata mo lefatsheng a motho a ka thumelang mo go one ke la Blue Hole, le eleng lefelo le le sireleditsweng le le lone e leng lengwe la mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one mo lefatsheng mo karolong eno, le le bokgakala bo ka nnang dikilometara di le 100 go tswa mo Belize ka boyone mo Lekekemeng la Lewatle la Lighthouse. Le ne la dirwa lefelo le le tumileng ke mmatlisisi wa Mofora, yo o dirang dipatlisiso ka dilo tsa mo lewatleng, e bong Jacques-Yves Cousteau fa a ne a dule letsholo la dipatlisiso ka 1970, ka sekepe sa Calypso. Blue Hole eno, mo lewatleng le le bobududu jo e keteng bo batla bo le botala, ke lehuti le le mmala o o bobududu jo bo tseneletseng mo letlapeng la laeme, le le nang le dikorale tse di tshelang ko molomong wa lehuti leno. Lehuti leno le bokana ka dimetara di le 300 fa o lekanya go kgabaganya molomo wa lone mme le boteng jwa dimetara di le 120 go ya kwa tlase. Pele ga metsi a bogodimo jwa lewatle a tlhatloga, lefelo leno e ne e le logaga lo lo omileng lwa kafa tlase ga mmu, mme borulelo jwa logaga lono e ne ya re moragonyana jwa gosomana. Dipota tsa lone di dira dimetara di le 35 go ya kwa tlase, mme go na le marothela a a itirileng dipilara go tswa mo leribeng la borulelo jwa logaga mme a ya kwa tlase. O bona bontle fela kwa tlase ga metsi ano, mme o kgona go bona go ya go fitlha go dimetara di le 60. Mo teng ga lehuti leno go na le mefuta ya ditshedi di le mmalwa fela tsa mo lewatleng kwantle ga dishaka. Ba ba thumang mo metsing ano ba dirisa dipeipi tse di ba thusang go hema ba le mo metsing ba tshwanetse go ela tlhoko gore fa o tsene kwa tlase mo bodibeng jono jwa metsi ga wa tshwanela go tswa ka go itlhaganela mo go one, mme bathumi ba ba se nang maitemogelo ga ba tshwanela go tsena mo go one. Le fa go ntse jalo, go a kgonega go thuma o dirisa tšhupu e e thusang go hema fa o thuma mo metsing a a itshekileng a lefelo leno la dikorale.

Gaufi le foo go na le lefelo le lengwe la a le supa a a itlhaolang ka bontle jwa one mo lefatsheng, e leng Setlhaketlhake se sennye sa Half Moon, setlhaketlhake se sentle moo go nang le dinonyane tse di bonwang sewelo tse di maoto a mahibidu tsa di-booby. Go ile ga bonwa gape le mefuta e ka nna 98 ya dinonyane tse dingwe mono. Go thabuela mo metsing ano a a mo lefelong leno la Setlhaketlhake sa Half Moon, le le apesitsweng ke dikorale tse dintle tse di seng thata, e bile metsi a teng a phothosela dimetara di le 1 000 go ya kwa tlase, ke selo se se kgatlhang tota.

Jaaka o ka kgona go bona go tswa mo go eteleng ga rona ka bokhutshwanyane Lekekema leno la Lewatle la kwa Belize, re na le lebaka la go sireletsa letlotlo leno gore dikokomana tse di tlang mo isagweng di bone bontlentle jwa lone. Eleruri go latlhegelwa ke lone go ne go ka raya “go baka khumanego e e seng kana ka sepe mo go se e leng boswa jwa ditšhaba tsa lefatshe.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Gongwe ga go na sepe se se kalo se se ka dirwang mo lefelong leno ka bothata jwa go gotela ga moya o o mo loaping, o o dirang gore dithemperetšha tsa metsi a lewatle di ye kwa godimo thata, mme gone go tshwaiwa ga lefelo leno gore ke lengwe la mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one mo lefatsheng go dirile gore baagi ba Belize ba dire ka natla go sireletsa lefelo leno.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go Tswa Mmala ga Dikorale

Lekekema la lewatle ke lefelo le le gaufi le losi lwa lewatle le le nang le ditshedinyana tse di bidiwang dikorale tsa polyp tse di jang dithishu tsa diphologolo, tse karolo ya tsone e e kafa ntle e e thata e leng calcium carbonate, kgotsa laeme. Dikorale tse di tshelang tseno di tswa mo marapong a diphologolo tse di suleng bogologolo. Bolele jo bonnye thata (zooxanthellas) bo nna mo dithishung tsa dikorale tseno tsa mo lekekemeng la lewatle mme di bo di tshela ka go thusana le dikorale tseno, ka gonne bo ntsha okosejene le dikotla tse dingwe, tse dikorale di di tlhokang, mme gape bo monya khabonetaeokosaete e e ntshiwang ke dikorale tseno. E re ka dikorale tseno di kgona go utlwa ka bonako fa themperetšha ya metsi e fetofetoga, fa metsi a simolola go thuthafala di leleka bolele, mme seno se dira gore di latlhegelwe ke sere se se di thusang go nna le mmala o motala mme seno se dira gore di latlhegelwe ke mmala. Fa dikorale di setse di koafetse jalo, di tlhaselwa motlhofo fela ke malwetse di bo di feleletse di sule. Le fa go ntse jalo, makekema a lewatle a dikorale a kgona go emelana le maemo a a thata e bile a kgona go boela a fola fa a sirelediwa.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho se se kwa morago: Copyright © 2006 Tony Rath Photography - www.trphoto.com

[Mmapa mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mexico

BELIZE

Lewatle la Caribbean

Lewatle la Pacific

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go bona Belize ka satalaete, e bontsha lekekema leno la lewatle le le dikilometara di le 300

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhaketlhake sa dikorale sa Rendezvous

[Motswedi wa Setshwantsho]

©kevinschafer.com

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Khudubane e e bidiwang Hawksbill

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Blue Hole kwa Lekekemeng la Lewatle la Lighthouse, e e bakilweng ke logaga lwa letlapa la laeme lo lo neng lwa gosomana

[Motswedi wa Setshwantsho]

©kevinschafer.com

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mo Lekekemeng leno la Lewatle la kwa Belize go nna mefuta e le 500 ya ditlhapi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho se se mo gare: © Paul Gallaher/Index Stock Imagery

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Setshwantsho sa satalaete: NASA/The Visible Earth (http://visibleearth.nasa.gov/); divers: © Paul Duda/Photo Researchers, Inc.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Copyright © Brandon Cole