Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matsapa a a Tserweng ke Kgosi Nngwe go Senka Botlhale

Matsapa a a Tserweng ke Kgosi Nngwe go Senka Botlhale

Matsapa a a Tserweng ke Kgosi Nngwe go Senka Botlhale

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

LEKGOLO la bo13 la dingwaga e nnile nako ya go tlhoka go itshokelana mo go maswe le thubakanyo e e feteletseng. Yuropa e ne e tlhasetswe ke Dikgotlatshekelo tse di Kgatlhanong le Bokgelogi le ditlhopha tsa Batlhabanelatumelo tse di neng di tle di bolaye batho. Le fa go ntse jalo, mo gare ga motlha ono wa tshololo ya madi, kgosi nngwe ya kwa Spain e ne ya leka go tsenya bokgoni jwa go akanya sentle mo lefatsheng. Leina la kgosi eno e ne e le Alfonso X, yo gape a neng a bidiwa Alfonso wa Motlhalefi.

Kgosi eno ke yone e e lerileng diphetogo tse ka dinako dingwe di bidiwang ditlhabologo tsa lekgolo la bo13 la dingwaga. O ne a tlisa kitso e ntšha kwa Spain, e e tswang kwa mafatsheng a a kgakala. O ne a rata thata go ithuta botaki, hisitori, molao, le saense. Seno se ne sa nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo go tlhabololeng setso kwa Spain le kwa dinageng tse dingwe tsotlhe tsa kwa Yuropa. Mme selo se se botlhokwa le go feta ke gore maiteko a gagwe a ne a dira gore kitso ka Lefoko la Modimo, e leng Baebele e gole.

Alfonso o ne a nna le seabe se segolo mo go tlhamiweng ga dikolo koo Bajuda, Bamoseleme, le “Bakeresete” ba ba rutegileng thata ba neng ba nna gone go kopanya megopolo. Go ba tlhofofaletsa tiro, kgosi e ne ya tlhoma nngwe ya dilaeborari tsa ntlha mo lefatsheng ya Puso le go e etleetsa ka matlole.

Alfonso o ne a nna le seabe ka boene mo go kwalweng le mo go rulaganyeng tiro e ntsi e e akaretsang tsamaiso ya molao, saense, le hisitori. O ne a tsweledisa pele go tlhabololwa ga dibuka le dipoko, e leng dilo tse a neng a dira bontle thata mo go tsone, jaaka go bontshitswe ke buka ya dipoko tsa gagwe e e itsegeng. * Di ne di kwadilwe ka se-Gallego (se-Galicia), e leng puo e e neng e dirisiwa ka nako eo go tlhama mafoko.

Sekolo sa Bakanoki sa Baranodi

Alfonso o ne a etleetsa Sekolo sa Bakanoki sa Baranodi kwa Toledo. Buka ya La Escuela de Traductores de Toledo (Sekolo sa Bakanoki sa Baranodi kwa Toledo) e tlhalosa jaana: “Tiro ya kgosi e ne e akaretsa go tlhopha baranodi le tiro e e tshwanetseng go ranolwa. O ne a sekaseka gape tiro e e ranotsweng, a kgothaletsa gore go tshwarwe metlotlo le go etleetsa go tlhamiwa ga ditiro tse disha.”

Baranodi ba kwa Toledo ba ne ba simolola ka go ranola mekoa ya dibuka tsa Searabia. Baranodi ba Bamoseleme ba ne ba setse ba ranotse dibuka tse di botlhokwa thata tsa ditso tsa Segerika, Seindia, Seperesia, le Sesiria ba di ranolela mo Searabieng. Kitso e ntsintsi e ba neng ba nna le yone ka ntlha ya tiro eno e ne ya solegela baithuti ba Bamoseleme molemo fa ba ntse ba tswelela pele go godisa kitso mo dilong tse di jaaka dipalo, thuto ya dinaledi, hisitori, le mo go ithuteng ka lefatshe. Gape, sekolo seno sa bakanoki sa kwa Toledo se ne se batla go dirisa bobolokelo jono jo bo rweleng kitso. Jang? Ka go ranolela dibuka tse di botlhokwa tsa Searabia mo Selatin le Se-Spain.

Dikgang ka diphitlhelelo tsa bakanoki ba kwa Toledo di ile tsa anamela le kwa dinageng tse dingwe. Banna ba ba rutegileng ba ba tswang kwa diyunibesithing tsa bokone kwa Yuropa ba ne ba simolola go thologela ka bonako kwa Toledo. Seno se ne sa nna le seabe se se botlhokwa mo go tsweletseng pele saense le go ithuta ka dibuka kwa dinageng tsa Bophirima. Tota e bile, tiro eno e kgolo ya go ranola e thusitse thata mo go tliseng Motlha wa Ditlhabologo.

Ditiro tsa baranodi ba kwa Toledo di thusitse dingaka go kgona go bala dibuka tsa bongaka tsa ga Galen, Hippocrates, le Avicenna, yo buka ya gagwe ya Canon of Medicine e neng ya nna bukathuto ya konokono ya tsa kalafi kwa diyunibesithing tsa Bophirima go fitlha ka lekgolo la bo17 la dingwaga. Baithutadinaledi ba ne ba kgona go bala dibuka tsa ga Ptolemy mme le go solegelwa molemo ke go bala terikonometeri le dilo tse dingwe tsa thuto ya dinaledi ya ga al-Khwārizmī tsa Searabia. *

Alfonso o ne a batla gore dithanolo tseo di tlhaloganngwe ke batho fela ba maemo a a tlwaelegileng. Maiteko ano a ne a dira gore puo ya Se-Spain e nne yone e e dirisiwang mo go tsa saense le mo go fetiseng dikgopolo. Tiro e Alfonso a neng a e simolotse e ne ya thusa go fetola pono e e tlwaelegileng ya gore Selatine ke yone fela puo ya setso.

Baebele ya ga Alfonso

Maitemogelo a bakanoki ba kwa Toledo ba neng ba a bona fa ba ne ba ranola dilo tse dintsintsi tseo a tshwanetse a bo a ile a ba thusa thata fa Alfonso a laela gore go ranolelwe dikarolo dingwe tsa Baebele mo puong ya se-Spain. Go ya ka mokwalahisitori wa kwa Spain e bong Juan de Mariana, kgosi e ne ya etleetsa go ranolwa ga Baebele ka tsela eno ka tsholofelo ya gore ka yone puo ya se-Spain e tla tokafadiwa gape e tla nna le mafoko a mantsi. Kwantle ga pelaelo, thanolo eno ya pele ya Baebele e nnile le seabe mo go atoloseng puo ya se-Spain.

Kgosi e ne e tsaya Baebele e le botlhokwa thata go kaela batho. E ne ya kwala jaana mo ketapeleng ya Crónica de España: “Fa re akanya ka melemo e e gone mo Dikwalong tse di Boitshepo, re kgona go bona gore re thusiwa ke gore di re naya thuto malebana le popo ya lefatshe, go tla ga ditlhogo tsa lotso, tsholofelo ya go tla ga Morena Jesu Keresete, go boga ga gagwe, tsogo le go tlhatloga ga gagwe.”

Gape o ne a okamela porojeke ya go kwalwa ga dibuka tsa hisitori e a neng a e bitsa General Estoria. E e neng e akaretsa go ranolwa ga dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera mo puong ya se-Spain. (Go ranolwa ga dikarolo tsa Dikwalo tsa Segerika go ne ga tsenngwa morago) Tiro eno e e itumedisang, e e neng e itsege jaaka Alfonsine Bible, e e neng e le ya mofuta wa yone e ne e le kgolo go gaisa e e kileng ya dirwa mo Metlheng ya Bogare. E ne ya kwalololwa gantsintsi mme bontlhanngwe jwa yone jwa ranolelwa mo Sepotokising le mo puong ya Secatalan.

Boswa jo bo Tlogetsweng ke Alfonso

Dibuka tseno tsa metlha ya bogare ya ga Alfonso di ne tsa dira gore kitso ya Dikwalo e nne e ntse e le teng mo metlheng ya lefifi la semoya. Ka ntlha ya dithanolo tseno, batho ba ne ba kgatlhegela Baebele ka puo ya bone. Mo makgolong a mabedi a dingwaga a a neng a latela, go ne ga dirwa dithanolo tse dingwe ka puo ya se-Spain.

Go tlhamiwa ga motšhini o o gatisang le tiro e e matsetseleko ya baranodi ba lekgolo la bo16 la dingwaga kwa Spain le kwa dinageng tse dingwe tsa kwa Yuropa e ne ya tsweletsa pele tiro e Alfonso le ditsala tsa gagwe ba neng ba e simolotse. Batho go ralala Yuropa ba ne kwa bofelong ba kgona go nna le dikhopi tsa Baebele ka puo ya bone. Le fa gone, puso ya ga Alfonso X e nnile le dintwa le botsuolodi, maiteko a gagwe a go nna le kitso a thusitse mo go anamiseng kitso ya bomodimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Buka eno ke ya ditlhamo tsa maboko a metlha ya bogare a a neng a opelwa ke ditlhopha tsa baopedi.

^ ser. 11 Al-Khwārizmī e ne e le mankge wa dipalo yo o itsegeng wa kwa Peresia wa lekgolo la borobongwe la dingwaga yo o neng a tlhama mokgwa wa go ithuta dipalo wa algebra mme a simolola dikgopolo tsa dipalo tsa Seindia, tse di jaaka go dirisa dinomore tsa Searabia tse di akaretsang kgopolo ya go dirisa nnoto le dilo tsa motheo tsa arithmetic.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

DITHANOLO TSA BOGOLOGOLO TSA BAEBELE YA SE-SPAIN

Alfonso X ga se ene wa ntlha go ranolela dikarolo tsa Dikwalo mo puong ya Se-Spain. Dingwaga di le mmalwa pelenyana, Hermannus Alemannus, mongwe wa baranodi yo o neng a dira kwa sekolong sa bakanoki sa Toledo, o ne a ranolela Dipesalema ka tlhamalalo go tswa go Sehebera go ya go Se-Spain. Gape, pelenyana mo lekgolong la bo13 la dingwaga go ne ga ranolwa Biblia medieval romanceada Prealfonsina (Baebele ya Metlha ya Bogare ya Puo e e Tswang mo Selatineng ya pele ga ya ga Alfonso). (Bona setshwantsho se se kafa mojeng.) Kgatiso eno e tsewa e le yone ya bogologolo go di feta ya Baebele e e feletseng ya Se-Spain. Ga go pelaelo gore Baebele eno ke yone e e neng ya tlhotlheletsa Alfonso X go etleetsa tiro ya go ranolwa ga Baebele dingwaga di le mmalwa tse di neng tsa latela.

Malebana le Baebele eno ya pele ga ya ga Alfonso, mokanoki Thomas Montgomery a re: “Moranodi wa Baebele eno o dirile tiro e e itumedisang ka tsela e Baebele eno e opang kgomo lonaka ka yone le ka moo puo ya yone e leng bonolo ka teng. Thanolelo eno e latela ka kelotlhoko kgopolo e e mo Baebeleng ya ga Vulgate e bile ga e dirise mafoko a mantsi a Selatini. Puo e e dirisitsweng mo Baebeleng eno e bonolo e bile e a tlhaloganyega, jaaka go tshwanetse ga nna ka Baebele e e kwaletsweng batho ba ba sa itseng Selatini go le kalo.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bible: Patrimonio Nacional. Real Biblioteca de El Escorial

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Sefikantswe sa ga Alfonso X kwa matsenong a Laeborari ya Bosetšhaba kwa Spain, Madrid

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Kgosi e na le baranodi ba kwa Toledo (kwa godimo) le bataki (kwa tlase); Efangele ya ga Luke mo go “Biblia Alfonsina” (kwa tlasetlase)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

All photos except statue of Alfonso X: Oronoz