Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nako ya fa Bolwetse bo Tla Bo bo Sa Tlhole bo le Gone!

Nako ya fa Bolwetse bo Tla Bo bo Sa Tlhole bo le Gone!

Nako ya fa Bolwetse bo Tla Bo bo Sa Tlhole bo le Gone!

BATHO ba le bantsi ba solofela gore ba tlile go fodisiwa ditlhabi le malwetse fa ba sena go swa mme ba tlhatlogetse kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, go farologana le se batho ba le bantsi ba se dumelang, tsholofetso e Baebele e e nayang batho ka kakaretso ke gore ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:11; 115:16) Isagwe eno e re e solofediwang e akaretsa botsogo jo bo itekanetseng, boitumelo le botshelo jo bo sa khutleng.

Ke ka ntlha yang fa re lwala le go swa? Go tla direga jang gore go nne le lefatshe le le se nang bolwetse? Baebele e araba dipotso tseo.

Se tota se bakang bolwetse Adame le Efa, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba bopiwa ba na le mebele e e itekanetseng. (Genesise 1:31; Duteronome 32:4) Ba ne ba diretswe gore ba tshelele ruri mo lefatsheng. Mme mebele ya bone e simolotse go tlhaselwa ke bolwetse fa ba sena go tsuologela Modimo ka boomo. (Genesise 3:17-19) Ka go gana taolo ya Modimo, ba ne ba senya kamano ya bone le Mmopi, Motswedi wa botshelo jwa bone jo bo itekanetseng. Ba ne ba nna batho ba ba sa itekanelang. Ka ntlha ya seo, ba ne ba simolola go lwala mme ba swa, fela jaaka Modimo a ile a ba tlhagisa gore go tla diragala.—Genesise 2:16, 17; 5:5.

Fa Adame le Efa ba sena go tsuologa ba ne ba tla fetisetsa fela bosaitekanelang mo baneng ba bone. (Baroma 5:12) Jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, baitsesaense gompieno ba lemoga gore go na le dilo dingwe tse re tshotsweng ka tsone tse di dirang gore re lwale le go swa. Morago ga go dira patlisiso e e tseneletseng, setlhopha sengwe sa baitsesaense bosheng jaana ba ne ba swetsa ka gore: “Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke gore fa botshelo bo simologa, mmele o simolola ka boone thulaganyo ya go itshenya.”

E seng ka maatla a batho Saense e atlegile thata mo go lwantsheng bolwetse. Mme gore bolwetse bo bakiwa ke eng e nnile kgang e e thata gore saense e ka e rarabolola ka botlalo. Seno ga se gakgamatse baithuti ba Baebele ba ba tlwaelaneng le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a Modimo: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.”—Pesalema 146:3.

Le fa go ntse jalo, jaaka Baebele e bolela, “dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.” (Luke 18:27) Jehofa Modimo a ka kgona go fedisa bothata jo bo bakang bolwetse. O tla fodisa matlhoko a rona otlhe. (Pesalema 103:3) Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le solofetsa jaana: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Se o tlhokang go se dira Jesu Keresete o ne a tlhalosa sentle gore re tshwanetse go dira eng gore re kgone go tshela mo lefatsheng le le se nang bolwetse. O ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Kitso ka ga Modimo le dithuto tsa Morwawe e bong Jesu, di fitlhelwa mo Baebeleng. Kitso e e ntseng jalo e akaretsa kgakololo e e ka go thusang go tokafatsa botshelo jwa gago gone jaanong. Mme go feta moo, Modimo o solofetsa baobamedi ba gagwe ba ba kutlo lefatshe le le tla bong le se na botlhoko. Ee, Modimo o go solofetsa isagwe e mo go yone go tla bong go se na “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola’”!—Isaia 33:24.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Go Nna le Pono e e Siameng ka Botsogo Jwa Gago

Baebele e kgothaletsa batho go tlotla botshelo. Basupi ba ga Jehofa ba bontsha tlotlo e e ntseng jalo ka go tlhokomela botsogo jwa bone. Ba tila mekgwa e e kotsi e e jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go dirisa motsoko. Modimo o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba nne tekatekano mo mekgweng ya bone ya go nwa le ya go ja. (Diane 23:20; Tito 2:2, 3) Go tsaya dikgato tse di ntseng jalo tse di thusang le go ikhutsa le go ikatisa ka tsela e e lekaneng go ka diegisa kgotsa ga thibela malwetse a le mantsi. Batho ba ba lwalang ba ka nna ba bo ba tlhoka thuso ya dingaka tse di ikanyegang.

Baebele e kgothaletsa gore re nne tekatekano le go “itekanela sentle [mo mogopolong].” (Tito 2:12; Bafilipi 4:5) Batho ba le bantsi gompieno ga ba tekatekano mme ba feteletsa dilo malebana le go batla kalafi, le fa se se ka tswa se raya go itlhokomolosa bomoya jwa bone. Bangwe ba feleletsa ba amogela dikalafi tse di belaetsang tse di ka nnang tsa ba utlwisa botlhoko. Ba bangwe ba senya madi le nako ka dikalafi tse di sa thuseng kgotsa le e leng tse di ka nnang tsa nna kotsi.

Boammaaruri ke gore ga go ise go kgonege gore go nne le botsogo jo bo itekanetseng. Fa o sa ntse o letetse nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le bolwetse, o ka thusiwa ke botlhale le tekatekano e e mo Baebeleng gore o dire dilo ka tsela e e tshwanetseng fa o batla botsogo jo bo siameng.