Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

TLHALOSA SETSHWANTSHO SENO

1. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se kwadilweng mo go Mathaio 18:23-35, motlhanka o batla gore kgosi e mo direle eng?

․․․․․

2. Motlhanka wa ntlha o tshwere jang motlhanka ka ene?

․․․․․

3. Ke ka ntlha yang fa kgosi e galefela motlhanka wa ntlha?

․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Labofelo fa o itshwarela mongwe e ne e le leng? Motho yoo o ne a go kgopisitse ka eng? Ke ka ntlha yang fa o ne o mo itshwarela?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka maina a bakwadi bangwe le nngwe ya dibuka tsa Baebele tse di fa tlase fano, o bo o thale mola o o golaganyang buka le letlha le e weditsweng ka lone.

1657 B.C.E.

1513 B.C.E. Mo e ka nnang ka Mo e ka nnang ka Mo e ka nnang ka

1100 B.C.E. 56 C.E. 61 C.E.

4. Genesise

5. Baatlhodi

6. Ditiro

KE NNA MANG?

7. Bana ba mafatlha ba ke neng ka ba tshola ba ne ba nna ditšhaba tse pedi.

KE NNA MANG?

8. Bola ga bo a ka jwa bontsha gore ke tshwanetse go nna moaposetoloi.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 3 Ke mathata afe a botsogo a gautshwane a tla fedisiwang? (Isaia 35:․․․)

Tsebe 11 Ke ka ntlha yang fa o ka dumela gore go ka kgonega go nna le botsogo jo bo siameng jo bo nnetseng ruri? (Luke 18:․․․)

Tsebe 20 Araka ya ga Noa e ne e le bogolo bo kae? (Genesise 6:․․․)

Tsebe 30 Ke ditiro dife tse o tshwanetseng go di tila mme ke boikutlo bofe jo o tshwanetseng go leka go nna le jone pele ga o akanyetsa go nyala? (Baefeso 4:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 26)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. A mo utlwele botlhoko malebana le molato wa gagwe.

2. O mo latlhela mo kgolegelong.

3. Ka gonne motlhanka yono ga a ka a utlwela yo mongwe botlhoko.

4. Moshe, 1513 B.C.E.

5. Samuele, mo e ka nnang ka 1100 B.C.E.

6. Luke, mo e ka nnang ka 61 C.E.

7. Rebeka.—Genesise 25:21-23.

8. Baresabase.—Ditiro 1:23-26.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setshwantsho se se sediko se se mo gare: Scott Bauer/Agricultural Research Service, USDA