Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosodoma—Nka bo Tila Jang?

Bosodoma—Nka bo Tila Jang?

Basha ba Botsa Jaana. . .

Bosodoma—Nka bo Tila Jang?

“Fa ke ne ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka kgatlhegela mosetsana mongwe kwa sekolong. Ke ne ka tlhakana tlhogo e bile ke tshwenyegile gore nka tswa ke le ‘lesbian’.”—Anna. *

“Mo dingwageng tsa me tsa bolesome ke ne ke na le bothata jwa go kgatlhegela banna ba bangwe. Mo pelong ya me ke ne ke itse gore dikakanyo tseno ga se tsa tlholego.”—Olef.

“Nna le tsala ya me ya mosetsana re ne ra sunana gangwe kgotsa gabedi. E re ka ke ne ke kgatlhegela le basimane, ke ne ke ipotsa gore a nka tswa ke le motho yo o ‘bisexual’.”—Sarah.

MEKGWA ya segompieno ya go letlelela sengwe le sengwe e rotloeditse basha ba ba rileng go lekeletsa go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Becky wa dingwaga di le 15 a re, “basetsana ba le bantsi kwa sekolong ba ipolela fa ba ratana le basetsana ba bangwe, kgotsa gore ba ratana le basimane kgotsa le basetsana ba bangwe, kgotsa gore ‘ba rata thobalano.’” Christa wa dingwaga di le 18, o fitlhela seemo se se tshwanang le kwa sekolong sa gagwe. O bolela jaana, “Basetsana ba babedi ba ke tsenang tlelase le bone ba ne ba nkopa gore ke robalane le bone. O tswelela jaana, “ o mongwe o ne a nkwalela lekwalo a mpotsa gore a ke batla go utlwa gore go utlwala jang go dira thobalano le mosetsana.”

E re ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang go bontshiwa phatlalatsa jaana, o ka nna wa ipotsa : ‘A go robalana ga batho ba bong jo bo tshwanang tota go maswe go le kalo? Go tweng fa e le gore ke kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa me? A seno se raya gore ke gay?’

Modimo o Leba Jang Basodoma?

Gompieno, batho ba le bantsi—tota le baruti bangwe—ba mpampetsa bosodoma. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re tlogele re tlhakane ditlhogo malebana le kgang eno. E re bolelela gore Jehofa Modimo o bopile monna le mosadi le gore o ne a laotse gore keletso ya tlhakanelodikobo e kgotsofadiwe fela magareng ga monna le mosadi. (Genesise 1:27, 28; 2:24) Ga go gakgamatse he, go bo Baebele e kgala ditiro tsa bosodoma.—Baroma 1:26, 27.

Gone mme, ba le bantsi ba ka nna ba re Baebele e siilwe ke nako. Ka sekai, Megan wa dingwaga tse 14 o gatelela jaana: “Dilo dingwe tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng ga di amane ka gope le metlha ya rona.” Mme gone ke ka ntlha yang fa bangwe ba le bonako go bolela jalo? Gantsi, ke ka gonne pono ya Baebele e thulana le ya bone. Ba gana Lefoko la Modimo ka gonne le ruta se se farologaneng le se ba batlang go se dumela. Le fa go ntse jalo, pono e e ntseng jalo e tsaya letlhakore, mme Baebele e re rotloetsa gore re gane dikgopolo tse di ntseng jalo! Tota e bile, mo Lefokong la gagwe, Jehofa Modimo o re rotloetsa go sekaseka boammaaruri jwa gore melao ya gagwe e diretswe gore e re solegele molemo. (Isaia 48:17, 18) Seno se a utlwala. Kana e bile, ke mang yo o ka re itseng botoka go feta Mmopi wa rona?

Jaaka motho yo mosha, o ka tswa o itemogela maikutlo a a farologaneng. Go tweng fa e le gore o kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gago? A seno se raya gore o setse o le mosodoma? Nnyaa. Gopola, gore o mo ‘nakong ya bosha,’ nako e mo go yone o leng mo taolong ya dikgotelo tse di sa laolesegeng tsa tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 7:36) Ka nakwana maikutlo a gago a ka nna a tsepama mo mothong wa bong jo bo tshwanang le jwa gago. Mme go nna le kgatlhego eno ga go reye gore jaanong o setse o le mosodoma. Tota e bile, dipalopalo di bontsha gore maikutlo ano a a nyelela fa nako e ntse e ya. Mme gone, o ka nna wa ipotsa, ‘Dikeletso tseno di simololwa ke eng?’

Bangwe ba re dikeletso tseno di simologa mo dijining. Ba bangwe ba re ke mokgwa o o ithutiwang. Ga se maikaelelo a setlhogo seno go tsenelela mo dingangisanong tsa gore a ke selo se se mo dijining kgotsa tsela e motho a godisitsweng ka yone e dirang gore motho a nne le dikeletso tseno. Eleruri, go bonala e tla bo e le go sokamisa dilo thata fa re ka re bosodoma bo bakwa ke selo se le sengwe fela. Bosodoma—fela jaaka mefuta e mengwe ya boitsholo—go bonala bo kopanyeletsa dilo di le dintsi thata.

Go sa kgathalesege gore bo bakwa ke eng, selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se lemoga ke gore Baebele e kgala ditiro tsa bosodoma. Ka jalo, motho yo o lwantshanang le keletso ya go rata batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe a ka kgona go fenya bothata jono—a ka tlhopha go se laolwe ke dikeletso tseno. Ka sekai: Motho a ka nna “yo o sekametseng mo tšararegong.” (Diane 29:22) Mo nakong e e fetileng a ka nna a bo a ne a rata ntwa. Le fa go ntse jalo, morago ga gore a ithute Baebele, o a lemoga gore o tshwanelwa ke go tlhagolela boikgapo. A seno se raya gore ga a kitla a tlhola a nna le maikutlo a go shakgala? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, ka gonne a itse se Baebele e se buang ka tšhakgalo e e sa laolesegeng, ga a batle go ineelela go laolwa ke maikutlo ano. Go ntse jalo le ka motho yo o neng a kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe mme jaanong a ithutile se Baebele e se buang ka mekgwa ya bosodoma. Nako le nako maikutlo ano a a sa siamang a ka nna a tlhaga. Le fa go ntse jalo, go tsaya tsia kgakololo ya Baebele, motho yono a ka kgona go gana go dira dilo go ya ka dikeletso tseno.

Gone ke boammaaruri, dikeletso tseno tsa go kgatlhegela motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago di ka tswa di nweleletse kwa teng mo go wena. Mme gone tlhomamisega gore, tota le dikeletso tse di phoso tse di nweleletseng jalo di ka fenngwa. (1 Bakorintha 9:27; Baefeso 4:22-24) Kwa bofelong, ke wena o laolang tsela e o tla tshelang ka yone. (Mathaio 7:13, 14; Baroma 12:1, 2) Mme go sa kgathalesege se batho ba se buang, o ka kgona go ithuta go laola maikutlo ano a a tlhotlheletsang—kgotsa bobotlana go gana go laolwa ke one.

Gana Ditlwaelo Tse di Phoso

Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa inaakanya le ditlwaelo tsa bosodoma?

Sa Ntlha Latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa gago kwa go Jehofa ka thapelo, o tshepa gore “o a go kgathalela.” (1 Petere 5:7; Pesalema 55:22) Jehofa a ka go nonotsha ka kagiso e e “gaisang kakanyo yotlhe.” Seno se ka ‘disa pelo ya gago le maatla a mogopolo’ le go go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o kgone go emelana le dikeletso tse di sa siamang. (Bafilipi 4:7; 2 Bakorintha 4:7) Sarah, yo o neng a tshwenngwa ke gore gongwe a ka tswa e le motho yo o kgatlhegelang basadi ba bangwe le banna, o ne a re: “Nako la nako fa dikakanyo tseno di ntshwenya, ke a rapela; mme Jehofa o a nnonotsha. Fa e ne e se ka ene nkabo ke sa kgona go lebana le bothata jono. Thapelo e nthusitse thata!”—Pesalema 94:18, 19; Baefeso 3:20.

Sa Bobedi Tlatsa tlhaloganyo ya gago ka dilo tse di agang tsa semoya. (Bafilipi 4:8) Bala Baebele letsatsi le letsatsi. O se ke wa nyatsa maatla a yone a go ka tlhotlheletsa mogopolo le pelo ka dilo tse di molemo. (Bahebera 4:12) Lekawana le nngwe le le bidiwang Jason la re: “Baebele yotlhe—go akaretsa le makwalo a a jaaka 1 Bakorintha 6:9, 10 le Baefeso 5:3—e nnile le seabe se se maatla mo go nna. Ke bala makwalo ano nako le nako fa ke utlwa dikeletso tse di maswe.”

Sa Boraro Tila ditshwantsho tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo le dipuo tse di rotloetsang bosodoma, ka gonne seo se tla gakatsa maikutlo a a sa siamang mo go wena. * (Pesalema 119:37; Bakolosa 3:5, 6) Ditshwantsho dingwe tsa dibaesekopo le mananeo a thelebishene le tsone di rotloetsa tumelo ya gore bosodoma ga se sepe fa e se fela se go tweng ke mokgwa mongwe wa botshelo. Anna a re: “Kgopolo ya lefatshe e e sokameng e ne ya ama tsela ya me ya go akanya ya ba ya oketsa tlhakatlhakano ya me ya maikutlo malebana le gore ke wa bong bofe. Jaanong ke tsamaela kgakala le sengwe le sengwe kgotsa mongwe le mongwe yo o rotloetsang bosodoma.”—Diane 13:20.

Sa Bone Batla motho yo o mo tshepang, o bue le ene ka maikutlo a gago. (Diane 23:26; 31:26; 2 Timotheo 1:1, 2; 3:10) Olef, yo o neng a batla kgakololo ya mogolwane wa Mokeresete, o gakologelwa jaana: “Kgakololo ya gagwe e ne e le molemo tota. Ke eletsa nkabo ke buile le ene e sa le gale.”

O Se Ke wa Latlhela Seditse!

Gone mme, bangwe ba ka nna ba re ga go thuse sepe go dira dilo tseno tsotlhe, ba ka nna ba re o tshwanetse go amogela seemo sa gago sa kafa o ikutlwang ka teng ka tlhakanelodikobo le gore o tshwanetse go amogela tsela e o leng ka yone. Mme Baebele yone ya re o ka dira botoka go feta seo! Ka sekai, e re bolelela ka Bakeresete ba bogologolo ba e neng e le basodoma gore ba ne ba fetoga mo ditseleng tsa bone. (1 Bakorintha 6:9-11) Le wena o ka kgona go fenya ntwa eno—le fa gone mo nakong o e lwa fela mo pelong ya gago.

Fa dikeletso tseno di tswelela pele, o se ke wa latlhela seditse, o swetsa ka gore o paletswe. (Bahebera 12:12, 13) Rotlhe re lwa le maikutlo a a sa siamang ka dinako dingwe. (Baroma 3:23; 7:21-23) Fa o gana go laolwa ke dikeletso tse di phoso, e tla re fa nako e ntse e ya di tla kokobela. (Bakolosa 3:5-8) Mo godimo ga sotlhe, ikaege ka Jehofa gore a go thuse. O a go rata e bile o itse gore ke eng se se tla go itumedisang. (Isaia 41:10) Ee, “Ikanye Jehofa mme o dire molemo . . . , mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.”—Pesalema 37:3, 4.

Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 19Metrosexuality”—mokgwa wa botshelo o banna ba fetsang nako e ntsi ba tlhokometse mebele ya bone bogolo segolo ditebego tsa bone—e dirile gore go se ka ga bonala sentle pharologano gareng ga basodoma le batho ba ba kopanelang dikobo le ba bong bosele. Go ya ka motho yo go begwang gore ke ene yo o tlhamileng lefoko leno, motho yo o leng metrosexual “e ka tswa e le mosodoma, kgotsa motho yo o kgatlhegelang batho ba bong bo sele kgotsa yo o bisexual mme selo se se botlhokwa mo go ene ke ka gonne a bontsha go ithata ka tsela e e feteletseng mme a ikgotsofatsa ka mokgwa mongwe le mongwe o a o batlang.” Saetlopedia nngwe e bolela gore go tuma ga lefoko leno go dirile gore, “go nne le koketsego mo go amogeleng basodoma mo setšhabeng le go se tlhole batho ba tshaba go bua ka bosodoma le tsela e banna ba iphetolang basadi ka yone.”

AKANYA KA SENO

▪ Ke ka ntlha yang fa Modimo a ila bosodoma?

▪ Ke eng se o ka se dirang fa o tshwenngwa ke go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago?

▪ Ke mang yo o ka mmulelang mafatlha fa o tshwenngwa ke bothata jono?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kopa thuso ya Mokeresete yo o godileng semoyeng