Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Chukar—Moeng mo Hawaii

Chukar—Moeng mo Hawaii

Chukar—Moeng mo Hawaii

NNA le ditsala tsa me re ne re lebile pele go tsaya loeto go ya kwa setlhaketlhakeng sa Maui kwa Hawaii. Totatota re ne re batla go bona tlhabo ya letsatsi go tswa mo godimo ga thaba ya lekgwamolelo kwa Haleakala, e e bogodimo jwa dimetara di le 3 055. Re ne re boleletswe gore e ne e le pono e e sa tshwaneng le epe. Selo fela se se neng se tshwenya e ne e le gore re ne ra tshwanelwa ke go tsoga mo mesong ka ura ya bobedi gore re tsamaye ka koloi go ya kwa setlhaketlhakeng sa Kapalua, koo re neng re tla nna gone. Go tswa foo re ne ra tshwanelwa ke go tlhatloga metlhatlogo e e kwa godimo ka sejanaga gore re fitlhe kwa godimo ga thaba. Re ne re akanya gore e tlile go nna rona fela e re ka e ne e le mo mosong thata. Go ne go se jalo! Re ne re le karolo ya mokoloko wa dijanaga tse di tlhatlogang ka bonya mo tselakgolong e e matsoketsane e e yang kwa setlhoeng sa thaba. Fa re fitlha kwa setlhoeng sa thaba, go ne go le tsididi tota. Mme gone re ne re tshotse dikobo gore re ithuthafatse.

Makgolokgolo a batho a ne a letile ka bopelotelele a letetse go bona tlhabo ya letsatsi ka ura ya borataro. Botlhe ba ne ba letile ka tlhoafalo, ba ba tshotseng dikhamera ba ne ba ipaakanyeditse go tshwantsha tiragalo eno e ntle. Go ne ga direga sengwe se se sa lebelelwang! Mo metsotsong ya bofelo, re ne ra gakgamala fa re bona mokoa wa maru o okama naga eo e e sebatla ya lekgwamolelo, o re tima tshono ya go tsaya ditshwantsho tsa se re neng re se letetse! Mme gone ke sengwe se motho o tshwanetseng go se letela ka dithaba tse di gaufi le Lewatle la Phasifiki. Ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go kokobetsa maikutlo a rona mme re letele maru a apoge ka bonya fa letsatsi le ntse le tlhatloga. Go ne ga tlhaga sengwe gape se se sa lebelelwang! Re ne ra bona pono e ntle ya naga eo e e sebatla ya lekgwamolelo e e tletseng ditselana tsa batsamaya ka maoto tse di tlang di kopakopana. Ga se gore gotlhe go ne go re latlhegetse.

Ka tshoganyetso re ne ra utlwa modumo o o gakgamatsang—metseletsele ya medumo e e sa tshwaneng o o felelang ka “chuKAR, chuKAR.” Morago ga moo re ne ra bona gore e tswa kae. E ne e le nonyane e ntle ya kwa Yuropa le Asia ya losika loolesogo, e leng chukar, e leina la yone la Selatine e leng Alectoris chukar. E fetsa nako e ntsi e beela mae fa fatshe, moo e dirang sentlhaga gone. Fa e re bona ga ya ka ya fofa mme e ne ya itlhophela go taboga.

Go tlile jang gore nonyane ya mofuta ono e fitlhe kwa setlhaketlhakeng seno sa paradaise sa Maui? Go bonala di-chukar di tlisitswe mo setlhaketlhakeng seno. Mo kontinenteng ya Amerika Bokone, gantsi di a ruiwa go tswa foo di bo di gololwa gore di tle di tsomiwe. Re ne ra ikutlwa re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe go bo re ile ra kgona go bona nonyane eno e e ditlhong e le fa gaufi le rona.—Re se abetswe.