Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Go tlogela thelebishene e buletswe letsatsi lotlhe, go sa je mmogo jaaka lelapa, le [diporema] tsa bana tse di dirang gore ba lebelele kwa pele” di dira gore go se ka ga nna le puisano e ntle mo gare ga bana le batsadi ba bone. Gareng ga tse dingwe seno se felela ka gore bana ba ba simololang go tsena sekolo “ba galefe ka bonako fela” fa ba sa kgone go itlhalosa sentle.—THE INDEPENDENT, BORITANE.

Kwa Spain diperesente di le 23 tsa bana ba ba tsholwang, batsadi ba bone ga ba mo lenyalong. Kwa Fora ke diperesente di le 43; kwa Denmark ke di le 45; mme kwa Sweden, ke di le 55.—INSTITUTO DE POLÍTICA FAMILIAR, SPAIN.

Nngwetharong ya baagi ba Boritane ba robala diura tse di ka fa tlase ga di le tlhano fela bosigo bongwe le bongwe, mme seno se dira gore ba “dire bokoa thata mo go tlhomeng mogopolo, ba lebale bobe, ba bo ba nne le bothata jwa go fetofetoga maikutlo.” Go se robale sentle gape go ka baka “kotsi ya go nona bobe, bolwetse jwa sukiri, go tshwenyega thata mo maikutlong, tlhalano le dikotsi tse di maswe thata tsa dikoloi mo ditseleng.”—THE INDEPENDENT, BORITANE.

Thubakanyo “go Itlosa Bodutu Fela”

“Go itaya le ditiro tse dingwe tsa go tlhabisa ba bangwe ditlhong tse di dirwang ke bana mme di rekotiwa mo dibidiong ka difouno tsa bone tsa selula di ntse di a oketsega,” go rialo lekwalodikgang la Spain la El País. Bangwe ba batho ba ditiro tseno di dirwang mo go bone ga ba fole morago ga go nna ba itewa jalo. Ke ka ntlha yang fa basha ba dira ditiro tseno tsa tlolomolao? “Ga ba di dire gore ba kgone go utswa, kgotsa gongwe ka ntlha ya go tlhaola, kgotsa ka gonne e le maloko a segongwana sengwe. Ba di dira—mme e bile leno ke lebaka le lesha la mofuta ono wa tlolomolao—go itlosa bodutu fela,” go tlhalosa jalo makasine wa XL. “Ka dinako tse dingwe ba a bo ba tagilwe mme ka dinako tse dingwe ba sa tagwa,” go rialo Vicente Garrido, yo e leng moithutatlhaloganyo yo o dirang dipatlisiso ka ditiro tsa tlolomolao mo setšhabeng. “Le fa go ntse jalo, selo sengwe se o se bonang ka bone botlhe ke gore ga ba ikotlhaye.”

Ga go Na Kgatlhego e Kalo mo go Direng Dipatlisiso ka Malwetse a Boboatsatsi

Babatlisisi mo dilong tsa kalafi ga ba dire mo go kalo go dira dipatlisiso ka malwetse a le mantsi a mafelo a boboatsatsi. Ka ntlha yang? Michael Ferguson, yo o dirang dipatlisiso ka dimolekhule tsa ditshedi kwa Yunibesithing ya Dundee, kwa Scotland a re: “Maswabi ke gore . . . dikhampani tse di dirang ditlhare ga di senke [mekgwa e mesha ya kalafi].” Maemo a tsa madi ga a kgothaletse ditlamo tse di dirang diokobatsi go dira diokobatsi tseno, ka gonne go ka nna ga direga gore di se ka tsa boelwa ke madi a di a beeletsang mo dipatlisisong tseno. Ditlamo tseno di bona go le botoka go dira ditlhare tse di dirang madi a mantsi tse di direlwang malwetse a a jaaka bolwetse jwa Alzheimer, bokima jo bo feteletseng, le bothata jwa go se nne le keletso ya tlhakanelodikobo. Makasine wa New Scientist o bolela gore go ntse go le jalo, palo e e fopholediwang go “batho ba le milione mo lefatsheng lotlhe ba a swa ngwaga le ngwaga ba bolawa ke malaria, mme go ntse go sa bonwe ditlhare tse di ka ba thusang.”

“Bareki” ba Babotlana

Go ya ka Yunibesithi ya La Sapienza, kwa Roma, kwa Itali, bana ba ba bogolo jwa dingwaga di le tharo ba kgona go lemoga dilo tse di farologaneng tse di rekisiwang, mme fa ba fitlha go dingwaga di le robedi, ba setse e nna “bareki.” Dipapatso tsa thelebishene di nna le seabe se segolo thata mo matshelong a bone, di ba dira “bakgerisinyana” ba bannye, ba ba batlang gore batsadi ba bone ba ba rekele dilo dingwe, go rialo La Repubblica. Lokwalodikgang lono lo bolela jaana: “Kotsi ya teng e nna gore [bana bano] ba feleletsa ba nna mo lefatsheng la ditoro, koo ba tshwanetseng go newa sengwe le sengwe se ba se bontshiwang (kgotsa ba se rekelwang).”

Mpopi o o “Moimana”

Batho ba ba berekang go thusa basadi ba ba baimana ba ntse ba tlhola ba dirisa batho ba ba tshelang go ithuta tiro ya bone ya go tlhokomela baimana. Mme jaanong, lokwalodikgang longwe lo bega gore “ba le bantsi ba simolola go rata go dirisa motšhini wa roboto o o rutang go belegisa,” o o bidiwang Noelle. Mpopi ono o o “moimana,” o o dirilweng gore o bontshe jaaka e kete o na le pelo e e itayang e bile o kgona go bula molomo wa popelo, o ka kgona go dirwa gore o dire jaaka e kete go nna le mathata mangwe mo peleging le go dira gore go nne jaaka e kete mpopi ono o kgonne go belega ka bonako kgotsa o tsere lobaka lo loleele go belega. “Lesea” le Noelle a tla le tsholang le ka nna la bo le na le mmala o o bohibidu jo bo elang kwa go serolwana go bontsha gore le itekanetse kgotsa la nna le mmala o o bobududu jo bo tseneletseng go bontsha gore ga le na okosejene e e lekaneng. Ke ka ntlha yang fa go dirisiwa mpopi go katisa badiri bano? “Go botoka go dira diphoso ka motšhini wa roboto wa $20-000 [R140 000] go na le go dira phoso ka motho yo o tshelang,” go tlhalosa jalo pego eno.