Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direga Eng ka Dikereke?

Go Direga Eng ka Dikereke?

Go Direga Eng ka Dikereke?

BATHO ba dinaga tsa Latin America go tloga ka Mexico kwa bokone go ya kwa Chile kwa borwa ba na le dilo di le dintsi tse ditso tsa bone di tshwanang ka tsone. Baagi ba ba godileng ba dinaga tsa Latin America ba ka gakologelwa nako ya fa go ne go na le bodumedi bo le bongwe fela, e le jwa Katoliki ya Roma. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga bathopi ba Ba-Spain ba ile ba dira gore Bokatoliki e nne jone bodumedi fela jo bo amogelwang ka go pateletsa batho ka dibetsa. Kwa Brazil puso ya bokolone e ne e le Portugal e e neng e le ya bodumedi jwa Katoliki. Ka dingwaga di le 400 Kereke ya Katoliki e ne e ema nokeng mebuso e e neng e busa gore mebuso eno e tle e e thuse ka tsa madi le go e thusa gore e amogelwe e le jone bodumedi jwa semmuso.

Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo1960, baruti bangwe ba Bakatoliki ba ne ba lemoga gore go ema ga bone nokeng babusi go dira gore ba se ka ba tlhola ba engwa nokeng ke batho ka kakaretso. Ba ne ba simolola go buelela bahumanegi, ba dira jalo thatathata ka go buelela mokgatlho wa thutabodumedi wa kgololesego. Mokgatlho ono o ne wa simolola kwa Latin America fa go ne go lowa kgatlhanong le khumanego e e neng e ama Bakatoliki ba le bantsi.

Le fa baruti ba ne ba itshunya nko mo mekgatlhong ya bopolotiki e e tumileng, dimilione tsa batho di ile tsa tlogela kereke ya Katoliki ba ya go leka dikereke tse dingwe. Dikereke tse mo go tsone ditirelo di tshwarwang ka go opiwa ga diatla, go opelwa difela ka tlhoafalo kgotsa ka go dira dikhonsata tse e keteng ke tsa mmino wa rock di ile tsa gola tsa ba tsa oketsega. Duncan Green, mo bukeng ya gagwe ya Faces of Latin America a re: “Mokgatlho o o rotloetsang dithuto tsa kereke ya Evangelical kwa Latin America o kgaogane go nna dikereke tse di farologaneng. Gantsi dikereke tseno di simololwa ke moruti a le mongwe. Fa phuthego e gola, gantsi e kgaogana go nna Dikereke tse disha.”

Yuropa e Furalela Dikereke

Mo e ka nnang ka dingwaga tse di fetang 1 600, bogolo jwa Yuropa bo ile jwa busiwa ke mebuso e e neng e ipitsa gore ke ya Bokeresete. A gone jaanong bodumedi bo a gola kwa Yuropa jaaka fa re ntse re tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga? Ka 2002 moithutaloago e bong Steve Bruce, mo bukeng ya gagwe ya God is Dead—Secularization in the West o ne a bolela jaana ka Boritane: “Mo lekgolong la bo19 la dingwaga mo e ka nnang meletlo yotlhe ya manyalo e ne e le ya bodumedi.” Le fa go ntse jalo, ka 1971 e ne e le diperesente di le 60 fela tsa manyalo a Maesemane a e neng e le a bodumedi. Ka 2000 palo ya one e ne e le diperesente di le 31 fela.

Fa mokwadi mongwe wa dikgang tsa bodumedi wa lokwalopaka lwa Daily Telegraph lwa kwa Lontone a akgela ka tlwaelo eno o ne a kwala jaana: “Madumedi otlhe a magolo go tloga ka Kereke ya Engelane le tsa Katoliki ya Roma go ya go tsa Methodist le Dikereke tsa United Reformed di na le nako e telele di ntse di na le dipalo tse di fokotsegang mo kerekeng.” Gape o ne a re: “Dikereke tsa Boritane di tla bo di se na batho gotlhelele ka 2040, go tla bo go tla diperesente di le pedi fela tsa batho kwa ditirelong tsa kereke tsa Sontaga.” Go ile ga buiwa se se tshwanang le ka madumedi a kwa Netherlands.

Pego nngwe go tswa go ofisi ya Dutch Social and Cultural Planning e ne ya re: “Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana, go bonala fa naga e sa tlhole e le ya bodumedi thata. Go lebeletswe gore ka 2020, diperesente di le 72 tsa baagi di tla bo di sena kamano epe le bodumedi.” Lokwalopaka longwe lwa Sejeremane lwa re: “Bajeremane ba le bantsi ba ya kwa boloing le masaitseweng go ya go batla kgomotso e ba neng ba e bona pele kwa dikerekeng, kwa meberekong le mo malapeng . . Dikereke di le dintsi go ralala naga di patelesega go tswala ka gonne ga go na batho ba ba tlang kerekeng.”

Batho ba ba sa ntseng ba ya kerekeng kwa Yuropa gantsi ga ba ye teng gore ba ye go utlwa gore Modimo o batla gore ba dire eng. Pego nngwe go tswa kwa Italy ya re: “Bantadiana ba fetola bodumedi jwa bone gore bo tshwanele mekgwa ya bone ya botshelo.” Moithutaloago mongwe wa koo a re: “Re amogela fela se re batlang go se utlwa go tswa go mopapa.” Go ka bolelwa se se tshwanang le ka Bakatoliki ba kwa Spain, kwa tlhoafalo ya bodumedi e ileng ya emisediwa ka go rata dikhumo le go batla manobonobo a ikonomi—di batlwa gone jaanong.

Mekgwa eno e farologana thata le Bokeresete jo Keresete le balatedi ba gagwe ba neng ba bo ruta le go bo latela. Jesu ga a ka a ruta ka bodumedi jo o ka kgonang go tlhopha se o se batlang le go tlogela se o sa se batleng jaaka e kete ke tafole e e nang le mefutafuta ya dijo. O ne a bolela jaana: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.” Jesu o ne a ruta batho gore tsela ya botshelo jwa Bokeresete ke ya gore motho a ithontshe dilo dingwe le go dira ka natla.—Luke 9:23.

Go Ngoka Batho ka go Buelela Bodumedi kwa Amerika Bokone

Go farologana le seemo se se leng kwa Canada—kwa batho ba ba etseng dilo tlhoko ba akgelang ka dilo tse di diragalang, gantsi batho ba na le go belaela bodumedi—kwa United States gone, batho ba na le go tsaya dilo tsa bodumedi masisi. Go ya ka mekgatlho e megolo ya dipatlisiso, mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa batho ba ba ileng ba botsolodiwa koo ba bolela gore ba ya kerekeng beke nngwe le nngwe, le fa gone palo ya batho ba ba nnang teng tota e le diperesente di le 20 fela. Diperesente di feta 60 di bolela gore di dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, gantsi go tlhoafalela ga bone kereke e e rileng ke selo sa nakwana fela. Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke kwa United States ba fetofetola bodumedi motlhofo. Fa moruti a sa tlhole a ratiwa kgotsa a sa tlhole a kgona go tlhotlheletsa batho, o latlhegelwa ke phuthego ya gagwe ka bonako—mme gantsi le lotseno lo logolo le a neng a nna le lone!

Dikereke dingwe di ithuta mekgwa ya kgwebo gore di ithute tsela ya go ngokela batho kwa ditirelong tsa tsone tsa bodumedi. Diphuthego di duela diketekete tsa diranta go hira mekgatlho ya bagakolodi ba kereke. Go ya ka pego nngwe e e neng e bua ka mekgatlho e e ntseng jalo, moruti mongwe yo o neng a rata mokgwa ono o ne a re: “E ne e le selo se se neng se tsenya madi a mantsi tota.” Dikereke tse dikgolo tse di nang le maloko mantsi, di atlega thata mo go tsa madi mo e leng gore di ngoka kgatlhego ya dikgatiso tsa kgwebo tse di jaaka The Wall Street Journal le The Economist. Dikgatiso tseno di bega gore dikereke tse dikgolo tseno ke lefelo le mo go lone motho a kgonang go bona sengwe le sengwe se o se tlhokang mo mmeleng le mo semoyeng.” Meago ya dikereke e ka nna ya bo e na le diresetšhurente, dikhefi, mafelo a batho ba itirang bantle mo go one, di-sauna le mafelo a metshameko. Dilo tse di ngokang batho di akaretsa mafelo a bobogelo, batho ba ba tumileng le mmino wa sesheng. Mme baruti bone ba ruta eng?

Ga go gakgamatse go bo go rutwa thata ‘thero ya khumo.’ Badumedi ba bolelelwa gore ba tla huma e bile ba tla nna le botsogo jo bontle fa ba ka ntsha madi a mantsi mo dikerekeng tsa bone. Fa go tla mo boitsholong, gantsi Modimo o tlhalosiwa e le motho yo o amogelang sengwe le sengwe. Moithutaloago mongwe a re: “Dikereke tsa Amerika di ritibatsa maikutlo, ga di atlhole batho.” Ditumelo tse di ratiwang thata gantsi di tlhoma mogopolo thata mo go neeleng batho dikakantsho tsa go ithusa go atlega mo botshelong. Batho ba le bantsi ba rata dikereke tse mo go tsone bodumedi bo sa gatelelweng thata, tse mo go tsone dithuto tsa bodumedi tse di tsewang di kgaoganya batho, di sa umakiweng gotlhelele. Le fa go ntse jalo, go buiwa ka dilo tsa dipolotiki, gantsi di buelelwa ka tlhamalalo fela. Dikai tsa bosheng tsa dikereke tse di dirang seno di ile tsa tlisetsa baruti bangwe matlhabisaditlhong.

A bodumedi bo a tsosolosiwa kwa Amerika Bokone? Ka 2005, makasine wa Newsweek o ile wa bega ka tlwaelo ya go “goa, go ngatega, go itaganya maoto fa fatshe” ka nako ya ditirelo tsa dikereke, mmogo le ditiro tse dingwe tsa bodumedi. Mme makasine oo o ile wa tlhalosa go re: “Le fa go ka tswa go dirwa eng, ga go na sepe se se supang gore palo ya batho ba ba yang kerekeng e oketsega thata.” Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng, “palo ya batho ba ba bolelang gore ga ba kopanele le bodumedi bope e oketsega ka bonako.” Diphuthego dingwe di gola fela ka go bo palo ya tse dingwe e a fokotsega. Go bolelwa fa batho ka bontsi ba tlogela dikereke tsa bone tse di nang le meletlo, mmino wa diletswa, le baruti ba seaparo.

Mo tshekatshekong eno ya rona e khutshwane, re ile ra bona gore dikereke di a kgaogana go nna dikarolwana kwa Latin Amerika, di latlhegelwa ke diphuthego tsa tsone kwa Yuropa, le gore di boloka kemonokeng ya batho ka go direla batho dilo tsa boitlosobodutu le dilo tse dingwe tse di kgatlhang kwa United States. Gone ke boammaaruri gore ga se mo dikerekeng tsotlhe go ntseng jalo, mme seemo se se leng teng mo dikerekeng di le dintsi ke gore di latlhegelwa ke batho ba tsone. A seno se kaya gore Bokeresete bo a nyelela?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

“GO ITLHOPHELA SE O SE BATLANG MO BODUMEDING”

Mokaedi wa National Vocation Service ya Kereke ya Katoliki kwa Fora o ne a nopolwa a bolela jaana: “Re bona bodumedi bo fetoga selo se o itlhophelang se o se batlang mo go jone. Batho ba ya kwa dikerekeng mme fa ba sa bone mokgatlho o o dumalanang le dilo tse ba di ratang, ba ya gongwe go sele.” Mo patlisisong nngwe ya bodumedi jwa Yuropa, Porofesa Grace Davie wa Britain’s Exeter University o ne a re: “Batho ba tlhopha se ba se batlang mme ba bo ba tlhakanya dilo tse ba di ratang go tswa mo madumeding a a farologaneng. Bodumedi, . . . fela jaaka dilo tse dingwe tse dintsi, e setse e le selo se mo go sone batho ba tlhophang se se tsamaisanang le tsela ya bone ya botshelo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Mokwalo mo loboteng mo matsenong a kereke, kwa Naples Italy

[Motswedi wa Setshwantsho]

©Doug Scott/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Kwa Mexico batho ba le bantsi ba tlogetse bodumedi jwa Katoliki