Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rla Diragala Eng ka Bokeresete?

Go Rla Diragala Eng ka Bokeresete?

Go Tla Diragala Eng ka Bokeresete?

A LEFATSHE lotlhe le tla sokologela mo Bokereseteng, kgotsa a Bokeresete bo tla nyelela? A Bokeresete bo ile jwa nna e ntse e le lesedi mo lefatsheng le le fifetseng kgotsa a bo ile jwa senyega? Tseno ke dipotso tse di re tshwenyang le gompieno.

Jesu o ne a dirisa setshwantsho se se motlhofo a bontsha gore ka bonako fela fa a sena go jala peo ya Bokeresete, mmaba, e leng Satane, o tla itshunya nko. (Mathaio 13:24, 25) Ka jalo, seo e ne e se phetogo fela e e diregang mo setšhabeng e e neng e dira gore Bokeresete bo fetoge mo makgolong a ntlha a dingwaga a le mmalwa morago ga bodiredi jwa ga Jesu. E ne e le ditiro tsa letlhoo, ditiro tsa ga Satane. Gompieno, dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete di tsweletsa pele diphoso tse di dirilweng mo nakong e e fetileng mme di roba maduo a gone a a sa itumediseng.—2 Bakorintha 11:14, 15; Jakobe 4:4.

Go Tlhaselwa ga Bokeresete ka Tsela e e Bofitlha

Jesu o ne a bolelela pele gore dithuto tsa gagwe di ne di tla senngwa. O ne a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya.” Se se gakgamatsang ke gore, fa batlhanka ba gagwe ba mo lemotsha ka ditiro tsa monna yo o bosula mme ba mo kopa tetla ya gore ba phuthe mefero, monna yoo o ne a ba raya a re: “Nnyaa; e se ka ya tloga ya re, fa lo ntse lo phutha mefero, lwa kumola korong le yone. Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo; mme mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata gore lo e je ka molelo, go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.”—Mathaio 13:24-30.

Jaaka Jesu ka boene a ile a tlhalosa, mo setshwantshong sa gagwe, monna yo o neng a jala korong mo tshimong o ne a emela ene Jesu mme peo e a neng a e jala e ne e emela Bakeresete ba boammaaruri. Mmaba yo o neng a jala mefero mo gare ga korong o emela “Diabolo.” Mefero e emela banna ba ba se nang molao, ba batlhanogi ba ba buang maaka a gore ke batlhanka ba Modimo. (Mathaio 13:36-42) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa go ya pele malebana le se se neng se tla direga. O ne a re: “Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.”—Ditiro 20:29, 30.

Go Senyega ga Bokeresete

A se Jesu a neng a dira setshwantsho ka sone le se Paulo a ileng a se bolelela pele se ile sa direga? Ee se ile sa direga. Banna ba ba ikgodisang ba ne ba simolola go laola phuthego e Jesu a neng a e tlhomile mme ba e dirisetsa go fitlhelela dikeletso tsa bone. Jesu o ne a boleletse balatedi ba gagwe jaana: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19) Le fa go ntse jalo, banna ba ba ratang maemo ba ile ba dira botsala le babusi mme ba tlhoma dikereke tsa Puso tse di ileng tsa nna le maatla a magolo le dikhumo. Dikereke tseno di ile tsa ruta “dilo tse di sokameng.” Ka sekai, di ne di ruta batho gore ba obamele Puso le go ntsha matshelo a bone setlhabelo ka go ya ntweng. Ka jalo, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba simolola go nna le seabe mo dintweng tsa Botlhabanelatumelo mme ba bolaya batho ba ba neng ba tsaya gore ga se badumedi. Gape ba bile ba ya ntweng ba ya go bolaya “bakaulengwe” ba bone ba ba leng mo bodumeding jo bo tshwanang. Ba ne ba sa supe boitlhaodi jwa Bokeresete e bile ba ne ba sa rate baagelani ba bone.—Mathaio 22:37-39; Johane 15:19; 2 Bakorintha 10:3-5; 1 Johane 4:8, 11.

Ga go pelaelo gore dikereke tse ka makgolokgolo a dingwaga di ntseng di ipitsa gore ke tsa Bokeresete di na le ponalo fela ya Bokeresete. Seno se tlhalosa lebaka la go bo, jaaka re bone mo ditlhogong tse di fetileng, dikereke di ntse di tswelela di kgaogana go nna makoko, di itshunya nko mo go tsa bopolotiki, e bile di itlhokomolosa melao ya Modimo. Ditlamorago tse di bosula tseno ga se tsa Bokeresete jwa boammaaruri mme ke tsa Bokeresete jwa maaka, jo bo jadilweng ke Diabolo. Bodumedi jono jwa maaka bo tla felela kae? Jaaka Jesu a bontshitse mo setshwantshong sa gagwe, bo ka se ka jwa nyelela fela ka go bo go se na batho ba ba bo tshegetsang. Bo tla atlholwa mme bo fedisiwe.

Bakeresete ba Boammaaruri ba Phatshima mo Lefifing

Le fa go ntse jalo, pele ga fa “mefero” ya Bokeresete jwa maaka e phuthiwa le go senngwa, setshwantsho sa ga Jesu se bontsha gore go na le sengwe se se tshwanetseng sa diragala pele. Ka makgolokgolo a dingwaga go gola ga “mefero” ya Bokeresete jwa maaka go ne go le gogolo mo e leng gore “korong” ya Bokeresete jwa boammaaruri e ne e sa bonale gotlhelele. Mme Jesu o ne a tlhalosa gore korong e tla kgaoganngwa le mefero ka nako ya “thobo,” e a neng a re e emela “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” Gape o ile a re: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi.” (Mathaio 13:39-43) Bosupi bo bontsha gore re ntse re tshela mo motlheng wa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe I, e e neng ya nna teng dingwaga di le 90 tse di fetileng. (Mathaio 24:3, 7-12) A karolo eno ya boporofeti jwa setshwantsho sa ga Jesu le yone e ile ya diragadiwa?

Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba kgaoganngwa mo gare ga “mefero” ya dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete. Basupi ba ga Jehofa ba ‘phatsima thata jaaka letsatsi,’ ba thusa batho ba bangwe go itse Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Basupi ga ba nyenyefatse melao ya gagwe. Go na le moo, gantsi batho ba ba nnang Basupi ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone gore ba tle ba ikobele melaometheo ya Bokeresete e e fitlhelwang mo Baebeleng.

Basupi ba ga Jehofa ga ba direle batho boitlosobodutu kwa dipokanong tsa bone mme gone ba ba naya thuto ya mahala ya Baebele. Gape ba bontsha ba bangwe lorato le botsala jo bogolo, tse e leng dinonofo tse ba di ithutang fa ba ntse ba ithuta Dikwalo. Ba dumela gore Modimo o tla fetola lefatshe go nna paradaise mme a dire gore batho ba ba pelonomi ba nne mo lefatsheng jaaka a ne a ikaeletse kwa tshimologong. Mme pele ga foo, go tshwanetse ga tlosiwa mo lefatsheng tlhotlheletse e e sa siamang ya bodumedi jwa maaka, jo mo Baebeleng bo itsegeng e le Babelona yo Mogolo. Go ya ka boporofeti jwa Baebele, Jehofa o tla tloga a tlisa phetogo eo e kgolo.—Mathaio 5:5; Tshenolo 18:9-10, 21.

Fa batho ba ba kutlo ba sena go gololwa mo tsietsong ya ditiro tsa bodumedi jwa maaka, kobamelo ya Bokeresete jwa boammaaruri e tla kopanya batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng. A bo e le isagwe e e itumedisang jang ne e Jesu a e jaletseng Bokeresete jwa boammaaruri! Paradaise ya kwa Edene e tla tsosolosiwa gape gore lefatshe le nne le kagiso, go sa tlhole go na le bodumedi jo bo kgaoganeng jo bo bakang tlhakatlhakano!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero.”—Mathaio 13:25

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

O lalediwa ka lorato go ya kwa Holong ya Bogosi le fa e le efe ya Basupi ba ga Jehofa, mo go neelwang thuto ya mahala ya Baebele teng

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

“Go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.”—Mathaio 13:30