Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tweng ka Maikano a go Ithiba mo Tlhakanelodikobong?

Go Tweng ka Maikano a go Ithiba mo Tlhakanelodikobong?

Go Tweng ka Maikano a go Ithiba mo Tlhakanelodikobong?

MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana mokgwa wa go dira maikano a go nna o le kgarebe kgotsa go ithiba go tlhakanela dikobo a a jaaka “Nka se tlhakanele dikobo go fitlha ke nyala” a simolotse go ata thata mo basheng. Maikano ano a bontsha gore ba na le mekgele e mentle e bile a tsamaisana le se Baebele e se laelang. (1 Bakorintha 6:18; Baefeso 5:5) Le fa go ntse jalo, go a belaetsa gore a thusa go le kana kang. Go ya ka patlisiso, nngwe diperesente di le 60 tsa basha di ile tsa tlola maikano a bone mo sebakeng sa ngwaga.

Selo se sengwe se se tshwenyang ke kafa basha bangwe ba tlhaloganyang kgang ya “go ithiba mo tlhakanelodikobong” le “bokgarebe,” ka teng. Charlene C. Giannetti le Margaret Sagarese ba ile ba kwala jaana mo bukeng ya bone ya Boy Crazy!: “Baitse ba amanya go oketsega ga mokgwa wa go tlhakanela dikobo go dirisiwa molomo le marago le kgang ya go bo bana ba batla go nna makgarebe. Ba ipoleletse gore sengwe le sengwe se ba se dirang fa fela e se go tlhakanela dikobo le motho ka tlhamalalo ga se tlhakanelodikobo.”

Go bonala ba le bantsi ba ikutlwa jalo. Fa mokwadi mongwe a sena go botsolotsa basha ba ba fetang ba le sekete, o ne a re: “Go bonala e kete ke a le mongwe kgotsa ba le babedi fela mo go ba le lekgolo ba ba tsayang gore go tlhakanela dikobo ka molomo ke tlhakanelodikobo.” O ne a oketsa ka go re: “O tshwanetse wa lemoga gore gongwe ke kafa ngwana wa gago wa mosha—mme gongwe le yo a iseng a fitlhe mo dingwageng tsa bosha a akanyang ka teng.”

Batho ba ba latelang melao ya Baebele ba lemoga gore mokgwa wa go tlhakanela dikobo go dirisiwa molomo kgotsa marago—jaaka leina le kaya—ke tlhakanelodikobo. Taelo ya Baebele ya gore re “ithibe mo kgokafalong” (kgaoganang gotlhelele le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,” Today’s English Version) e akaretsa le mekgwa yotlhe ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—1 Bathesalonika 4:3.