Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo la Bone le Ile la Namolwa

Lenyalo la Bone le Ile la Namolwa

Lenyalo la Bone le Ile la Namolwa

Mothapi mongwe mo Afrika Borwa o ne a lemoga gore Bella, mongwe wa bathapiwa ba gagwe o ne a na le mathata a lenyalo. Mothapi o ne a kopa Thandi, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, gore a bue le Bella. Thandi o ne a utlwa gore Bella o dirile tshwetso ya go tlhala monna wa gagwe.

Thandi o ne a naya Bella dibuka tse pedi tsa setlhogo se se reng Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng mme a mo kgothaletsa gore a neye monna wa gagwe buka e nngwe. Bella o ne a dira jalo. Morago ga beke, Thandi o ne a utlwa gore monna wa ga Bella o ne a bala buka eo le gore botshelo jwa lelapa la bone bo ne bo tokafetse. Dikgwedi di le tharo moragonyana, Bella o ne a bolelela Thandi gore Modimo o namotse lenyalo la bone ka thuso ya thapelo le ya buka eo ya Boitumelo mo Lelapeng. Le fa go ntse jalo, kgang eo ga e a ka ya felela foo.

Fa mothapi wa ga Bella a utlwa gore go diragetse eng, o ne a akantsha gore badiri botlhe ba iponele buka eo. Kgabagare, go ile ga tsamaisiwa dikhopi di le lekgolo tsa buka eno ya ditsebe di le 192 ya Boitumelo mo Lelapeng mo babereking ba khampani eo. Dingwe tsa dikgaolo tse di molemo tsa buka eno ke tse di reng “Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega,” “Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula,” le “Boloka Legae la Gago Le na Le Kagiso.”

O ka kopa buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, ke kopa buka e e bontshitsweng fano. Bontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.