Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mogokare—Setlhare sa Masika a a Farologaneng

Mogokare—Setlhare sa Masika a a Farologaneng

Mogokare—Setlhare sa Masika a a Farologaneng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CZECH REPUBLIC

SE SENGWE se sesesane gape se tlhamaletse, e bile se goletse kwa godimo thata. Se sengwe sone se obegile dikala, le tlhogo ya sone e kobegile. Le mororo di farologana ka tsela e di emang ka yone, tota ke masika a a atamalaneng thata. Ke eng tsone tseo? Ditlhare—sa popoleri le sa mogokare. Tsoopedi ke tsa losika lwa mogokare

Ditlhare tsa mogokare gantsi di fitlhelwa mo dintshing tsa dinoka le mo melatswaneng e e seng boteng. Mono mo Czech Republic, di gola sentle mo go leng loraga gone, moo di tlhogang ka bonako go tswa go dikalanyana. Ditlhare tsa mogokare di kgona go gola go feta dimetara di le 30. Matlhare a tsone a nna masesane a bo a lepelela go tswa mo dikaleng tse ditelele e bile di le ditshesane. Kgotsa , fa e le ditlhare tsa mogokare tsa shining willow le pussy willow tsone di nna le matlhare a a sephara.

Le fa gone go na le mefuta e e fetang 350 ya megokare le dipopoleri, go na le mofuta mongwe o o ngokang kgatlhego thata—mogokare wa weeping willow. Mefuta e mengwe ya mogokare, e e bidiwang goat willow e e itsegeng ka malomo a a kgotlaganeng a a tletseng maboa, a a tlhogang pele ga matlhare. Go bolelwa gore fa malomo ano a a kgotlaganeng a simolola go tlhoga, dikgakologo di gaufi.

Losika lo Longwe

Ditlhare tsa popoleri di tlwaelegile kwa Bohemia, e leng kgaolo e Prague, motsemogolo wa Czech o leng gone. Go na le bobotlana mefuta e le 35 ya dipopoleri, yotlhe ke losika lwa mogokare. Popoleri e ntsho ke mofuta o o tlwaelegileng thata, e bile gantsi o fitlhelwa gaufi le melatswana le mo dikgweng tse di loraga tsa Bohemia. Mofuta mongwe wa popoliri e ntsho e e itsegeng ka Lombardy, kgotsa Italian, popoleri e na le kutu e tshesane ka dikala tse di lebeletseng kwa godimo, tse di tlhogang gaufi le setlhare seno. Setlhare seno se sentle se ka kgona go nna boleele jwa dimetara di le 35, e leng go lekana le moago wa metlhatlhagano e le 11! Dipopoleri tse di bidiwang Italian di fitlhelwa gape le fa thoko ga ditsela tse dintsi, di kgabisa metse selegae, bogolo jang ka letlhabula fa matlhare a tsone a nna mmala o o serolwana o o tsabakelang.

Aspens ke mofuta o mongwe wa popoleri. Ga di ditelele go le kalo, mme kwa godimo di ditshesane. Aspens di na le sengwe se se di tlhaolang—fa di utlwa pheswana e tshesane matlhare a tsone a simolola go tshikinyega.

Megokare mo Baebeleng?

O ka tswa o sa akanye gore mogokare o tlhoga kwa borwa jo bo kgakala kwa Botlhabagare. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore Baiseraele ba ne ba pegile diharepa tsa bone mo ditlhareng tsa modibonoka (popoleri) fa ba ne ba ile botshwarong kwa Babelona. (Pesalema 137:2) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba dira jalo? Le fa harepa e ne e le sedirisiwa se se dirisiwang go baka Modimo, Baiseraele ba ba neng ba utlwile botlhoko ba ne ba sa kgone go letsa diharepa tsa bone ka nako eno ya mathata. (Isaiah 24:8, 9) Lefoko la Modimo gape le tlhalosa popoleri e le sengwe sa ditlhare tse dikala tsa tsone go neng go letleletswe gore di dirisiwe fa go ne go agiwa diobo ka nako ya Moletlo wa go Kgobokanya. (Lefitiko 23:40) Buka ya Baebele ya ga Jobe e tlhalosa kubu e e sa boifeng sepe e re e ntse mo melapong gape ya re “modibonoka (popoleri) a e dikanyetsa.”—Jobe 40:22.

Gompieno, ditlhare tsa popoleri le mogokare di dirisediwa dilo tse di farologaneng tsa kgwebo. Gantsi popoleri e dirisiwa mo go direng legong le le kgabisang, polanka, mabokoso a a dirilweng ka legong, dikhatebokoso, le dilo dingwe tse di farologaneng tsa pampiri. Setlhare sa mogokare gape se tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya mesola ya sone. Babetli ba loga diroto le go dira fanitšhara ka dikalana tsa sone tse di temekang. Ruri ditlhare tsa mogokare ke mofuta wa ditlhare tse di dirisediwang dilo tse dintsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Setlhare sa mogokare

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Matlhare a “aspen”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Popoleri ya lombardy

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mogokare o o bidiwang “goat willow”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Popoleri e ntsho