Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Svalbard—Lefatshe la Mabopo a a Tsididi

Svalbard—Lefatshe la Mabopo a a Tsididi

Svalbard—Lefatshe la Mabopo a a Tsididi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NORWAY

RE FOFA fa gare ga leru le le kitlaneng, mme ga re kgone go bona sepe. Fa re sa ntse re gamaregile jalo sefofane sa rona se tswa mo gare ga maru mme kwa tlase go bonala bosweu jwa Arctic. Go gontle tota! Re ne ra leba re gamaregile, aese e e gakologang, le kapoko e e apesitseng dithaba. Lefatshe leno le le se nang sepe la kapoko le aese le namile go ya go fitlha kwa matlho a kgonang go felela gone. Leno ke lefatshe la Svalbard, setlhaketlhake se se gaufi le North Pole, se se leng dikirii tse di fa gare ga 74 le 81 go ela kwa bokone, mme re etetse kwano!

Leina Svalbard, le le rayang “Lobopo lo lo Tsididi,” le ne la tlhagelela la ntlha ka 1194 mo lenaaneng la ditiragalo la kwa Iceland. Mme go “ribololwa” ga lefatshe leno dingwaga di le 400 moragonyana, ka 1596, ruri go ne ga baya Svalbard mo mmapeng wa lefatshe. Ka ngwaga oo, setlhopha sa Ma-Dutch sa baribolodi se se eteletsweng pele ke Willem Barents se ne sa sesela ntlheng ya bokone ka sekepe fa molebeledi wa sekepe a ne a bona lefatshe lengwe le le sa itsiweng kwa kgaleng, a bona mokoloko wa dithaba. Baribolodi bano ba ne ba ya kwa bokonebophirima jwa Svalbard, kwa Barents a neng a go bitsa “Spitsbergen,” mo go kayang “Dithaba Tse di Motsu.” Le gompieno jaana setlhaketlhake seno se segolo se bidiwa ka leina leno. Go bona lefelo leno ga ga Barents, go butse diphatlatiro di le dintsi kwa kgaolong eo ya Svalbard, tse di akaretsang go tshwara maruarua, go tshwara manyebi, go thaisa diphologolo, go batlisisa ka lefelo leno mo go dirileng gore go bulwe meepo ya malatlha, go dirwe dipatlisiso tsa saense, le bojanala. Mo tsamaong ya dingwaga dinaga di le mmalwa di ne tsa nna le seabe mo tirong eno, mme fa e sa le ka 1925, ditlhaketlhake tseno di ne tsa nna ka fa tlase ga taolo ya Norway.

Lefatshe la Mmu o o Gatsetseng o o Letlapa le Dipone tsa kwa Arctic

Sefofane sa rona se fofa fa godimo ga molapo o o nang le aese o o tswang mo lewatleng o o fa gare ga dithaba mme se tsurama mo Boemafofaneng jwa Svalbard. Re tsena mo koloing e e hirilweng mme ra leba kwa Longyearbyen, e e reeletsweng ka monna mongwe yo e neng e le mohumi e bile a na le meepo wa Moamerika e bong John M. Longyear, yo o neng a simolola meepo ya ntlha ya malatlha mo kgaolong eno ka 1906. Longyearbyen ke motse o mogolo thata mo Svalbard, o o nang le baagi ba ba ka nnang 2 000. Ee, mo bogareng jwa kgaolo eno e kgolo e e sa senngwang, re fitlhela motsesetoropo wa segompieno o o nang le dilo tsa sesheng tse di jaaka suphamakete, poso, banka, le laeborari, dikolo, dikeretšhe, dihotele, dikhefi le diresetšhurente, maokelo, le lokwalodikgang la selegae. Ka didikirii tse di fetang 78 kwa bokone, Longyearbyen ke lefelo le le kwa bokone jo bo kgakala mo lefatsheng le le nang le setšhaba se segolo.

Re ne ra robala kwa ntlong ya baeti e pele e neng e le karolo ya marobalo a badiri ba mo moepong wa malatlha. E okametse Longyearbyen, gape o kgona go bona sentle dithaba tse dikgolo tsa Hiorthfjellet. Ke kgwedi ya October, mme dithaba di apesitswe ke kapoko. Kwa tlase mo mokgatšheng go sa ntse go se na kapoko, mme mmu o gatsetse sekakgapetla. Leno ke lefatshe la mmu o o gatsetseng. Ke mmu o o fa godimo fela o gakologang ka nakwana ka selemo. Mme gone, ka ntlha ya diphefo le makhubu a lewatle, tlelaemete ya fano e kokobetse thata go feta mo dikarolong tse dingwe tse di leng mo latitshutung e e tshwanang le ya lefelo leno. Re le kwa re neng re nna teng, re kgona go bona tlhabo ya letsatsi mo dithabeng, fa mokgatšha one o sirilwe ke moriti o motala. Go dikologa Longyearbyen letsatsi ga le tlhatlogele kwa godimo ga kgala magareng ga October 26 le February 16. Le fa go ntse jalo mabone a kwa bokone, gantsi a dira gore go se ka ga nna lefifi mariga. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Svalbard e nna le letsatsi fa gare ga bosigo ka dikgakologo le ka dikgwedi tsa selemo, e bile seno kwa Longyearbyen se direga ka dikgwedi tsa go tloga ka April 20 go ya go August 23.

Dijalo le Diphologolo

Ke didikirii tsa Celsius di le robedi kafa tlase ga boswakgapetla, e bile go foka phefo e e tlhabang; mme loapi lone lo apogile. Re siametse go tsena mo loetong. Motho yo o re bontshang lefelo leno o re tseisa loeto ka maoto go ya kwa Dithabeng tsa Sarkofagen le go ya kwa tlase kwa kgapetlakedi e e gaufi le Longyearbyan. Fa re ntse re tlhatloga dithaba tse di apesitsweng ke serame, o re bolelela gore go tlhoga malomo a mantle ka dikgakologo le ka selemo mo thabeng eno. Boammaaruri ke gore, dijalo tsa kwa Svalbard di dintle, mme go na le mefuta e ka nna 170 ya malomo fano. Mefuta e mabedi ya malomo a a tlwaelegileng ke a bosweu kgotsa serolwana a Svalbard poppy le saxifrage e phepole.

Fa re tlhatlogela kwa godimonyana ga thaba e e tletseng kapoko, re kopana le metlhala ya ptarmigan ya Svalbard, e leng nonyane e le yosi fela mo Svalbard e e fetsang ngwaga otlhe e le mono. Dinonyane tsotlhe tse dingwe, tse di jaaka Brünnich’s guillemots, auks e nnye, mefuta e e farologaneng ya dinonyane tsa metsi le di-sandpiper tse di phepole, tsotlhe ke dinonyane tse di kgarakgatshegang. E e kgatlhang le go feta ke arctic tern. Bontsi jwa dinonyane tseno di falala go ya kwa karolong e nngwe ya lefatshe, e leng Antarctica.

Gape re bona le metlhala ya diphokoje tse di nnang mo kgaolong eno. Phologolo eno e e botlhajana ke seolelamatlakala, e ja ditopo tsa diphologolo tse di suleng le nama e e tlogetsweng ke dibatana tse dingwe, mme e oketsa dijo tsa yone ka go ja mamphorwana le mae. Phokoje eno ke nngwe ya tse pedi fela tsa diphologolo tsa diamusi tse di tlholegang kwa Svalbard. E nngwe ke kgama e e bonolo thata ya kwa Svalbard. Re kgona go e bona e le gaufi le rona ka makgetlo a le mmalwa fa re ntse re le kwa Svalbard. E re leba e ritibetse mme e re letla go atamela gaufi le yone gore re e tseye ditshwantsho mme e be e tloga fa go rona. Kgama eno e na le maoto a makhutshwane a a nang le boboa jo bokima jo bo bothitho. Ka letlhabula e a nona e be e nna potokwe—mafura a mantsi mo mmeleng wa yone a dirwa ke dijo tse e ipeetseng tsone, tse di tlhokegang ka nako ya mariga a a tsididi.

Bera ya polar, kgosi ya diphologolo tsa kwa Arctic, ba bantsi ba e tsaya e le seamusi sa mo lewatleng, gonne e fetsa nako e ntsi mo aeseng e tsoma manyebi. Mme gone o ka kopana le yone e itsamaela mo e ka nnang gongwe le gongwe kwa Svalbard. Motho yo o re bontshang lefelo leno o eletsa gore seo se se ka sa diragala. Bera eno e ka nna bogale fela thata, ka jalo o tshotse sethunya gore a re sireletse. Fa e sa le ka 1973 go tsomiwa ga dibera go ntse go thibetswe, mme fa o ka bolaya bera o tlile go lebana le tsheko. Le fa gone dibera tseno di atile ka palo kwa kgaolong ya Svalbard, go sa ntse go na le matshwenyego a magolo ka isagwe ya diphologolo tseno tse dikgolo. Le fa gone Arctic e ka bonala e le tshweu, e le naana, gape e le phepa, mme le fa go ntse jalo, lefelo leno le kgotletswe ke dikhemikale tse di botlhole tse di tshwanang le tsa PCB. Botlhole jono bo kgobokana mo dibereng tseno, e re ka di ja diphologolo tse di jang tlhaga e e nang le botlhole jono, mme seno go bonala se kgoreletsa bokgoni jwa tsone jwa go tsala.

Re ne ra fitlha kwa setlhoeng sa thaba ya Sarkofagen mme ra itumelela go bona ditlhoa tsa dithaba tse di ntle tse di apesitsweng ke kapoko. Go ela kwa borwabophirima go na le thaba e e kgatlhang thata e e kgolokwe ya Nordenskiöldfjellet, e e phatsimang ka marang a letsatsi. Kgakala le rona kwa tlase go na le Longyearbyen, mme kwa godimo ga rona, ke loapi lwa Arctic le le pududu o o sa tsenelelang. Ruri re ikutlwa e kete re eme fa godimo ga kgolokwe ya lefatshe. Re ja diselae di sekae tsa borotho le go nwa seno sa black-currant—e leng seno se se tlwaelegileng sa batho ba ba haekang se se dirilweng ka matute a setoroberi se sentsho, sukiri, le metsi a a molelo—go itapolosa, mme go tswa foo re siametse go fologela kwa tlase ka tsela ya aese e e gakologang ya Longyearbreen.

Moepo wa Malatlha le Diphologolo Tse di mo Kotsing ya go Nyelela

Go etela kwa moepong wa bogologolo wa malatlha ke nngwe ya dilo tse di itumedisang. Monna mongwe yo o re bontshang lefelo leno, yo o agegileng, kakapa ya moepo wa malatlha, o re bontsha Mine 3, o o ka fa ntle ga Longyearbyen. Re apere diobarolo e bile re rwele le dikokoro tse di nang le mabone fa godimo, mme re mo sala morago go tsenelela kwa teng ga thaba. Re bolelelwa gore moepo wa malatlha e ne ya nna selo sa botlhokwa mo Svalbard go tloga mo masimologong a bo1900. Ka dingwaga di le dintsi badiri ba meepo ba ne ba tshela botshelo jo bo boima. Ba ne gantsi ba gagaba mo diphasitshing tse dinnye tse di ka fa tlase ga lefatshe, mo godimo ga boalo jwa malatlha ao mo mafelong mangwe bo lekanyediwang go disentimetara di feta 70 go sekae. Re ile ra nna le tshono ya go leka go bona gore ke maemo afe ao ba neng ba lebana le one mme ruri ga re eletse boemo jono le eseng. Tiro ya bone e ne e le boima, le mowa o ne o tletse ka lerole la malatlha le lerole le le tswang mo mafikeng, modumo o ne o le kwa godimo thata, gape go ne go na le kotsi ya gore go ka nna le sengwe se se ka thunyang kgotsa mosima o ka nna wa gosomana. Gone jaanong go dirisiwa mekgwa ya bosheng. Meepo ya malatlha e sa ntse e le karolo ya botlhokwa mo ikonoming ya kwa Svalbard, mme gone mo lesomeng la dingwaga tse di fetileng, bojanala bo nnile botlhokwa thata mo lefelo leno.

Batho ga ba a ka ba akanyetsa bomasisi jwa go ngomaela ditshedi tsa naga tsa Arctic. Ka dinako dingwe, go tsomiwa ga maruarua, di-walrus, dikgama tsa kwa Arctic, dibera, le diphologolo tse dingwe go ne go tsenya mefuta e mengwe ya diphologolo mo kotsing ya go ka nyelela kwa Svalbard. Le fa go ntse jalo, melao ya go thibela batsomi e thusitse gore diphologolo tse di leng mo kotsing ya go nyelela di bolokesege.

Paradaise ya Baithutajioloji

Svalbard e tlhalositswe go twe ke “paradaise ya baithutajioloji.” E re ka dijalo di phatlaletse e bile di le dinnye, lefatshe leno le tshwana le buka ya ditshwantsho ya jeoloji. Re lemoga matshwao a dipopego tsa jeoloji mo dithabeng, tse di nang le matlapa a a tlhatlaganeng mme di batlile di lebega jaaka kuku e kgolo e e beilweng ka matlhatlaganyane. Go fitlhelwa mafika a mo metlheng yotlhe ya hisitori ya lefatshe. A mangwe a ne a dirwa ke motlhaba le letsopa; a mangwe ke dilo tse di tshelang. Go tloga mo metlheng ya bogologolo dijalo le diphologolo tse di swang di ne tsa khurumediwa ke letsopa mme tsa nna difosele. Tota e bile, difosele di fitlhelwa mo matlapeng a dipaka tse di farologaneng tsa lefatshe.

Kwa musiamong wa kwa Svalbard, re ithuta ka difosele di le mmalwa tsa dimela le diphologolo tse di nnang mo dithemperetšhareng tse di kwa godimo, tse di bontshang gore tlelaemete mo ditlhaketlhakeng tseno e kile ya bo e le bothitho go na le gompieno. Mo mafelong mangwe kwa Svalbard, llaga ya malatlha e kana ka dimetara di le tlhano ka bokima! Mo dillageng tsa malatlha, go ne ga bonwa masalela a fosele a ditlhare tsa coniferous le deciduous. Difosele tse di nang le metlhala ya maoto a dinosaur tse di jang dimela ke bosupi jo bongwe jwa gore go kile ga bo go na le tlelaemete e e bongola le dijalo tse di nonneng.

Go tla jang gore go bo go nnile le phetogo e kgolo jaana ya tlelaemete? Re botsa moithutajeoloji Torfinn Kjaernet, yo e leng moemedi wa Boto ya Bakaedi ya Moepo kwa Longyearbyen. O re bolelela gore baithutajioloji ka bontsi ba akanya gore lebaka legolo ke go suta ga dikontinente. Baithutajioloji ba re Svalbard e mo tectonic plate e e neng ya sutela kwa bokone ka nako e telele, gongwe ya sutela kgakala le borwa gaufi le ekhweitha. Go ya ka sathalaete ya segompieno e e ntseng e etse maemo tlhoko, Svalbard e ntse e suta go ya kwa bokonebotlhaba ka disentimetara di le mmalwa ngwaga le ngwaga.

Fa sefofane sa rona se tloga kwa Svalbard, re ne ra ikutlwa gore loeto lwa rona lo re rutile go le gontsi thata. Lefatshe le legolo la Arctic, le diphologolo tsa lone tse di kgonang go tshela mo maemong ao, le dimela tse di farologaneng di ne tsa dira gore re akanye ka moo popo e leng ya mefutafuta ka teng, ka moo motho a leng monnye ka teng fa a bapisiwa le dilo tse dingwe mo popong, le ka gore batho ba ile ba dira jang kabelo e ba e neilweng ya go tlhokomela lefatshe. Fa re fofela kwa borwa ka sefofane, re bona gape labofelo lefatshe la mabopo a a tsididi, koo ditlhoa tsa dithaba di apesitsweng ke kapoko di tlhagelelang go tswa mo marung a kapoko mme a bo a setlhafala, ka mmala o o pinki mo letsatsing la thapama.

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

North Pole

GREENLAND

SVALBARD

Longyearbyen

75°N

ICELAND

NORWAY

60°N

RUSSIA

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Motse wa Longyearbyen

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Bontsi jwa dimela tse di thunyang malomo, tse di jaaka saxifrage e phepole, di kgona go tshela mo tlelaemeteng e e bogale ya kwa Arctic

[Motswedi wa Setshwantsho]

Knut Erik Weman

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ptarmigan ya kwa Svalbard, le kgama ya kwa Svalbard

[Motswedi wa Setshwantsho]

Knut Erik Weman