Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Lebana le Mathata a Pharakano

Tsela ya go Lebana le Mathata a Pharakano

Tsela ya go Lebana le Mathata a Pharakano

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

O RULAGANTSE go kopana le ngaka, ka jalo o tswa kwa gae o akanya gore o na le nako e e lekaneng ya go goroga sentle kwa ngakeng. Mme le fa go ntse jalo ga wa akanya ka pharakano. Fa metsotso e ntse e kgabaganya le koloi ya gago e ntse e tsamaya ka bonya, o simolola go tlhobaela. Kwa bofelong, o goroga kwa ngakeng mme o thari ka halofo ya ura.

Sengwe sa dilo tse dikgolo se se tshwenyang mo ditoropong tse dikgolo ke pharakano, bogolo jang fa e le pharakano ya dikoloi tsa mola o moleele mme di thibile diterata e bile di kgotlela moya. Ka maswabi, mathata ano a dimilionemilione tsa baagi ba ditoropo ba lebanang le one letsatsi le letsatsi ga a bonale a ka fela.

Texas Transportation Institute e bega jaana malebana le United State: “Go tlhanasela ga pharakano go oketsegile gongwe le gongwe mo mafelong a bogolo jo bo sa tshwaneng.” Pego eno e tswelela ka gore balaodi ga ba kgone go tla ka tharabololo e e siameng ya go lepalepana le bothata jono jo bo golang jwa batho ba ba etelang ditoropo. Seemo se a tshwana lefatshe ka bophara. Bakgweetsi ba dikoloi ba le dikete di le mmalwa kwa China bosheng jaana ba ile ba iphitlhela ba eme tsi mo pharakanong ya boleele jwa dikilometara di le 100 e e neng ya tsaya mapodisi malatsi a le mmalwa go e rarabolola. Kwa Mexico City go kgweetsa dikilometara di le 20 go kgabaganya toropo go ka go tsaya diura di feta nnè—e leng lobaka lo loleele go feta le ka moo motho yo o tsamayang ka dinao a ka lo tsamayang.

Ga go thata go itse lebaka la go bo ditsela tsa mo ditoropong di tletse jaana. Ditoropo di tswelela pele go gola, mme gone jaanong halofo ya baagi ba lefatshe ba nna mo ditoropong. Fa ditoropo di gola, le palo ya dikoloi e a oketsega. Mokwadi mongwe o kwala jaana: “Batho ba bantsi ba na le dikoloi tse dintsi, mme ba batla go di kgweetsa mo go lone lefelo le le pitlaganeng leno.”

Lebaka La go Bo go le Thata go Rarabolola Mathata a Pharakano

Go bo batho ba ikaegile thata ka dikoloi go raya gore ditoropokgolo di tla tshwanelwa ke go lebana le palo e e golang ya dikoloi. Toropokgolo ya Los Angeles, kwa United States, e e nang le baagi ba ka nna dimilione di le nnè, gone jaanong e na le dikoloi tse dintsi go feta batho! Gongwe ditoropokgolo dingwe ga di ise di fitlhelele seemo seno, mme ke di le mmalwa fela tse di kgonang go lepalepana le thologelo e ntsi ya dikoloi. Carlos Guzmán, poresidente wa Khomishene ya Toropo ya Madrid, o bolela jaana: “Ditoropokgolo di ne di sa agelwa dikoloi.” Ditoropokgolo tsa bogologolo tse di nang le diterata tse dinnye ke tsone di nnang le mathata a magolo, mme le mo ditoropokgolong tsa segompieno, ditsela tse di bulegileng di tlala ka bonako, bogolo jang ka dinako tsa tlhanaselo tsa mo mesong le maitseboa. Dr. Jean-Paul Rodrigueo akgela jaana mo pegong ya gagwe ya “Urban Transport Problems”: “Gone jaanong ditoropokgolo di tlhanasela ka pharakano letsatsi lotlhe, le kgobelano ya dikoloi e ntse e nna ntsi go ya pele.”

E re ka dikoloi di rekwa ka bonako go feta ka moo dipuso di kgonang go agang ditselakgolo ka teng, go oketsega go gontsi ga dikoloi go ka fekeetsa le thulaganyo e e molemo thata ya ditsela. Buka ya Stuck in Traffic—Coping With Peak-Hour Traffic Congestion e tlhalosa jaana: “Kgabagare, go aga ditsela tse disha kgotsa go oketsa tse di leng gone ga go kitla go thusa go fokotsa tlhanaselo ya pharakano mo mesong le mo maitseboeng.”

Go tlhokega ga mafelo a a lekaneng a go phaka go baka kgobelano ya dikoloi. Le fa e ka nna ka nako epe fela, o tla bona palo e e rileng ya dikoloi mo diterateng tsa toropo e ntse e dikologa e batlana le lefelo la go phaka. Go fopholediwa gore go kgotlelwa ga moya go go bakiwang ke dikoloi—bogolo jang mo ditoropokgolong—go bolaya batho ba ka nna 400 000 ngwaga le ngwaga. Go ya ka pego nngwe, go kgotlelwa ga moya kwa Milan, Italy, go maswe jaana mo e leng gore go hema moya oo ka letsatsi mo diterateng tsa toropo eo go tshwana le go goga disakarete di le 15.

Ditshenyegelo tse pharakano e di bakang le tsone di tshwanetse go balwa go ya ka diura tse di sentsweng le ka go ngomoga pelo go go diragalelang bakgweetsi. Go thata go itse gore batho ba ngomoga maikutlo go le kana kang, mme gone patlisiso nngwe kwa United States e lekanyeditse gore ditshenyegelo tse di bakwang ke mathata a pharakano mo ditoropong tse di kgolo di le 75 tsa naga di fitlha go didolara di le 70 billion ka ngwaga. A go na le sengwe se se ka dirwang go tokafatsa maemo ano?

Ditharabololo Dingwe Tse di ka Fokotsang Bothata

Ditoropokgolo tse di farologaneng di setse di tsere dikgato tse di gagametseng. Singapore, e e leng nngwe ya ditoropo tse di nang le dikoloi tse dintsi thata mo lefatsheng, e laola tsela e batho ba rekang dikoloi ka yona. Kwa ditoropong tse dikgolo tsa bogologolo tse di jaaka dingwe tsa kwa Italy, balaodi ba tsone ba thibela dikoloi gotlhelele mo bogareng jwa toropo ka nako ya motshegare.

Ditoropo dingwe di akantshitse gore go duelwe madi a “kgobelano ya dikoloi,” mo e leng gore bakgweetsi ba duela madi go tsena kwa gare ga toropo. Kwa Lontone leano leno le thusitse go fokotsa go diega ga pharakano ka diperesente di le 30, mme le ditoropo tse dingwe di bontshitse di kgatlhegela leano leno. Kwa lefelong le le tshwanang le Mexico City, kwa Mexico, dikoloi di letleletswe go tsena mo gare ga toropo ka malatsi a a rileng fela, go ikaegile ka nomoro polata ya koloi.

Balaodi ba ditoropokgolo gape ba beile madi a mantsi a go tlhabolola dithulaganyo tsa ditsela, go tokafatsa ditselakgolo, le go aga ditsela tse di sa tseneng mo gare ga toropo go fokotsa pharakano koo. Ba dirisa thulaganyo ya khomputara ya go laola mabone a pharakano le go tsibosa mapodisi ka bonako fa go na le kotsi gore ba kgone go thusa gore pharakano e se ke ya diega. Gape go na le mela e e kgethegileng e e dirisiwang ke dibese fela le mela e e thusang gore pharakano e elele kwa dintlheng tse dingwe seno se thusa gore pharakano e elele sentle. Mme le fa go ntse jalo, gore seno se atlege, go ikaegile thata ka tirisanommogo ya baagi.

Ke Eng se Wena O ka Se Dirang?

Jesu Keresete o ne a re o tshwanetse go ‘direla batho tse o ratang ba di go direle,’ (Mathaio 7:12, Baebele e e Boitshepo) Kgakololo eno e e botlhale e ka thusa mo go fokotseng mathata mangwe a a maswe a pharakano. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, fa mongwe le mongwe a ikgopolela ene fela, tota le dithulaganyo tse di molemo thata di tla palelwa. Fano go na le dikakantsho di le mmalwa tse di ka go thusang go lepalepana le mathata a pharakano mo toropong e o nnang mo go yone.

Fa e le gore o tla tsamaya sekgala se se khutshwane, go ka nna molemo thata fa o ka tsamaya ka dinao kgotsa wa dirisa baesekele. Mo mabakeng a le mantsi nngwe ya mekgwa eno e tla itshupa e le bonako, e le bonolo, gape e siametse botsogo jwa gago. Fa e le gore o tlile go tsamaya sekgala se seleelele, go dirisa dipalangwa tsa botlhe go ka nna molemo. Ditoropokgolo di le dintsi di leka go tokafatsa dibese, seporo se se tsamayang ka fa tlase ga lefatshe, le go tokafatsa ditirelo tsa diterena go leka go dira gore batho ba tlogele dikoloi tsa bone kwa magaeng. Go dirisa ditirelo tseno go ka bolokela motho madi. Le fa e le gore o tshwanelwa ke go kgweetsa sekgala se se rileng, o ka nna wa dirisa dipalangwa tsa botlhe go tsena mo gare ga toropo.

Fa e le gore o tshwanelwa ke go kgweetsa, akanyetsa kgang ya go tsamaya le ba bangwe mo koloing fa lo ya tirong. Eno ke nngwe ya ditsela tse di molemo thata tsa go fokotsa pharakano e ntsi. Kwa United States, diperesente di le 88 tsa batho ba ba yang tirong letsatsi le letsatsi di dirisa dikoloi, mme mo e ka nnang pedi tharong ya batho bano ba tsamaya ba le bangwe mo dikoloing. Buka ya Stuck in Traffic ya re fa go ka fetolwa palo e kgolo ya batho mogopolo gore ba tsamaye mmogo go ya tirong “seno se ne se ka nna le seabe se segolo thata mo go fokotseng tiego le go kgobelana ga pharakano ka dinako tsa tlhanaselo ya mo mesong le mo maitseboeng.” Mo godimo ga moo, kwa mafelong a mangwe mebila e go tsamayang dikoloi tse di tsamayang ka lobelo lo logolo e diretswe dikoloi tse di nang le batho ba le babedi kgotsa ba le bararo. Dikoloi tse di nang le motho a le mongwe ga di a letlelelwe go tsamaya mo mmileng oo.

Fa e le gore o kgona go laola nako eo tsamayang ka yone, tila go tsamaya ka dinako tsa fa pharakano e tlhanasela. Seno se tla go tlhofofaletsa dilo wena le bakgweetsi ba bangwe. Mme fa o phaka koloi ya gago sentle, ga e kitla e kgoreletsa kelelo ya pharakano. Gone ke boammaaruri gore le fa go ka dirwa maano a a molemo jang ga go reye gore ga o kitla o iphitlhela o tshwaregile mo pharakanong. Mo dinakong tseo, go nna le maikutlo a a siameng go ka thusa fela thata gore o se ke wa betwa ke pelo.—Bona lebokoso le le latelang.

Ga go na pelaelo gore fa e le gore o nna kwa toropong e kgolo o tla tshwanelwa ke go itshokela pharakano. Le fa go ntse jalo, fa mongwe le mongwe a dira seabe sa gagwe le go bontsha maitseo le bopelotelele mo bakgweetsing ba bangwe, o tla ithuta go lepalepana le mathata a pharakano.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

GO NNA O RITIBETSE FA Go Tsoga Tlhakatlhakano mo Pharakanong

Jaime, yo e leng mokgweetsi wa tekesi kwa Madrid, Spain, o ne a tshwanelwa ke go itshokela mathata a pharakano dingwaga di feta 30. Tseno ke ditsela tse a di dirisang go nna a ritibetse fa maemo a nna maswe:

▪ Ke tsaya sengwe se nka se balang. Ka jalo fa pharakano e eme gotlhelele, ga ke betwe ke pelo.

▪ Fa pharakano e tsamaya ka bonya thata, ke reetsa dikgang mo radiong kgotsa ke reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng. Ka tsela eno ke kgona go akanya sengwe se sele go na le go tlhoma mogopolo fela mo pharakanong.

▪ Gantsi, ga nke ke dirisa hutara, gonne e kgoreletsa ba bangwe e bile ga e thuse sepe. Ka go nna maitseo mo bakgweetsing ba bangwe, ke tila go ngomoga pelo e bile ke thusa le ba bangwe gore le bone ba dire jalo.

▪ Ke leka go nna ke ritibetse fa ke lebane le bakgweetsi ba ba bogale, le go ba efoga ka mo go ka kgonegang ka teng. Ga go na sepe se se molemo jaaka go nna pelotelele.

▪ Le fa gone ke leka go bona ditsela tse di botoka, ke bolelela bapalami gore ka dinako dingwe pharakano e tla re diegisa go fitlha ka nako e e beilweng. Gantsi go kgweetsa mo toropong le go tshwara nako ga di tsamaisane.