Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nna Boikokobetso ke go Nna Bokoa Kgotsa ke go Nna le Nonofo?

A go Nna Boikokobetso ke go Nna Bokoa Kgotsa ke go Nna le Nonofo?

Baebele ya Reng

A go Nna Boikokobetso ke go Nna Bokoa Kgotsa ke go Nna le Nonofo?

GANTSI lefatshe le tsaya batho ba ba mabela le ba ba ikgogomosang e le bone ba ba tshwanelwang ke go etsiwa. Batho ba ba boikokobetso le ba ba bonolo ba na le go tsewa e le batho ba ba bokoa, ba ba boboi le ba ba ratang go ineela mo bathong ba bangwe. A mme boikokobetso jwa mmatota ke bokoa? Mme a go ipelafatsa ke go nna le nonofo? Baebele ya reng?

Sa ntlha, re tshwanetse go dumela gore Baebele e bua sentle ka mefuta mengwe ya go ipelafatsa. Ka sekai, Bakeresete ba tshwanetse ba ipelafatsa ka kgang ya go bo Jehofa e le Modimo wa bone le gore o a ba itse. (Pesalema 47:4; Jeremia 9:24; 2 Bathesalonika 1:3, 4) Batsadi ba ka ipelafatsa ka bana ba bone ba ba tlhomang sekao se se molemo sa boitsholo jwa Bokeresete e bile ba ema ba nitame mo kobamelong ya boammaaruri. (Diane 27:11) Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o o sa siamang wa go ipelafatsa.

Go Sekaseka Boipelafatso le Boikokobetso ka Ketlotlhoko

Tlhaloso nngwe ya boipelafatso ke go nna le boitlotlo jo bo feteletseng. Boipelafatso jo bo ntseng jalo bo dira gore motho a nne le boikutlo jo bo sa tshwanelang jwa go ikutlwa a le botlhokwa e bile a le mogolo mo go ba bangwe, gongwe e le ka ntlha ya bontle, lotso, seemo, bokgoni kgotsa khumo. (Jakobe 4:13-16) Baebele e bua ka batho ba ba “gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:4) Ka mafoko a mangwe, ba na le boikutlo jo bo feteletseng ka se ba leng sone go sa tshwanela.

Mme batho ba ba boikokobetso bone, ba leka go ipona ka tsela e ba ntseng ka yone tota, ba amogela bosaitekanelang jwa bone le seemo sa bone se se kwa tlase fa pele ga Modimo. (1 Petere 5:6) Mo godimo ga moo, ba a lemoga—le e leng go itumelela—dinonofo tse di botoka tse ba ba bangwe ba nang le tsone. (Bafilipi 2:3) Ka jalo, ga ba dire gore boikutlo jwa bopelotshetlha kgotsa lefufa bo ba fenye. (Bagalatia 5:26) Ka jalo, ga go na pelaelo gore boikokobetso jwa mmatota bo dira gore motho a nne le kamano e e siameng le ba bangwe e bile bo dira gore motho a nne a ritibetse mo maikutlong.

Akanya ka sekao sa ga Jesu. Pele ga a tla mo lefatsheng, e ne e le sebopiwa sa semoya se se nonofileng kwa legodimong. Mme fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a itekanetse, e le motho yo o se nang boleo. (Johane 17:5; 1 Petere 2:21, 22) O ne a na le bokgoni, botlhale le kitso e e sa tshwaneng le ya ga ope. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga a ise ko a itshupe mo go ba bangwe mme ka dinako tsotlhe o ne a nna a le boikokobetso. (Bafilipi 2:6) O ile a ba a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe ka lekgetlho lengwe; e bile o ile a bontsha go kgatlhegela bana ba bannye. (Luke 18:15, 16; Johane 13:4, 5) Tota e bile, Jesu o ne a bua jaana a tshwere ngwana fa thoko ga gagwe: “Le fa e le mang yo o tla ikokobetsang jaaka ngwana yo mmotlana yono ke ene yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo.” (Mathaio 18:2-4) Ee, mo matlhong a ga Jesu—le Rraagwe—bogolo jwa mmatota bo nna teng ka ntlha ya boikokobetso e seng ka ntlha ya boipelafatso.—Jakobe 4:10.

Boikokobetso ke Nonofo

Le fa Jesu e ne e le sekao sa boikokobetso, le ka motlha e ne e se motho yo o neng a le bokoa a ineela motlhofo mo go ba bangwe. O ne a bua boammaaruri ka bopelokgale mme o ne a sa boife batho gotlhelele. (Mathaio 23:1-33; Johane 8:13, 44-47; 19:10, 11) Ka jalo, o ne a tlotliwa tota le ke bangwe ba baganetsi ba gagwe. (Mareko 12:13, 17; 15:5) Mme Jesu le ka motlha e ne e se motho yo o gatelelang ba bangwe. Go na le moo, ka boikokobetso, bonolo le lorato, o ne a ngoka batho, ka tsela eo a dira gore batho ba mo rate e leng selo se batho ba ba ipelafatsang ba se kitlang ba se kgona. (Mathaio 11:28-30; Johane 13:1; 2 Bakorintha 5:14, 15) Tota le gompieno, dimilione tsa batho di ineela mo go Keresete ka gonne ba mo rata le go mo tlotla.—Tshenolo 7:9, 10.

Lefoko la Modimo le kgothaletsa boikokobetso ka gonne batho ba ba ikokobetsang ba itumelela go amogela kgakololo mme go monate go ba ruta. (Luke 10:21; Bakolosa 3:10, 12) Jaaka Apolose, Mokeresete wa pele yo o neng a le setswerere mo go ruteng, ba itumelela go fetola tsela e ba akanyang ka yone fa ba fiwa tshedimosetso e ntšha e e siameng. (Ditiro 18:24-26) Mme ga ba tshabe go botsa dipotso, fa batho ba ba ipelafatsang bone ba sa rate go botsa dipotso ka gonne ba tshaba gore fa ba dira jalo ba tla senoga gore ga ba itse.

Ela tlhoko sekai sa moopafadiwa wa Moethiopia wa lekgolo la ntlha la dingwaga, yo temana nngwe ya Dikwalo e neng e mo tlhakanya tlhogo. Morutwa wa Mokeresete e bong Filipo o ne a mmotsa jaana: “A tota o itse se o se balang?” Moethiopia o ne a araba ka go re: “Tota nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” A bo seo e ne e le boikokobetso jo bogolo jang ne—segolobogolo fa o akanya gore moopafadiwa e ka ntswa e ne e le motho wa maemo a a kwa godimo mo nageng ya gaabo! Ka ntlha ya boikokobetso jwa gagwe, o ne a nna le temogo e e boteng ya Dikwalo.—Ditiro 8:26-38.

Moethiopia o farologana thata le bakwadi ba Bajuda le Bafarasai, ba ba neng ba itsaya e le batho ba ba botlhokwa thata ba motlha wa bone. (Mathaio 23:5-7) Go na le gore ba reetse Jesu le barutwa ba gagwe ka boikokobetso, ba ne ba ba nyatsa, ba ba sotla le go ba tshwaya diphoso. Ka jalo, boikgogomoso jwa bone bo ne jwa dira gore ba nne ba le mo lefifing la semoya.—Johane 7:32, 47-49; Ditiro 5:29-33.

A o Ntse Jaaka Letsopa le le Boleta Kgotsa le le Thata?

Baebele e tshwantsha Jehofa le mmopi wa letsopa mme batho le letsopa. (Isaia 64:8) Boikokobetso bo thusa motho gore a nne boleta jaaka letsopa mo diatleng tsa Modimo, motho yo a ka kgonang go mmopa gore e nne sejana se se eletsegang; mme motho yo o boikgogomoso ene o tshwana le letsopa le le omeletseng le le thata le le ka thubiwang fela. Sekao se se sa siamang sa motho yo o ntseng jalo ke sa ga Faro yo o boikgogomoso wa Egepeto ya bogologolo yo o neng a nyatsa Jehofa mme seo sa dira gore a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe. (Ekesodo 5:2; 9:17; Pesalema 136:15) Go swa ga ga Faro go supa sentle se se bolelwang ke seane seno: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18.

Se se umakilweng fa godimo ga se bolele gore batho ba Modimo ga ba ke ba nna le bothata jwa go nna boikgogomoso. Ka sekai, gantsi baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ganetsana ka ga gore ke mang yo o mogolo gareng ga bone. (Luke 22:24-27) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa laolwe ke boikgogomoso, go na le moo, ba ne ba reetsa Jesu mme kgabagare ba fetola boikutlo jwa bone.

Solomone o ne a kwala jaana: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” (Diane 22:4) A bo re na mabaka a a utlwalang jang ne a go tlhagolela boikokobetso! Ga se nonofo e e maatla le e e rategang fela mme gape e re thusa gore re amogelwe ke Modimo le gore re bone tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—2 Samuele 22:28; Jakobe 4:10.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A mefuta yotlhe ya boipelafatso ga ya siama?—2 Bathesalonika 1:3, 4.

▪ Boikokobetso bo thusa motho jang go ithuta?—Ditiro 8:26-38.

▪ A batlhanka ba Modimo ba tlhoka go tlhagolela boikokobetso?—Luke 22:24-27.

▪ Batho ba ba boikokobetso ba lebeletse isagwe e e ntseng jang?—Diane 22:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Bana ba ne ba kgona go atamela Jesu ka gonne e ne e le monna yo o boikokobetso