Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Dirisang Internet!

Basha ba ba Dirisang Internet!

Basha ba ba Dirisang Internet!

Akanya fela ngwana wa gago a kgarakgatshega mo mebileng bosigo a le nosi.

Akanya fela ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a rulaganya phathi mo ntlong ya gago wena o sa itse sepe ka gone.

Akanya fela morwa kgotsa morwadio a dira dilotlolo tse dingwe tsa ntlo ya gago mme a di abela batho ba o sa ba itseng gotlhelele.

FA E le gore ngwana wa gago o dirisa Internet, go ka nna motlhofo thata gore maemo a a tlhalosiwang fa godimo a go diragalele. Makasine wa Science News wa re: “Internet e na le mafelo a mantsi le a a farologaneng a batho ba ka kgonang go buisana mo go one, go simologa ka mafelo a go bala melaetsa mo Internet go ya go mafelo a o buisanang le motho ka nako e e tshwanang ka go kwalelana melaetsa mo Internet le ka go fetisetsana melaetsa.”

Basha ba ile ba tlwaelana ka bonako le go dirisa Internet. Ee, ka 2004 mo e ka nnang batho ba le 9 mo go ba le 10 kwa United States ba ba fa gare ga dingwaga tse 12 le 17 ba ne ba dirisa Internet, e o ka kgonang go e bona mo e ka nnang gongwe le gongwe mo lefatsheng.

Tota ga go na batho ba ba ka ganetsang gore Internet e na le mosola. Mme ka nako e tshwanang mongwe le mongwe o tshwanetse go itse dikotsi tsa yone. Ka sekai, basha ba le bantsi ba fenyonkolola Internet ba sa bewa leitlho ke ope, mme bangwe ba dira botsala mo Internet le batho ba wena—kgotsa le e leng ngwana wa gago—lo neng lo se kitla le ka motlha lo ba dumelela go tsena mo ntlong ya lona.

Basha bangwe ba ba tsiediwang motlhofo ba ya bokgakaleng jwa go ntsha tshedimosetso ya bone ya botho, go tlhalosa maikutlo a bone le go romela ditshwantsho ka Internet go sa tshwanela. Go ya ka Porofesa Zheng Yan wa Yunibesithi ya Puso ya kwa New York, “gantsi basha ga ba lemoge gore ke batho ba ba kae ba ba kgonang go bona tshedimosetso e e mo Internet, go akaretsa le dilalome tse di batlang go tlhakanela dikobo le bana.”

Mma re sekaseke ka kelotlhoko gore basha ba le bantsi ba dira eng mo Internet. Seno se tla re thusa go lemoga mathata a a ka nnang teng, gore tota bana ba rona ba batla eng le gore re ka ba thusa jang go bona dilo tse tota ba di tlhokang. Gape go tla thusa basha ba Bakeresete gore ba kgone go fenya dikgoreletsi tsa go nna ba ntse ba ikanyega mo Modimong mo dinakong tseno tse di thata.—2 Timotheo 3:1-5.