Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bera ya Metsi e go Bonalang E ka Se Nyelediwe

Bera ya Metsi e go Bonalang E ka Se Nyelediwe

Bera ya Metsi e go Bonalang E ka Se Nyelediwe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE

▪ BATLA gongwe le gongwe mo mefuteng yotlhe ya metsi a a mo lefatsheng—mo lerageng, mo aeseng, mo bodibeng, mo metsing a a bolelo a a pumpunyegang ka fa tlase ga lefatshe, matsha, mawatle, gongwe e bile le mo jarateng ya gago—o ka nna wa thulana le bera ya metsi, sengwe sa ditshedi tse di popota go di feta tsotlhe mo popong. E nnye jaana mo e leng gore ga e bonale motlhofo, bera ya metsi e na le mmele o mokhutshwane o o dikarolo di le nnè o o apesitsweng ke letlalo, e na le maoto a le robedi, mme lengwe le lengwe la one le felela ka dinala tse pedi. Popego ya yone le motsamao wa yone o tshwana le wa bera fa e ronoka, ke gone ka moo e bidiwang gore ke bera ya metsi.

Dibera tsa metsi ke di tardigrade, se se rayang gore “tse di tsamayang ka bonya.” Go na le mefuta e le makgolokgolo e e itsegeng, tse di namagadi di beela mae go tloga go le le lengwe go ya go a le 30 ka nako e le nngwe. Dikete tse di masomesome tsa ditshedinyana tseno di ka fitlhelwa mo motlhabeng o monnye o o metsi kgotsa mo mmung o o ka tlalang seatla fela. Lefelo le tota o ka di fitlhelang mo go lone ke fa go tlhogang mos gone kwa godimo ga marulelo.

Dibera tsa metsi di kgona go tshela mo maemong a a maswe thata. Dibera dingwe tsa metsi di ne tsa bolokwa malatsi a le robedi mo lefelong le le leng lolea, mme tsa tsenngwa mo gaseng ya helium e e neng e le dithemperetšhara tse di magareng ka malatsi a le mararo, mme tsa isiwa mo kamoreng ya dithemperetšhareng tse -272°C ka diura di le mmalwa di ne tsa boa tsa tshela gape fa di busediwa mo dithemperetshareng tse di magareng,” go tlhalosa jalo Encyclopædia Britannica. Gape di ka kgona go tshela makgetlho a le makgolokgolo fa di kopana le marang a a kotsi a X-ray a a ka bolayang motho. Mme gape, bobotlana di ka nna tsa kgona go tshela le mo lefaufaung ka nako e e rileng!

Sephiri sa tsone ke bokgoni jwa tsone jwa go itira e kete di sule mo e leng gore thulaganyo ya tsone ya mmele ya go sila dijo e dira ka bonya ka peresente e e ka fa tlase ga 0,01 go feta ka fa go tlwaelegileng ka teng—mokgwa o o batlang o sa lemotshege! Gore di tle di kgone go dira seno, di tsenya maoto mo teng ga mmele wa tsone, di be di emisetsa metsi a a tswileng mo mmeleng ka sukiri nngwe e e kgethegileng, di bo di ikgara go nna selo se sennye, se se jaaka bolo e e tladikilweng ka bonota e e bidiwang tun. Fa maemo a boela a siama, go boa go nna bongola gape, di boa di tsoga gape mo sebakeng sa metsotso e le mmalwa go ya go diura di se kae. Mo lekgetlhong lengwe, dibera tseno tsa metsi tse di neng di le mo seemong se e keteng di sule ka dingwaga di le 100 di ne tsa boa tsa tshela gape ka katlego!

Ee, ditshedinyana tseno ‘tse di gagabang’ di baka Jehofa di ntse di didimetse jalo mme e le ka tsela e e gakgamatsang .—Pesalema 148:10, 13.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

© Diane Nelson/Visuals Unlimited