Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho

Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho

Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho

LEFATSHE, mekgwa ya lone le difeshene tsa lone di nna di ntse di fetoga. Diphetogo di bonala thata ka ntlha ya thekenoloji ya gompieno, mme dilo tse di ratwang gompieno di tla bo di nyeletse ka moso. Selo se se leng mo fesheneng gompieno se tsoga se sa tlhole se le mo fesheneng ka moso le selo se se ratwang ke bontsi gompieno se tsoga se sa tlhole se ratiwa ka moso. Diphetogo tseno tse di diregang ka bonako di ama basha fela thata.

Phetogo e Kgolo mo Boitsholong

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, thekenoloji e ile ya dira phetogo e e ileng ya ama basha fela thata. Ka sekai, mo dinageng di le dintsi, founo ya selula le khomputara ke dilo tse basha ba sa kgoneng go tshela kwantle ga tsone. Mafaratlhatlha a Internet a buletse basha ditshono tse disha. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 19 wa kwa Australia a re: “O ka nna wa bo o se na le fa e le tsala e le nngwe mo botshelong jwa mmatota mme ka ponyo ya leitlho o bo o nna le ditsala di le makgolokgolo mo Internet.”

Ke batho ba se kae fela ba ba ka ganetsang gore founo ya selula le Internet di na le melemo e mentsi. Le fa go ntse jalo, go bonala batho ba le bantsi ba nna makgoba a didirisiwa tseno. Porofesara wa Yunibesiti wa tsa puisano e bong Donald Roberts o bolela gore baithuti bangwe “ga ba kgone go nna metsotso e se mekae mo nakong e e fa gare ga ura ya 10 fa dithuto di simologa le 11 fa di fela ba sa ikutlwe ba eletsa go bua le mongwe ka difouno tsa bone tsa selula.” A re: “Ke bona e kete ga ba kgone go ritibala fa ba sa bue le mongwe, jaaka e kete ba re ga ‘ke kgone go itshokela tidimalo.’”

Basha bangwe ba ile ba bo ba dumela gore ba ikutlwa ba tshwakgotswe. Stephanie wa dingwaga di le 16 a re: “Ke tshwakgotswe gotlhelele ke go romela melaetsa le ke founo ya me ya selula, ka gonne ke ditsela tse ka tsone ke kgonang go ikgolaganya le ditsala tsa me. Fa ke fitlha kwa gae, ke bula Internet ka bonako mme ke nna mo go yone bosigo jotlhe—ka dinako tse dingwe go fitlha ka 3 A.M.” Sekoloto sa ga Stephanie sa kgwedi le kgwedi sa founo se magareng ga R760 go ya go R3 800. A re: “Gone jaanong ke kolota batsadi ba me madi a a fetang R15 000, e leng molato wa madi a a oketsegileng a ke a dirisitseng mo go a ke a fiwang kgwedi le kgwedi go a dirisetsa founo ya selula. Mme ke tlwaetse founo ya me thata jaana mo e leng gore ga ke kgone go tshela kwantle ga yone.”

Mathata ano ga a ame tsa madi fela. Fa Elinor Ochs, yo e leng moitse wa tsa boitshwaro jwa batho, a ne a dira patlisiso ka botshelo jwa lelapa, o ne a fitlhela gore fa motsadi yo o berekang a fitlha mo gae, gantsi molekane wa gagwe le bana ba a bo ba tlhomile mogopolo thata jaana mo go se ba se dirang mo ba sa kgoneng le go mo dumedisa! Ba tswelela fela ka go nna ba tobetsa didirisiwa tsa bone tsa ileketeroniki. Ochs a re: “Re ne ra bona gape kafa go leng thata ka teng mo batsading go kgona go nna le seabe mo dilong tse bana ba bone ba di dirang.” O ne a oketsa ka gore fa ba ntse ba dira patlisiso ba ne ba lemoga gore batsadi ba ne ba ikgapela kwa thoko, ba tlogela bana ba bone ba ba neng ba tlhomile mogopolo thata mo go se ba se dirang.

A go Dira Botsala mo Internet go Kotsi?

Batsadi ba le bantsi le barutisi ba tshwenyegile ka nako e ntsi e basha ba e dirisang mo Internet ba dira se go tweng ke go dira botsala mo Internet. Ba bula mafelo mangwe mo Internet a a letlelelang batho ba ba e dirisang go itirela lefelo la bone la tshedimosetso mme ba bo ba le kgabisa ka ditshwantsho, dibidio le tayari ya botshelo jwa motho yoo.

Sengwe se se dirang gore mafelo a a ntseng jalo a tshedimosetso mo Internet a ngoke ba le bantsi ke ka go bo a kgontsha batho bao go ikgolaganya le ditsala tsa bone. Selo se sengwe ke gore mafelo a a ntseng jalo a thusa basha gore ba itlhalose, “ba bolela kafa ba ikutlwang ka teng ka dilo tse di rileng.” Go a utlwala go bo seno se ngoka basha, ka gonne nako ya dingwaga tsa bolesome ke nako e mo go yone motho a simololang go batla go ikitse le go supa kafa a ikutlwang ka teng ka tsela e e amang batho ba bangwe maikutlo.

Le fa go ntse jalo, go na le bothata bo le bongwe ka seno, batho bangwe ba itirela mafelo a a ntseng jalo mo ba tlhalosang se ba batlang go nna sone go na le se ba leng sone. Mosimane mongwe wa dingwaga di le 15 o bolela jaana: “Go na le ngwana mongwe kwa sekolong yo o bolelang gore o na le dingwaga di le 21 mme o nna kwa Las Vegas. Basha bano ka bobedi ba nna bokgakala jwa dikilometara di le 1 600 go tswa kwa motseng ono wa kwa United States.

Tsietso e e ntseng jalo e tlwaelegile. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 18 wa kwa Australia a re: “O ka kgona go dira sengwe le sengwe mo Internet. O ka kgona go nna motho yo o farologaneng gotlhelele le se o leng sone ka gonne ga go ope yo o go itseng. O ikutlwa o itshepa. O kgona go itlhamela dilo gore o bonale o kgatlha thata. O kgona go tsenya ditshwantsho tsa gago tse mo go tsone o apereng kgotsa o dirang dilo tse o neng o ka se ka wa di dira le ka motlha. O ka kgona go kwala dilo tse le ka motlha o neng o ka se ka wa di bua ka namana. O ikutlwa e kete o ka kgona go dira sengwe le sengwe fela se o se batlang ka gonne go se na yo o go bonang. Ga go na ope yo o itseng gore tota o mang.”

Fela jaaka go ntse ka mofuta mongwe le mongwe wa puisano, mafelo a go dira botsala mo Internet a na le ditsela tse di siameng tse di ka dirisiwang sentle le tse di ka nnang tsa se ka tsa dirisiwa sentle. Fa o le motsadi, a o itse gore bana ba gago ba dira eng mo Internet? A o tlhomamisa gore bana ba gago ba dirisa nako ya bone sentle? * (Baefeso 5:15,16) Mo godimo ga moo, go se dirise Internet sentle go ka dira gore basha ba lebane le dikotsi di le dintsi tse di masisi. Dingwe tsa tsone ke dife?

Se se Sa Itumediseng ka Internet

Tsela e Internet e ntseng ka yone e dira gore go nne motlhofo gore batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba ba ngoke ka yone. Basha ba ka iphitlhela ba le mo kotsing fa ba ntsha tshedimosetso ya bone ya botho mo Internet kgotsa fa ba dumela go kopana le mongwe yo ba ntseng ba kwalelana le ene mo Internet. Buka ya Parenting 911 ya re: “Batho bangwe ba bolela gore bana ba lebana le matshosetsi a magolo go gaisa a thubakanyo kgotsa go sotliwa mo malapeng a bone kgotsa mo ba tshamekelang gone. Mme batsadi ba le bantsi ba tsaya gore selo se se bofitlha le go feta ke go bo batho ba ba sotlang bana ka go tlhakanela dikobo le bone ba kgona go fitlhelela bana ba bone mo malapeng a bone ka go dirisa khomputara mme ba senye ditlhaloganyo tsa bone.”

Go na le ditsela tse dingwe gape tse Internet e sa dirisiwang sentle ka tsone. Basha bangwe ba kgerisa ba bangwe ka tsela e e setlhogo ba dirisa Internet—ba ba bogisa kgotsa ba ba tshosetsa. Go ile ga dirwa mafelo mo Internet a go tlhabisiwang batho ditlhong mo go one, mme dithulaganyo tsa go romelelana melaetsa, mafelo a go buisanwang ka Internet le dilo tse dingwe tse di jaaka tseo di ile tsa dirisediwa go senya ba bangwe maina. Mokaedi mongwe wa setlhopha se se tlhokometseng tshireletsego ya Internet o dumela gore diperesente tse di ka nnang 80 tsa bana ba ba fa gare ga dingwaga di le 10 le 14 ba ile ba amiwa ke go kgerisiwa ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e seng ya tlhamalalo ka Internet.

Ke boammaaruri gore, go kgerisa ba bangwe ga se selo se sesha. Mme jaanong, magatwe, tshebo, go senya ba bangwe maina go ka anamela kgakala le ka tsela e e bofefo go gaisa. Mme gantsi dilo tseno di nna maswe le go feta. Mo gongwe, go ile ga dirisiwa difouno tsa selula tse di nang le dikhamera go tsaya ditshwantsho le dibidio tse di tlhapatsang le tse di ka nnang tsa bo di tlhabisa ditlhong, di tsewa mo matlwaneng a boaparelo kwa sekolong kgotsa mo mafelong a go tlhapelwang mo go one. Ditshwantsho tseno di ile tsa tsenngwa mo Internet mme tsa romelwa batho ba ba ka ratang go di bona.

Palo e e Oketsegang ya Batho ba ba Tshwenyegileng ka Seno

Dilo tse di ntseng jalo di ile tsa dira gore Lephata la Molao le Tshireletso ya Setšhaba kwa New Jersey, kwa U.S.A. le romelele batsadi le batlhokomedi makwalo, le ba rotloetsa “go re thusa go dira sengwe ka kgang ya go bo batho ba tshwenyegile ka tsela e bana ba dirisang Internet ka tsela e e sa siameng ka yone, fa ba le kwa sekolong le fa ba se kwa sekolong.” Lekwalo leo le ne le bua thata kafa batho ba tshwenyegileng ka teng ka go tsenya tshedimosetso ya botho le dinepe mo Internet. Mafelo a a mo Internet a a ntshang tshedimosetso e e ntseng jalo gantsi a ngoka basha le bagolo ba ba boferefere. Lekwalo leo le ne la bolela jaana: “Jaaka motsadi, o tshwanetse go itse gore lebaka la go bo batho ba tshwenyegile ka dilo tseno ke selo se se masisi le gore wena o ka nna le seabe se se botlhokwa mo go direng gore bana ba gago ba nne ba babalesegile ka go itlwaelanya thata le tsela e bana ba gago ba dirisang Internet ka yone.”

Le fa go ntse jalo, batsadi bangwe ga ba itse gore tota bana ba bone ba dirang mo Internet. Mmè mongwe yo o tlhokomelang ka kelotlhoko se mosetsana wa gagwe wa dingwaga di le 16 a se dirang mo Internet o bolela jaana: “Batsadi ba ne ba tla tshoga tota le go tlhabiwa ke ditlhong fa ba ka bo ba itse gore bana ba bone ba romela eng le go tlotla ka dilo tse di ntseng jang mo Internet.” Go ya ka moitse mongwe wa tsa tshireletso mo Internet, basha bangwe ba romela dinepe tse di rotloetsang tlhakanelodikobo.

Ditlamorago Tse di sa Itumediseng

A go tshwenyega gono ke go feteletsa dilo fela ga batho ba ba godileng ba ba lebetseng gore go ntse jang go nna basha? Dipalopalo ga di bontshe jalo. Akanya ka seno: Mo mafelong mangwe, mo e ka nnang nngwe tharong ya basimane le basetsana ba ba fa gare ga dingwaga tse 15 le 17 ba kile ba tlhakanela dikobo. Palo e e fetang sephatlho sa basha ba ba fa gare ga dingwaga tsa 13 le 19 ba bolela gore ba kile ba dira tlhakanelodikobo ka molomo.

A botegeniki ke jone jo bo dirileng gore go nne le tshedimosetso eno e e tshosang? Ga go na pelaelo gore go ntse jalo. Pego nngwe ya New York Times Magazine ya re: “Difouno tsa selula le Internet, tse di dirang gore basha ba nne le nako e ntsi ba le nosi, di dira gore go robala le mongwe yo o sa rataneng le ene go nne motlhofo thata.” O ka kgona go rulaganya go kopana ka sephiri le mongwe wa bong bo sele ka go dirisa fela khomputara. Mo patlisisong nngwe, basetsana ba ba fetang 4 mo go ba le 5 ba ile ba dumela gore ga ba kelotlhoko thata fa ba dirisa Internet.

Bangwe ba ba batlang mongwe yo ba ka intshang le ene mo Internet kgotsa yo ba ka robalang fela le ene le fa ba sa ratane ba bona le se ba neng ba sa lebelela go se bona. Jennifer Welch wa Lephata la Mapodise la Novato kwa California a re: ‘Re bone ditlhaselo tsa tlhakanelodikobo di oketsega.’ A re batho ba le bantsi ba ba tlhaselwang jalo ba kopana la ntlha le motho yo o ba tlhaselang mo Internet mme morago ga foo ba bo ba dumela go kopana le ene.

Ela “Botlhale Jwa Lefatshe” Tlhoko!

Ditlhogo tse di gakololang basha mo makwalodikgannyeng le mo dimakasineng di na le go mpampetsa dilo fa di bua ka tlhakanelodikobo mo basheng. Le fa di dumelana le kgang ya go ithiba mo tlhakanelongdikobo kgotsa boitsholo jo bo siameng, mokgele wa bone o mogolo ke go kgothaletsa tlhakanelodikobo e e “sireletsegileng” go na le kgang ya go se tlhakanele dikobo gotlhelele. Go bonala gantsi ba akanya gore ‘ga re kgone go ba thiba go tlhakanela dikobo, ka gone bobotlana re ka ba ruta go nna batho ba ba dirang dilo ka botlhale.’

Mo setlhogong sengwe se se neng sa tsenngwa mo lefelong lengwe le le tlotlegang la basha mo Internet, kgang ya gore a motho o tshwanetse go tlhakanela dikobo kgotsa nnyaa e ne ya felela e dirilwe kgang ya gore go akanyediwe fela mabaka ano a mararo: (1) kotsi ya go ima, (2) kotsi ya go tsenwa ke bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo le (3) botlhokwa jwa go dira tshwetso ya gore a maikutlo a batho bao ba babedi a siametse go ka tlhakanela dikobo. Tshedimosetso eo ya re: “Kwa bofelong ke wena o tshwanetseng wa dira tshwetso.” Kgang ya gore go tlotliwe le batsadi ka seo e umakwa fela go fetwa. Mme ga go a ka ga umakiwa sepe fela ka kgang ya gore a tlhakanelodikobo e e ntseng jalo e siame kgotsa nnyaa.

Fa e le gore o motsadi, ga go pelaelo gore o ne o ka batla sengwe se se botoka go na le go bona bana ba gago ba kaelwa ke “botlhale jwa lefatshe” jo bo sa tlhomamang. (1 Bakorintha 1:20) O ka ba thusa jang gore ba kgone go lebana ka katlego le dingwaga tsa bolesome mme ba tile dikotsi tse go tlotliwang ka tsone mo setlhogong seno? Go rarabolola bothata joo e ka tswa e se kgang e e motlhofo fela ya go tima khomputara kgotsa go mo tseela founo. Ditharabololo tse di motlhofo jalo gantsi ga di fitlhelele pelo. (Diane 4:23) Gape akanyetsa le kgang ya gore bana ba gago ba ka tswa ba dirisa didirisiwa tse di jaaka founo ya selula le Internet go lebana le dilo dingwe tse ba di tlhokang tse wena jaaka motsadi o ka kgonang go ba thusa ka tsone ka tsela e e molemo go feta. Dingwe tsa dilo tseno ke eng?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go na le gore batsadi ba kgale fela go dirisiwa ga Internet, ba tla bo ba dira sentle fa ba ka itlwaetsa mafelo a a mo Internet a bana ba bone ba tlwaetseng go a bula. Ka tsela eno, bana ba ka thusiwa go ‘thapisa bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore ba farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Thuto e e ntseng jalo ya batsadi e ka thusa bana fa ba ntse ba tsena mo dingwageng tsa bone tsa bogodi.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Fa ke fitlha kwa gae, ke bula Internet ka bonako mme ke nna mo go yone . . . ka dinako tse dingwe go fitlha ka 3 A.M.”

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“O ka kgona go dira sengwe le sengwe mo Internet. O ka kgona go nna motho yo o farologaneng gotlhelele le se o leng sone ka gonne ga go ope yo o go itseng”

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Batsadi ba ne ba tla tshoga tota le go tlhabiwa ke ditlhong fa ba ka bo ba itse gore bana ba bone ba romela eng le go tlotla ka eng mo Internet”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go Dira Botsala ka Internet Kgang ya Mosetsana Mongwe

“Ke ne ka simolola go dirisa Internet ya kwa sekolong, gore ke kgone go buisana le baithuti ka nna le barutabana. Ke ne ka simolola ke e dirisa ura e le nngwe ka beke. Go ise go ye kae ke ne ke e dirisa letsatsi le letsatsi. Ke ne ke e tlwaetse thata jaana mo e leng gore fa ke sa e dirise, ke ne ke akanya ka yone. Ke ne ke sa kgone go tlhoma mogopolo wa me mo go sepe se sengwe. Ke ne ka salela morago ka tiro ya me ya sekolo, ke sa reetse kwa dipokanong tsa Bokeresete mme e bile ke ne ke itlhokomolosa ditsala tsa me tsa mmatota. Kgabagare batsadi ba me ba ne ba lemoga gore go diragala eng mme ba ne ba dira gore ke fokotse nako e ke e dirisang mo Internet. Go ne go le thata. Ke ne ke galefile. Mme gone jaanong ke itumetse go bo batsadi ba me ba ile ba dira jalo, mme ke kgonne go dira diphetogo. Ga ke tlhole ke batla go ikutlwa ke le lekgoba la Internet gape!”—Bianca.