Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Dire Eng fa Mongwe a Batla Gore ke “Ikutswe” le Ene?

Ke Dire Eng fa Mongwe a Batla Gore ke “Ikutswe” le Ene?

Basha ba Botsa Jaana. . .

Ke Dire Eng fa Mongwe a Batla Gore ke “Ikutswe” le Ene?

“Bana ba bangwe ba ikutswa le mongwe e le fela gore ba bone gore ba tla felela kae le ene le gore ba ka kgona go tlhakanela dikobo le batho ba le kae.”—Penny. *

“Basimane ba bua ka gone ba sa iphitlhe. Ba itlotlomatsa ka kgang ya gore ba na le makgarebe a bone mme gape ba kgona go tlhakanela dikobo le basetsana ba bangwe ba bantsi”—Edward.

“Basimane ba ba neng ba batla gore ke ikutswe le bone ba ne ba bua puo phaa fela. Le fa motho a gana, ga ba ineele!”—Ida.

MO DINAGENG dingwe go bidiwa go ikutswa. Kwa mafelong mangwe go bidiwa ka maina a sele. Ka sekai, kwa Japane, mosetsana mongwe a re go bidiwa go intsha. Akiko a re: “Gape go na le lefoko le go tweng ke sefre, le le kayang ‘tsala ya thobalano.’ Lebaka le le lengwe fela la go bo le le ditsala ke gore lo robalane.”

Le fa go ka tswa go bidiwa ka tsela efe, bokao ke jo bo tshwanang—go tlhakanela dikobo e le fela gore lo ijese monate lo se na maikutlo ape a go itlama kana go ratana. * Basha bangwe e bile ba ikgantsha ka go nna le se go tweng ke “ditsala tse di ba tswang thuso”—ditsala tse ba tlhakanelang dikobo le tsone kwantle ga go nna le maitlamo ape a go ratana le bone. Lekgarebe lengwe la re: “Boikaelelo jo bogolo jwa go ikutswa le mongwe ke fela gore motho a ikgotsofatse ka nakwana. O fiwa se o se batlang, o bo o tswa o tsamaya.”

E re ka o le Mokeresete, o tshwanetse go ‘tshaba kgokafalo.’ * (1 Bakorintha 6:18) E re ka o itse seno, o tla tshwanelwa ke go lwela go tila maemo a a ka go tsenyang mo mathateng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe mathata ke one a go latelelang. Cindy a re: “Kwa sekolong, basimane ba le bantsi ba ile ba nkopa gore ke ikutswe le bone.” Selo se se ntseng jalo se ka direga le kwa tirong. Margaret a re: “Manejara o ne a nkopa gore ke ikutswe le ene. O ne a nkemeletse jaana mo ke neng ka tshwanelwa ke go tlogela tiro!

Ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ke wa gakgamala fa o ikutlwa e kete o tla raelesega. Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Mosetsana mongwe yo o bidiwang Lourdes o fitlhetse seno se le boammaaruri. O dumela jaana: “Ke ne ke rata mosimane yo a neng a nkopa gore ke tlhakanele dikobo le ene.” Jane le ene o ne a ikutlwa jalo. A re: “Maikutlo a me a ne a le maatla. Go gana e ne e le sengwe sa dilo tse di thata seo ke neng ka tshwanelwa ke go se dira.” Edward yo o nopotsweng pelenyana, le ene o a dumela gore go nna o itshekile ga go motlhofo. A re: “Basetsana ba le bantsi ba ne ba batla go tlhakanela dikobo le nna, mme go gana ke selo se se thata go se dira jaaka Mokeresete. “Ga go motlhofo go gana!”

Fa e le gore o kile wa ikutlwa ka tsela e Lourdes, Jane, le Edward ba ikutlwang ka yone mme gone wa tswelela o dira se se siameng mo matlhong a Jehofa Modimo, o tshwanelwa ke go akgolelwa go bo o dirile se se siameng. O ka nna wa kgothadiwa ke go itse gore moaposetoloi Paulo le ene o ne a tshwanelwa ke go lwa ntwa e e sa feleng a lwa le dikeletso tse di sa siamang.—Baroma 7:21-24.

Ke melaometheo efe ya Baebele e o tshwanetseng wa e gakologelwa fa o raelwa gore o tlhakanele dikobo e le fela go ijesa monate?

Itse Lebaka La go Bo go Tlhakanela Dikobo e le go Itlosa Bodutu Fela go sa Siama

Baebele e kgala tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo. Ee ruri, kgokafalo ke boleo jo bo masisi jaana mo e leng gore ba ba e dirang “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Gore o kgone go gana tlhotlheletso ya go tlhakanela dikobo ka boikaelelo jwa go itlosa bodutu fela, o tshwanetse go e leba ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone. O tshwanetse go tlhopha go nna o itshekile mo boitsholong.

“Ke dumela ke sa okaoke gore tsela ya Jehofa ke yone e e molemo thata go di gaisa ya go tshela.”—Karen, Canada.

“Motho o a latlhegelwa tota fa a itlhokomolosa melao ya Jehofa ya boitshwaro ka ntlha ya go ijesa monate wa nakwana fela.”—Vivian, Mexico.

“O gopole gore o ngwana wa mongwe, o tsala ya batho ba le bantsi, le gore o karolo ya phuthego. O tla bo o swabisitse batho bano botlhe fa o ka ineela!”—Peter, Britain.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.” (Baefeso 5:10) Ka go nna le pono e e tshwanang le ya ga Jehofa ka kgokafalo, o tla kgona go ‘tlhoa se se bosula,’ le fa se ka tswa se eletsega go le kana kang.—Pesalema 97:10.

Go akantshiwa gore o bale: Genesise 39:7-9. Ela tlhoko bopelokgale jwa ga Josefa jwa go gana thaelo ya go tlhakanela dikobo le gore ke eng se se mo thusitseng.

Nna Motlotlo Ka se O se Dumelang

Ga se selo se se sa tlwaelegang gore basha ba emele ka motlotlo se ba se dumelang le go se femela. Jaaka Mokeresete, o na le tshiamelo ya go femela leina la Modimo ka go nna sekao se se molemo ka boitshwaro jwa gago. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke tumelo ya gago e e nitameng ka tlhakanelodikobo pele ga lenyalo.

“Itsise ba bangwe go tswa fela kwa tshimologong gore o na le melaometheo ya boitsholo e o e latelang.”—Allen, Germany.

“O se ka wa nna ditlhong ka se o se dumelang.”—Esther, Nigeria.

“Balekane ba gago ga ba ne ba tlotla seemo sa gago sa go sa tlhakanele dikobo fa o bua sengwe se se jaaka, ‘Batsadi ba me ga ba ne ba ntetla gore ke intshe.’ O tshwanetse go bolelela balekane ba gago gore ga o batle go intsha le bone.”—Janet, South Africa.

“Basimane ba ke neng ke tsena sekolo se segolwane le bone ba ne ba itse sentle gore ke motho yo o ntseng jang, ba ne ba itse gore maiteko ape fela a ba a dirang e ne e tla nna go itapisa fela.”—Vicky, United States.

Go emela se o se dumelang ke letshwao la gore o simolola go nna Mokeresete yo o godileng semoyeng.—1 Bakorintha 14:20.

Go akantshiwa gore o bale: Diane 27:11. Ela tlhoko ka fa ditiro tsa gago di ka femelang kgang e e botlhokwa go gaisa tsotlhe ka gone—go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa!

Nna o Nitame!

Go gana go botlhokwa. Mme bangwe ba ka nna ba tsaya gore go gana ga gago “ke go itira fela jaaka e kete ga o kgatlhege.”

“Ba ka tsaya go gana ga gago e le fela gore o a ba leka, le gore o ba beela sekgoreletsi se se sa reng sepe fela, seno se ka dira gore ba go sale sale morago.”—Lauren, Canada.

“Sengwe le sengwe ka wena—se se akaretsang tsela e o aparang ka yone, tsela e o buang ka yone, gore o bua le bomang, le gore o dirisana jang le ba bangwe—go tshwanetse ga supa gore o a gana.”—Joy, Nigeria.

“Nnyaa wa gago o tshwanetse go nna yo o tlhomameng le yo o utlwalang sentle.”—Daniel, Australia.

“Nonofa! Fa mosimane a nkopa go intsha le nna, ke mo raya ke re, ‘Tlosa letsogo la gago mo legetleng la me!’ go tswa foo ke be ke tswa ke tsamaya ke gagamaditse sefatlhego.”—Ellen, Britain.

“O tshwanetse go bua o tlhomame o tlhalose gore ga o na kgatlhego gotlhelele le gore ga o kitla o tsamaya o nna le yone. Eno ga se nako ya gore o nne bonolo!”—Jean, Scotland.

“Mosimane mongwe o ne a nnela go ntshwenya a sa fetse le go ntshotla ka mafoko. Go ne ga tla nako ya gore ke mo menele phatla. E ne ya nna gone a tlogelang go ntlhorontsha.”—Juanita, Mexico.

“O tshwanetse go ba tlhalosetsa ka phepafalo gore ga o ne o go dira. O se ka wa amogela dimpho tse di tswang kwa basimaneng ba ba lekang go go ngoka. Ba ka di dirisa kgatlhanong le wena, gore go nne jaaka e kete o a ba kolota mme jaanong o tshwanelwa ke go ba duela.”—Lara, Britain.

Jehofa o tla go thusa fa o nna o nitame mo go se o se dumelang. Mopesalema Dafide o ile a raya Jehofa jaana, a bua go ya ka se se mo diragaletseng: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pesalema 18:25.

Go akantshiwa gore o bale: 2 Ditiragalo 16:9. Ela tlhoko kafa Jehofa a tlhoafaletseng ka teng go thusa ba dipelo tsa bone di sekametseng kwa go ene.

Nna le Ponelopele

Baebele e tlhalosa jaana: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) O ka dirisa kgakololo eno jang? Ka go nna le ponelopele!

“Kgaogana gotlhelele le batho ba ba buang ka dilo tseno.”—Naomi, Japan.

“Tila go itsalanya le batho ba ba kotsi le maemo a a ka nnang kotsi. Ka sekai, ke itse bangwe ba ba ileng ba ineela ka ntlha ya tlhotlheletso ya bojalwa.”—Isha, Brazil.

“O se ke wa naya mongwe le mongwe tshedimosetso ya gago, e e jaaka diaterese kgotsa dinomore tsa gago tsa founu.”—Diana, Britain.

“O se ka wa itlwaetsa go nna o tlamparelana le ba o tsenang tlelase le bone.”—Esther, Nigeria.

“Ela tlhoko tsela e o aparang ka yone. Diaparo tsa gago ga di a tshwanela go nna tse di gogelang.”—Heidi, Germany.

“Go nna le botsalano jo bo molemo le batsadi ba gago le go bua le bone ka maemo ano go ka go naya tshireletso e e maatla.”—Akiko, Japan.

Sekaseka tsela e o buang ka yone, boitshwaro, ditsala, le mafelo a o tlwaetseng go ya kwa go one. Mme o ipotse jaana, ‘A ke itsenya mo maemong—kgotsa ka go se lemoge ke dira dilo—tse di rotloetsang ba bangwe gore ba batle go tlhakanela dikobo le nna?’

Go akantshiwa gore o bale: Genesise 34:1, 2. Bona kafa morweetsana yo o bidiwang Dina a ileng a nna le diphelelo tse di maswe ka teng ka go ya kwa lefelong le le sa siamang.

Gakologelwa, go “ikutswa” le mongwe ka go tlhakanela dikobo ga se kgang e e sa reng sepe mo go Jehofa Modimo; ka jalo le mo go wena ga ya tshwanela go nna kgang e e sa reng sepe. Baebele ya re: “Ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa . . . yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.” (Baefeso 5:5) Ka go emela se se siameng, o ka kgona go nna le segakolodi se se phepa le go nna o itlotla. Go ntse fela jaaka mosetsana mongwe yo o bidiwang Carly a tlhalosa, “Ke ka ntlha yang fa o itetla go ‘dirisiwa’ ke mongwe gore a ikgotsofatse ka wena ka nakwana?

Go na le metseletsele e le mentsi ya ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” mo atereseng eno ya Web www.watchtower.org/ype Somarela se o se diretseng ka thata gore o nne le sone!”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 7 Mareo ano a ka akaretsa le go dira dilo tse dingwe tse di farologaneng tse di jaaka go tshwaratshwarana le go atlana ka tsela e e tseneletseng.

^ ser. 8 Kgokafalo e akaretsa tlhakanelodikobo, tlhakanelodikobo ka molomo le ka marago, ditiro tsa bosodoma, go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe, le ditiro tse dingwe magareng ga batho ba ba sa nyalanang, tse di akaretsang go dirisa dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Le fa gone tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e ka bonala e itumedisa nama ya rona e e sa itekanelang, ke ka ntlha yang fa e sa siama?

▪ O tla dira eng fa mongwe a ka go kopa gore o ikutswe le ene ka go tlhakanela dikobo?

[Lebokoso mo go tsebe 27]

▪ Baebele ya re motho yo o dirang kgokafalo “o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Seno se boammaaruri ka tsela efe? Leka go bona gore a o ka kgona go akanya ka ditsela dingwe, mme o di kwale fa tlase fano.

․․․․․

Go go loma tsebe: Gore o tle o kgone go araba potso e e fa godimo eno, bona Go Fetolana ka Dikwalo, tsebe 100, le Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 863. Dibuka tseno tsoopedi di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Molaetsa Go Batsadi

“Kwa sekolong mosimane yo ke tsenang tlelase le ene o ne a nkopa gore ke ‘ikutswe’ le ene. Go ne ga ntsaya lobaka go lemoga gore ke eng se tota a se kopang. Ke ne ke na le dingwaga di le 11 fela.”—Leah.

Bana ba umakelwa kgang ya thobalano ba sa ntse ba le bannye tota. Bogologolo tala Baebele e ile ya bolelela pele gore “metlha ya bofelo” e tla bonala ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” mo e leng gore batho e ne e tla nna “ba ba se nang boikgapo” le “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1, 3, 4) Mokgwa ono wa go “ikutswa,” o go buiwang ka one mo setlhogong seno sa basha, ke sekai se le sengwe fela tsa tse dintsi tse di bontshang gore boporofeti jono bo a diragala.

Gompieno lefatshe le farologane gotlhelele le kafa le neng le le ka gone fa o gola. Mme gone, mathata mangwe a lone a tshwana le a fa o ne o gola. Ka jalo o se ka wa ikutlwa o fekeediwa kana go tshosiwa ke tlhotlheletso e e maswe e bana ba gago ba lebanang le yone. Go na le moo, ikemisetse go thusa go dira jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kgothatsa Bakeresete go dira dingwaga di le 2 000 tse di fetileng: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11). Boammaaruri ke gore, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba dira maiteko a a molemo a go dira se se siameng, go sa kgathalesege tlhotlheletso e e bosula e ba lebanang le yone. O ka thusa bana ba gago jang go dira se se tshwanang?

Tsela nngwe ke go dirisa tshedimosetso eno go bula puisano magareng ga gago le morwao kgotsa morwadio. Dikarolo tse di reng “go akantshiwa gore o bale” di na le ditshupiso tse di nang le makwalo a a dirang gore motho a akanye tota. Tse dingwe di na le dikai tsa boammaaruri tsa ba ba ileng ba emela se se siameng mme ba bona masego a go dira jalo kgotsa ba ba ileng ba itlhokomolosa melao ya Modimo mme ba roba matswela a gone. Dikwalo tse dingwe mo karolong ya “go akantshiwa gore o bale” di na le melaometheo e e ka thusang bana ba gago go lemoga tshiamelo e kgolo e bone—le wena—lo nang le yone ya go tshela ka melao ya Modimo. Ke eng fa o sa rulaganye go boeletsa dintlha tseno le bone gone jaanong?

Go tshela go ya ka melao ya Modimo go solegela rona molemo ka metlha. (Isaia 48:17, 18) Go e itlhokomolosa ruri go felela ka matshwenyego. Bagatisi ba Tsogang! ba go eleletsa masego a ga Jehofa fa o ntse o lwela go jalelela melao le melaometheo ya Modimo mo dipelong tsa bana ba gago.—Duteronome 6:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

O tshwanetse go mo tlhalosetsa ka phepafalo gore seo ga o kitla o se dira