Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng

Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng

Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng

JAAKA GO BOLETSE SONIA ACUÑA QUEVEDO

Ke ne ka solofediwa go tlhatlosediwa maemo kwa tirong e ke neng ke e dira kwa bankeng. Go amogela tiro eo go ne go tla kaya gore ke tla bona maemo a a rileng le go okelediwa madi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa tswa go kopiwa go ya go direla kwa phuthegong nngwe e e kgakala go ya go nna modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng. Fa ke akanya ka tshwetso e ke neng ka e dira dingwaga di le 32 tse di fetileng, ke a itse gore ke dirile tshwetso e e botlhale.

MMÈ o ne a godiseditswe mo kerekeng ya Roma Katoliki mme o ne a belaela dithuto tsa kereke. Ee, o ne a ipotsa gore, a ditshwantsho—tse di dirilweng ka diatla tsa batho—di tshwanetse go obamelwa? Boammaaruri bo ne bo le botlhokwa mo go ene, ka jalo o ne a ya kwa dikerekeng di le dintsi tse di farologaneng, a batla dikarabo mme ga a ka a atlega.

Ka letsatsi lengwe fa a ntse a dutse kafa pele ga ntlo ya rona kwa Tuxtla Mexico, a ntse a itumelela pheswana e e monate, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mo etela. E re ka a ne a kgatlhwa ke dikarabo tsa gagwe go tswa mo Baebeleng, o ne a dumela go mmona gape. Fa a boa, o ne a fitlhela mmè a mo letetse le moruti wa Adventist, moruti wa Katoliki le moreri wa kereke ya Nazarene. Mmè o ne a botsa potso e e malebana le Sabata mme e ne e le Mosupi fela yo o neng a mo naya karabo e e kgotsofatsang e e tswang mo Baebeleng. Tota e bile, ke ene fela yo o neng a tshwere Baebele! Ka 1956, dikgwedi di le thataro fela morago ga gore a simolole go ithuta Baebele, o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Nna ke ne ke le dingwaga di le robedi.

Go Tshwenyega Thata ga ga Rre

Rre o ne a sa ganetse Mmè go ithuta Baebele. Mme fa a simolola go ruta rona bana ba gagwe ba le banè—basimane ba le babedi le basetsana ba le babedi—le go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, Rre o ne a senya dikgatiso tsa gagwe. E re ka a ne a dumela gore re a tsiediwa, o ne a leka go dirisa Baebele ya Katoliki go bontsha gore Basupi ba ile ba tsenya leina la Modimo—Jehofa—ka tsietso mo Baebeleng ya bone. Fa Mmè a mmontsha lone leina leo mo Baebeleng ya gagwe, o ne a gakgamala thata mme boikutlo jwa gagwe malebana le Basupi bo ne jwa simolola go fetoga.—Pesalema 83:18.

Kwa Mexico, letsatsi la botsalo la ngwaga wa bo15 la mosetsana ke nako e e kgethegileng. E re ka go keteka malatsi a botsalo e se ga Dikwalo, ke ne ke sa tlhole ke keteka letsatsi la me la botsalo. * Mme Rre o ne a pateletsa go ntirela sengwe se se kgethegileng. Ke ne ka akanyetsa kgang eo mme ka re, “Ke batla gore e nne wena mpho ya me ka go ya le nna kwa kopanong e e latelang ya Basupi ba ga Jehofa.” O ne a dumela mme kgatlhego ya gagwe ka Baebele e ne ya gola.

Bosigo bongwe, morago ga sefefo se segolo, Rre o ne a gobala thata fa a ne a kgoma mogala wa motlakase o o neng o wetse fa fatshe. Fa a ntse a fola kwa kokelong, Basupi ba lefelo la rona ba ne ba mo tlhokomela ka diura di le 24—lorato lwa Bokeresete lo le ka motlha a ka se kang a lo lebala. Moragonyana o ne a simolola go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa mme a ineela mo go Jehofa. Ka maswabi, ka September 30, 1975, kgwedi pele ga a ka kolobediwa, o ne a tlhokafala. A bo re eletsa jang ne go mo tlamparela mo tsogong ya baswi!—Ditiro 24:15.

Tlhotlheletso e e Molemo ya Lelapa

Nkgonne e bong Carmen o ne a sa bolo go tsaya tirelo ya nako e e tletseng e le botlhokwa. Ka bonako fela fa a sena go kolobediwa ka 1967, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha, a dirisa diura di le 100 mo bodireding ka kgwedi. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a fudugela kwa motseng wa Toluca, kwa bogareng jwa Mexico. Nna ke ne ka bona tiro kwa bankeng mme ka kolobediwa ka July 18, 1970.

Carmen o ne a itumelela tirelo ya nako e e tletseng thata mme o ne a nkgothaletsa gore ke ye go dira le ene kwa Toluca. Ke ne ka akanya ka kgang eo letsatsi lengwe fa ke ntse ke reeditse puo e e neng e bontsha gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go dirisa dikhumo tsa bone tsa semoya go galaletsa Modimo. (Mathaio 25:14-30) Ke ne ka ipotsa gore, ‘A ke dirisa sentle dimpho tsa semoya tse ke di filweng?’ Dikakanyo tse di ntseng jalo di ile tsa dira gore ke eletse go direla Jehofa ka botlalo.

Go Tlhopha fa Gare ga Mekgele e Mebedi

Ka 1974, ke ne ka ikwadisetsa go nna modiredi wa mmulatsela kwa nageng e sele. Ka bonako morago ga foo ke ne ka amogela mogala go tswa go mogolwane mongwe wa Mokeresete kwa Toluca. O ne a re: “Re ntse re go letetse. Ke eng fa o ise o tle kwano?” Ke ne ka gakgamala tota fa ke utlwa gore ke ne ke abetswe go ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Toluca mme go bonala fa lekwalo la me la kabelo le ile la latlhega mo posong! (Babulatsela ba ba kgethegileng ba dumela go ya go direla ka nako e e tletseng gongwe le gongwe kwa phuthego ya ga Jehofa e ba kaelang gone.)

Ke ne ka itsise banka ka bonako ka tshwetso ya me ya go tsamaya. Mothapi wa me o ne a bua jaana a mpontsha pampitshana mo seatleng sa gagwe: “Sonia, ema pele. Re sa tswa go itsisiwe gore o mongwe wa basadi ba le supa ba ba tlhophilweng go nna bathusi ba manejara. Khampani ya rona ga ise e ko e neye mosadi ope maemo ao mo nakong e e fetileng. A ga o batle maemo ano?” Jaaka go umakilwe pelenyana, go tlhatlosediwa maemo gono go ne go kaya go amogela madi a a oketsegileng le go nna le maemo. Le fa go ntse jalo, ke ne ka leboga mothapi wa me mme ka mmolelela gore ke dirile tshwetso ya go direla Modimo ka botlalo. O ne a re: “Tsamaya he, mme o se lebale go re, o tla nna o emetswe ke phatlatiro mo bankeng eno.” Malatsi a le mabedi morago ga foo, ke ne ke le kwa Toluca.

Go Nna Mmulatsela yo o Kgethegileng Kwa Mexico

Fa ke ya go bereka le Carmen, o ne a setse a berekile e le mmulatsela yo o kgethegileng dingwaga di le pedi kwa Toluca. A bo re ne ra itumela jang ne go nna mmogo gape! Mme seo se ne sa nna ka nakwana fela. Dikgwedi di le tharo morago ga foo, Mmè o ne a tlhagelwa ke kotsi mme o ne a tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. Morago ga gore re buisane le ba ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa, nna le Carmen re ne ra dumalana gore e nne ene yo o boelang gae go ya go tlhokomela Mmè. O ne a mo tlhokomela ka dingwaga di le 17. Ka nako eo, Carmen e ne e le mmulatsela wa ka metlha, mme o ne a tle a laletse baithuti ba Baebele go tla go ithuta le ene kwa gae, e le gore a kgone go nna gaufi go thusa Mmè.

Ka 1976, ke ne ka abelwa kwa Tecamachalco, motse wa maemo a a sa tshwaneng—bahumanegi ba ne ba nna kafa letlhakoreng le lengwe mme bahumi ba nna kafa go le lengwe. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le mosadi mongwe yo o godileng yo o neng a ise a ko a nyalwe mme a nna le kgaitsadie yo o humileng. Fa a mmolelela gore o batla go nna Mosupi, o ne a mo tshosetsa ka gore o tla mo koba mo ntlong. Le fa go ntse jalo, mosadi yono yo o boikokobetso ga a ka a tshosiwa ke seo, mme fa a sena go kolobediwa, kgaitsadie o ne a mo koba jaaka a ne a solofeditse. Le mororo ka nako eo mosadi yono a ne a le dingwaga di le 86, o ne a ikanya Jehofa ka botlalo. O ne a tlhokomelwa ke phuthego mme a nna a ikanyega go fitlha a tlhokafala.

Go ya Sekolong sa Gileade Mme Morago Kwa Bolivia

Ke ne ka itumelela dingwaga di le tlhano tse di monate kwa Tecamachalco. Morago ga foo ke ne ka amogela taletso ya go ya kwa Sekolong sa Tlaleletso sa Gileade sa ntlha se se neng sa tshwarwa kwa Mexico. Jaaka fa leina la sekolo seno le bontsha, e ne e le sekolo sa tlaleletso se se neng se tshwarelwa kwa New York. Mmè le Carmen ba ne ba gatelela gore ke amogele taletso eo. Ke ne ka e amogela mme ka ya ofising ya lekala kwa Mexico City go ya go nna teng kwa khosong ya dibeke di le lesome, tiragalo e e botlhokwa thata ya dilo tsa semoya mo botshelong jwa me. Tlelase ya rona e ne ya aloga ka February 1, 1981, mme ke ne ka abelwa go ya kwa La Paz, Bolivia mmogo le Enriqueta Ayala (yo gone jaanong e leng Fernández).

Fa re fitlha kwa La Paz, bakaulengwe ba ba neng ba tshwanetse go tla go re tsaya ba ne ba ise ba fitlhe. Re ne ra re, “Ke eng fa re tshwanetse go senya nako?” Ka jalo re ne ra simolola go rerela batho kwa boemafofaneng. Morago ga diura tse tharo tse di monate, re ne ra kopana le bakaulengwe go tswa kwa lekaleng. Fa ba sena go kopa maitshwarelo, ba ne ba re bolelela gore mebila e ne e tletse ka ntlha ya mokete wa khanibale.

Go Neela Bosupi mo Godimo ga Maru

La Paz e dimetara di ka nna 3 625 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle, ka jalo ka malatsi a le mantsi re ne re le kwa godimo ga maru. Moya o o tsididi wa teng o ne a o dira gore go nne thata go hema, mme ke ne ke ikutlwa ke lapile morago ga fetsa nakwana fela mo bodireding. Le fa gone go ile ga ntsaya ngwaga gore ke tlwaele bogodimo jono, masego a ga Jehofa a ne a feta kgakala mathata a ke neng ke na le one. Ka sekai, moso mongwe ka 1984, ke ne ka palama lefelo lengwe le le matlapa la dithaba ke ya kwa ntlong e e kwa godimo ga setlhoa. Ke ne ka kokota mo kgorong ke lapile mme ga tlhaga mosadi mongwe. Re ne ra nna le motlotlo o o monate mme ka mmolela gore ke tla boa gape malatsi a sekae morago ga foo.

O ne a re, “Ga ke dumele.” Le fa go ntse jalo, ke ne ka boa mme mosadi yoo o ne a nkopa gore ke rute morwadie Baebele. Ke ne ka re: “Ke boikarabelo jwa motsadi joo. Mme gone nka go thusa fa e le gore o ka rata gore ke go thuse.” O ne a dumela a bo a dumela go ithuta Baebele. E re ka a ne a sa kgone go bala le go kwala, re ne ra simolola ka bukana ya Go Ithuta go Bala le go Kwala, e e dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa go thusa mo maemong a a ntseng jalo.

Fa nako e ntse e tsamaya lelapa leo le ne la nna le bana ba le robedi. Fa ke ba etela, bangwe ba bana bao ba ne ba dira mokoloko ka diatla tsa bone go nthusa go palama thaba. Kgabagare, lelapa lotlhe le ile la direla Jehofa—rre, mmè le bana ba le robedi. Basetsana ba bararo ba lelapa leno ke babulatsela mme mongwe wa basimane ke mogolwane wa phuthego. Fa rre wa lone a ne a tlhokafala ka 2000, e ne e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. A bo ke itumela jang ne fa ke akanya ka lelapa leno le lentle le tsela e le ikanyegang ka yone! Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntetla gore ke ba thuse.

Nna le Carmen re Mmogo Gape

Fa Mmè a sena go tlhokafala ka 1997, Carmen o ne a lalediwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng gape. Ka 1998 o ne a abelwa kwa Cochabamba, Bolivia, kwa ke neng ke direla gone. Ee, morago ga dingwaga di le 18 re ne re le mmogo gape, mme Carmen o ne a dirwa morongwa. Re ne ra nna le nako e e monate thata kwa Cochabamba, kwa maemo a teng a bosa a neng a le monate, mo e leng gore go ne go twe, dipeolwane ga di ke di tloga gone! Gone jaanong re mo Sucre, Bolivia, motse o montle wa baagi ba le 220 000, o o mo mokgatsheng o o mo dithabeng. Motse ono o kile wa bo o bidiwa Vatican e Nnye ka gonne o ne o na le dikereke di le dintsi tsa Katoliki, mme gone jaanong motse ono o na le diphuthego di le tlhano tsa Basupi ba ga Jehofa.

Fa nna le Carmen re kopanya dingwaga tsa rona re ile ra nna babulatsela ka dingwaga di feta 60 mme re ile ra itumelela tshiamelo ya go thusa batho ba ba fetang lekgolo gore ba kolobediwe. Ee, ga go na pelaelo gore go direla Jehofa ka moya otlhe ke tsela e e molemolemo ya botshelo!—Mareko 12:30.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Malatsi a botsalo a le mabedi fela a a umakiwang mo Dikwalong e ne e le a baheitane mme ga go buiwe sentle ka one. (Genesise 40:20-22; Mareko 6:21-28) Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le kgothaletsa batho go abelana dimpho go tswa pelong, e seng ka ntlha ya tlwaelo ya tikologo kgotsa ka ntlha ya go gatelelwa ke balekane.—Diane 11:25; Luke 6:38; Ditiro 20:35; 2 Bakorintha 9:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke ne ke palamela mo lefelong la dithaba go ya go ithuta le lelapa leno

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke le mo bodireding le nkgonne e bong Carmen (kafa mojeng)