Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Ithuta Puo e Nngwe!

O ka Kgona go Ithuta Puo e Nngwe!

O ka Kgona go Ithuta Puo e Nngwe!

“Ga nkake ka ananya maitemogelo a ke nang le one ka sepe,” go ne ga bolela jalo Mike. Phelps ene o oketsa jaana, “E nnile nngwe ya ditshwetso tse di molemo thata mo botshelong jwa me.” Botlhe bano ba bua ka kgwetlho e ba e tsereng ya go ithuta puo e nngwe.

MO DINAGENG dingwe go ralala lefatshe, palo e e golang ya batho e ithuta dipuo tse disha ka ntlha ya mabaka a a farologaneng—bangwe ke mabaka a botho, bangwe a akaretsang madi, mme ba bangwe ke mabaka a bodumedi. Tsogang! e botsoloditse batho ba le mmalwa ba ba ithutang dipuo tse dingwe. Gareng ga dipotso tse di boditsweng ke, Go ntse jang go ithuta puo e nngwe fa o setse o le mogolo, le gore ke eng se se ka thusang motho gore a kgone go ithuta? Kgang e e latelang e ikaegile ka ditshwaelo tsa bone. O tla fitlhela dintlha tsa bone di kgothatsa e bile di ka go tswela molemo, bogolo jang fa e le gore o ithuta puo e nngwe kgotsa o akanyetsa go ithuta yone. Ka sekai, ela tlhoko dinonofo dingwe tse di botlhokwa tse ba ba neng ba botsolotswa ba reng di botlhokwa thata gore motho a kgone go bua puo e nngwe sentle.

Bopelotelele, Boikokobetso, le go Fetofetoga le Maemo

Le fa bana ba kgona go ithuta dipuo di ka nna pedi kgotsa go feta ka nako e lengwe—gantsi e le ka go di utlwa di buiwa fela—bagolo bone gantsi ba go fitlhela go le thata go ithuta puo e nngwe. Lebaka lengwe ke gore, ba tlhoka go nna pelotelele gonne go ithuta puo e nngwe go ka tsaya lobaka lo loleele. E re ka ba nna ba tshwaregile ka dilo dingwe, seno se kaya gore ba tshwanelwa ke go beela dilo dingwe kwa morago.

“Boikokobetso bo a tlhokega,” go rialo George. “Fa o ithuta puo, o tshwanetse go ikemisetsa go bua jaaka ngwana mme mo maemong a mangwe o tshwanetse go lebelela go tsewa jaaka ngwana.” Buka ya How to Learn a Foreign Language ya re: “O tshwanetse go tlogela go itseela kwa godimo le go tshwenyega ka seriti sa gago fa e le gore ruri o batla go tswelela pele.” Ka jalo o se ke wa itsaya masisi thata. Ben o tlhalosa jaana: “Fa e le gore ga o nke o dira diphoso, go raya gore ga o dirise puo e ntsha eno ka botlalo.”

O se ke wa tshwenyega fa ba bangwe ba tshega diphoso tse o di dirang—go na le moo, tshega le bone! Tota e bile, letsatsi lengwe o tla bo o ba tlotlela dikgang tse di tshegisang ka dilo tse o neng o di bua fa o ne o ithuta puo eo. E bile o se ka wa tshaba go botsa dipotso. Go tlhaloganya gore ke goreng selo sengwe se buiwa ka tsela nngwe go thusa motho go gopola.

E re ka go ithuta puo e nngwe gantsi go raya gore o tla ithuta le setso sa yone, go a thusa gore o fetofetoge le maemo, o nna o iketleeleditse go amogela dikakanyo tse disha. Julie a re: “Go ithuta puo e nngwe go nthusitse go lemoga gore go na le tsela e e fetang e le nngwe ya go leba dilo le go di dira.” Mme “go leba le go dira dilo ka tsela e e rileng ga go botoka go feta tsela ya ba bangwe—ke fela gore ditsela tseo di farologane.” Jay o gakolola jaana, “Lwela go dira ditsala le batho ba ba buang puo eo, mme o itumelele go nna le bone.” Gone ke boammaaruri, Bakeresete ba tla tlhomamisa gore ditsala tseo ke batho ba ba siameng ba ba dirisang puo e e siameng. (1 Bakorintha 15:33; Baefeso 5:3, 4) Jay o oketsa jaana: “Fa ba bona gore o a ba kgatlhegela, o kgatlhegela dijo tsa bone, mmino wa bone, jalo le jalo, ka tlholego fela ba tla go atamela.”

Fa o dirisa nako e ntsi o ithuta puo eno, tota le go e dirisa, o tla gatela pele ka bonako. George o akgela jaana, “re nna le bokgoni jwa go bua puo e e rileng ka tsela e e tshwanang le e kgogo e jang ka yone—thoro ka thoro. Dithoro tse dinnye tseno ga di dintsi ka botsone, mme di nna di oketsega fa di kopana.” Bill, yo e leng morongwa yo o ithutileng dipuo di le mmalwa, a re, “ke tsamaya ke tshotse lethathama la mafoko gongwe le gongwe kwa ke yang gone ke bo ke nna ke bala fa ke na le metsotso e le mmalwa.” Ba le bantsi ba fitlhetse gore go ipha nako e khutshwane ya go ithuta ka metlha go botoka thata go na le go ipha nako e ntsi ya go ithuta mme e se ka metlha.

Go na le dilo di le dintsi tse di ka thusang batho go ithuta puo e sele, dilo tseo di akaretsa dibuka, dilo tse di rekotilweng, di-flash card, le tse dingwe tse dintsi. Le fa go na le dilo tseno, batho ba le bantsi ba go fitlhela go le molemo thata go ithuta ba le setlhopha jaaka mo tlelaseng. Dirisa mokgwa le fa e le ofe o o go solegelang molemo. Mme gone, gopola gore o ka se kgone go ithuta puo e sele kwantle ga go tsaya matsapa le go nna boitshoko. Mme gone go na le ditsela tse di ka dirang gore go ithuta go nne bonolo le go nna monate. Nngwe ya ditsela tseno ke go itlwaelanya le puo le setso sa yone.

George a re: “Fa o sena go itse mafoko a sekae a motheo le go itse bonnyane mafoko a o ka simololang motlotlo ka one go ka nna molemo gore o etele naga e go nang le batho ba ba buang puo eo gone.” Barb o dumelana jaana: “Go etela kwa nageng e nngwe go go thusa gore puo e kgone go nwelelela mo go wena.” Sa botlhokwa le go feta, go nna mo tikologong eo go go thusa gore o kgone go akanya ka puo eno. Gone ke boammaaruri, go ka direga gore batho ba le bantsi ba se ka ba kgona go ya kwa nageng nngwe. Mme le fa go ntse jalo go ka nna le ditshono mo lefelong la gaeno moo o ka kgonang go gatela pele teng ka go ithuta go le gontsi ka puo eno le setso sa yone. Ka sekai, go ka tswa go na le dikgatiso tse di amogelesegang le tse di siameng kgotsa seteishene sa radio kgotsa mananeo a thelebishene ka puo e o ithutang yone. Batla batho ba ba buang puo eno sentle mo lefelong la gaeno mme o bue le bone ka yone. Buka ya How to Learn a Foreign Language e akgela jaana: “Kwa bofelong go ikatisa ke molao o le nosi o o botlhokwa o o ka go thusang gore o gatele pele.” *

Fa e le Gore ga o Bone Diphetogo

Fa o ntse o ithuta puo e sele, ka dinako dingwe o tla bona e kete o eme golo go le gongwe—e kete ga go bonale kgatelopele. Ke eng se o ka se dirang? Sa ntlha, ikgopotse mabaka a kwa tshimologong a dirileng gore o batle go ithuta puo eno. Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ithutile puo e nngwe e le gore ba tle ba kgone go thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele. Go akanya ka mekgele le maikaelelo a gago a kwa tshimologong go ka nonotsha boikaelelo jwa gago.

Sa bobedi, ipeele ditsholofelo tse o ka di kgonang. Buka ya How to Learn a Foreign Language e akgela jaana: “O ka se kgone go bua puo e sele go feta beng ba yone. Boikaelelo jwa gago ga se go e bua go feta beng ba yone. O batla fela gore batho ba go tlhaloganye fa o bua.” Ka jalo, go na le gore o hutsafadiwe ke gore ga o kgone go e bua ka bokgeleke jaaka fa o bua puo ya gaeno, tlhoma mogopolo mo go bueng ka tsela e e utlwalang o dirisa se o setseng o se ithutile.

Sa boraro, ipeele dilo tse o ka lekanyang kgatelopele ya gago ka tsone. Go ithuta puo e nngwe go tshwana le go leba tlhaga fa e gola—ga o e bone fa e gola, mme letsatsi le letsatsi e ya kwa godimo. Ka tsela e e tshwanang, fa o leba kwa morago fa o ne o simolola, ga go pelaelo gore o tla bona kgatelopele e o e dirileng. Tila go bapisa kgatelopele ya gago le ya ba bangwe. Molaomotheo o o molemo o o ka go thusang o fitlhelwa mo Baebeleng mo go Bagalatia 6:4. O a re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”

Sa bonè, tsaya kgatelopele eo e le selo se se go tlhokang nako le matsapa a magolo mme gone e le se se tla go solegelang molemo mo nakong e e tlang. Akanya ka seno: Ngwana wa dingwaga tse tharo kgotsa tse nnè, o kgona go bua sentle go le kana kang? A o dirisa mafoko a a raraaneng le puo e e sa utlwaleng? Le e seng! Le fa go ntse jalo o kgona go tshwara motlotlo le ba bangwe. Ee ruri, tota le mo ngwaneng, go ithuta puo e nngwe go tsaya dingwaga di le mmalwa.

Sa botlhano, bua puo eno gantsi ka mo go kgonegang ka teng. Ben a re: “Go bonala ke ema golo go le gongwe fela fa ke sa dirise puo e ke ithutang yone ka metlha.” Ka jalo tswelelapele o e dirisa. Tlotla, tlotla, tlotla! Ka tlholego fela, o ka betwa ke pelo fa o re o leka go bua go bo go nna jaaka e kete go bua ngwana yo monnye. Mileivi o akgela jaana: “Selo se se thata le go feta mo go nna ke go se kgone go bua se ke batlang go se bua ka nako e ke batlang ka yone.” Mme gone go betwa ke pelo gono go ka go thusa gore o itshoke. Mike ene o gopola jaana: “Ke ne ke tlhoile thata go nna mo seemong sa go sa tlhaloganye dikgang tse di tlotliwang le metlae e e dirwang. Ke akanya gore maikutlo ano ke one a ntlhotlheleditseng gore ke dire ka natla gore ke fete seemo seo.”

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Gone

Ke eng se ba ba setseng ba bua puo eo ba ka se dirang go thusa motho yo o ithutang? Bill, yo go builweng ka ene pelenyana o gakolola jaana: “Bua ka iketlo mme o bue sentle, o se ka wa bua puo ya masea.” Julie a re, “Nna pelotelele, mme o se ke wa thusa moithuti ka go mo feleletsa diele.” Tony o gakologelwa jaana: “Batho ba ba kgonang go bua dipuo tse pedi ba ne ba bua le nna ka puo ya me. Mme tota seno se ne sa diegisa kgatelopele ya me.” Ka gone, baithuti bangwe ba ne ba kopa ditsala tsa bone gore di bue le bone ka puo e ba e ithutang fela ka dinako dingwe le gore ba ba bontshe gore ke dilo dife tse ba tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone. Baithuti gape ba itumelela batho ba ba ba akgolang go tswa pelong ka maiteko a ba a dirang. Jaaka George a tlhalosa, “Nka be ke sa kgona fa e ne e se ka lorato le kgothatso tse ke di bontshitsweng ke ditsala tsa me.”

Ka jalo, a go ithuta puo e nngwe go na le melemo ya gone? “E ruri!” go araba jalo Bill, yo o umakilweng pelenyana gore o kgona go bua dipuo di le mmalwa. “Go dirile gore ke nne le pono e e atologileng ka botshelo gape go nthusitse gore ke lebe dilo ka tsela e nngwe. Bogolo segolo, go kgona go ithuta Baebele le batho ba ba buang dipuo tseno le go bona ba amogela boammaaruri le go tswelela pele semoyeng tota go feta kgakala matsapa ape a motho o a tsereng go ithuta dipuo tseno. Tota e bile, motho yo o itseng dipuo di le 12 o ne a nthaya a re: ‘Ke a go galela. Nna ke ithuta dipuo e le fela go itlosa bodutu; wena o ithuta tsone e le gore o tle o thuse batho.’”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bona Tsogang! ya January 8, 2000, ditsebe 12-13 (ka Seesemane).

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Keletso ya go thusa ba bangwe e ka go rotloetsa thata gore o kgone go ithuta puo e nngwe