Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tiragalo E e Sa Tshwanelang go go Tlola

Tiragalo E e Sa Tshwanelang go go Tlola

Tiragalo E e Sa Tshwanelang go go Tlola

“Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Mafoko ao a Morena wa rona Jesu Keresete, a a mo go Luke 22:19, o ne a a bua fa a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe. Ke loso lwa ga Jesu lo lo ileng lwa dira gore batho ba nne le tshono ya go ka bona botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a Paradaise. Ka jalo loso lwa gagwe ke sengwe se re tshwanetseng ra se gopola.

A o tla nna gone kwa Segopotsong monongwaga?

Tsweetswee, amogela taletso eno e e tswang go Basupi ba ga Jehofa ya gore o kopanele le bone mo go gopoleng tiragalo eno e e botlhokwa. Segopotso seno se tla tshwarwa fa letsatsi le sena go phirima ka letlha le le tsamaisanang le Nisane 14 mo khalendareng ya Baebele. Monongwaga letlha leo ke Mantaga, April 2. Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ba ka go bolelela lefelo le nako e tiragalo eno e tla tshwarwang ka yone.